LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/93 ts. 12
  • Tlhokomela Kgatlhego e e Bonweng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhokomela Kgatlhego e e Bonweng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dirang Dipoelo ka Boipelo Go ya Go Thusa Batho ba ba Kgatlhegang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Maeto A go Boela a a Motlhofo Le a A Nang le Matswela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Dirisang Buka ya Go Fetolana ka Nako ya Fa lo Dira Maeto a go Boela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Thusa ba Bangwe Gore ba Ithute Kaga Jesu Keresete, Morwa Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 10/93 ts. 12

Tlhokomela Kgatlhego e e Bonweng

1 Fa re tsamaisa dimakasine tsa rona le dikgatiso tse dingwe tsa puso ya Modimo, re a bo re anamisa molaetsa oo Jesu Keresete a neng a o bolela. Ka gone he re tshwanetse go dira boiteko jo bo kgethegileng jwa go boela mongwe le mongwe yo o bontshang kgatlhego.

2 Ka dinako tse dingwe mong wa ntlo o ka nna a batla gore la ntlha a bale dimakasine pele a dira tshwetso ya gore a o batla go dira peeletso kana nnyaa. Fa e le gore o ne wa gatelela setlhogo se se rileng mo makasineng wa Tsogang! se se neng sa kgatlha mong wa ntlo thata, batla dintlha tse di oketsegileng mo setlhogong seo fa o boela, motlotlo wa gago o ikaege mo lokwalong longwe lwa konokono gongwe mo serapeng se le sengwe fela kana di le pedi. Fa a tswelela pele a bontsha kgatlhego, tlhomolola ntlha ya gore Tsogang! e solegela lelapa lotlhe molemo. Tokokololo nngwe le nngwe e bolela ka dikgang tse di farologaneng, tse di jaaka tikologo, go itokafatsa, go lebana le mathata a gompieno, le dipotso tse di amang basha. Mo tlhalosetse gore a ka e bona ka peeletso le gore o tla amogela ditokololo di le 12 mo nakong ya dikgwedi di le 12 ka moneelo wa R9,50.

3 Re ka reng fa e le gore mong wa ntlo ga a kgatlhegele epe ya ditlhogo tse di mo tokololong ya bosheng jaana ya Tsogang!? Go na le gore o kgaotse motlotlo le ene, o ka nna wa sola sebaka seno molemo ka go ruta mong wa ntlo mo go oketsegileng ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa o dirisa tshedimosetso e e mo tsebeng 59 ya buka ya Go Fetolana.

4 Fa e le gore o ne o tsamaisitse tokololo ya “Tora ya Tebelo” mo nakong e e fetileng o dirisa 2 Timotheo 3:1-5 le go gatelela tshedimosetso e e mo tsebeng 2 ya makasine ono, fa o boela o ka nna wa bolela sengwe se se tshwanang le seno:

◼ “Fa re ne re tlotla mo nakong e e fetileng, re ne ra buisana gore tota se se re diragalelang mo lefatsheng gompieno se kaya eng. Batho ba bantsi go lebega ba sa tlhole ba na le kgatlhego mo Modimong le mo melaometheong ya gagwe ya go tshela jaaka re e neetswe mo Bibeleng. Seno se ile sa ama thata tsela e batho ba ikutlwang ka yone ka ba bangwe, jaaka go tlhalositswe mo lokwalong lwa ga 2 Timotheo 3:1-5. A o akanya gore go na le lebaka le le utlwalang la go solofela maemo a a botoka mo isagweng?” Fa o sena go mo letla gore a akgele, o ka nna wa dira gore a tlhokomele 2 Petere 3:13. Go tswa foo bula ditsebe 85-90 mo bukeng ya Go Fetolana, o bo o gatelela se Bogosi bo tla se direlang batho.

5 Fa o boela, o ka nna wa lemoga gore mong wa ntlo o okaoka go dira peeletso ya dimakasine. O ka nna wa batla go leka mokgwa ono gore o simolole tselana ya dimakasine:

◼ “Ke ne ke ka itumela thata go tsena fano ke go tlisetsa ditokololo tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! nako le nako morago ga dibeke tse pedi. A o ka rata gore ke dire jalo?” Fa mong wa ntlo a dumela, tlhomamisa gore o kwala tshedimosetso yotlhe o bo o boela kwa go ene nako le nako morago ga dibeke tse pedi ka boikanyegi. Mo mabakeng a mangwe, ka ntlha ya sekgala se setelele kana mathata a mangwe, o ka nna wa akantsha gore o mmoele gangwe fela ka kgwedi o tla o tshotse ditokololo di le tharo. Tselana ya dimakasine ke tsela e e molemolemo ya go dira gore batho ba ba ka tswang ba na le dipelaelonyana ka Basupi ba ga Jehofa ba nne le tsholofelo. Gantsi ditselana tsa dimakasine di ile tsa felela ka gore go nne le dithuto tsa Bibela tse di molemo.

6 E kete re ka leka ka bojotlhe jwa rona gore re boele kwa go botlhe ba ba bontshang kgatlhego mo boammaaruring mme re ba thuse go tsena mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.—Yoh. 4:23, 24.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela