A o Fetolana le Batho ka Dikwalo?
1 Lesole le le katisitsweng sentle fa le ya ntweng le tla itlhomela ka dibolao le bo le itshireletsa. Moagi yo o setswerere fa a ipaakanyetsa go aga kago e kgolo o tla tsaya didirisiwa tse a di tlhokang gore a fetse tiro eo. Motlhanka wa ga Jehofa yo o mo bodiheding jwa tshimo o tsamaya a tshwere “chaka” ka seatla mme o e kgatikanya ka botswerere fa go ka tlhokafala gore a dire jalo. (Baef. 6:17) A go ntse jalo ka wena ka namana? Fa o nna le seabe mo tirelong, a o dira gore Lefoko la Modimo e nne lone le buang gore moya o o boitshepo o kgone go ama dipelo tsa batho ba ba go reeditseng?—Dia. 8:1, 6.
2 Ga se gore go rera go motlhofo ka dinako tsotlhe. Mo ditshimong tse dingwe ga se gantsi o ka fitlhela batho mo gae, mme bao o ba fitlhelang mo gae gantsi ba a bo ba tshwaregile, ba sa go neele sebaka sa go tlotla mo go oketsegileng ka Bibela. E re ka Bibela e le buka ya rona e kgolo, re ka e dirisa jang ka botlalo mo tirelong re bo re letla molaetsa wa yone o o tlhotlheleditsweng go tlhotlheletsa batho ba ba re reeditseng?
3 Mo Sebakeng Sengwe le Sengwe: Re tla rata go dirisa Bibela mo ntlong nngwe le nngwe gore re tle re ame maikutlo a mong wa ntlo. Re tshwanetse go ipaakanyetsa go dira seno go sa kgathalesege gore ke kgatiso efe e re e tsamaisang. Fa e le gore motho o tshwaregile mme ga go na nako e e lekaneng ya gore o mmulele Bibela le go mmalela temana e le nngwe kana di le pedi, a o ka umaka lokwalo longwe kana wa le tlhalosa ka mafoko a gago pele o ka tsamaisa buka? Seo fela se ka nna sa dira gore motho a eme mme a reetse.—Baheb. 4:12.
4 Ka sekai, fa o tsamaisa Tsogang! ya December 8, 1993 e e nang le setlhogo se se reng “Lefatshe Le Le Senang Malwetsi,” e ka re fa o sena go mmontsha setshwantsho se se kafa ntle, wa bo o mmotsa o re, “A o dumela gore malwetsi a tla tsamaya a fela, nako eo mongwe le mongwe a tla ipelelang botsogo jo bontle?” Go sa kgathalesege gore motho o araba ka tsela efe, o ka nna wa kgona go bala ka tlhamalalo go tswa mo Bibeleng ya gago kana wa tlhalosa lokwalo longwe ka mafoko a gago, jaaka Isaia 33:24 kana Tshenolō 21:4. Ka tsela eno o dira gore Lefoko la Modimo e nne lone le ipuelelang.
5 Mo Maetong a go Boela: Pele ga re dira maeto a go boela, re tshwanetse go ipaakanyetsa. Lefa go ntse jalo, gantsi ditlhogo tse re sa ipaakanyetsang gore re tla buisana ka tsone di ka nna tsa tlhaga. Ke nako e mo go yone buka ya Go Fetolana ka Dikwalo e ka itshupang e le sedirisiwa sa botlhokwa. Fa re dirisa buka ya Go Fetolana go nopola kana go bala mo go yone dikwalo tse di tshegetsang kgang nngwe re tla thusa batho go bona gore re badihedi ba Modimo mme e seng ba ba bapalang ka Lefoko.—2 Bakor. 2:17.
6 Fa o boela kwa go bao o neng o sa tlogela kgang epe eo lo tla buang ka yone, o ka nna wa bula fela buka ya Go Fetolana mo setlhogong se se tshwanelang, jaaka sa “Jesu Keresete,” “Metlha ya Bofelo,” kana “Tsogo,” o bo o dirisa nngwe ya ditlhogwana tseno go simolola motlotlo. O ka nna wa kopa beng ba matlo go bala dingwe tsa dikwalo go tswa mo Bibeleng ya bone. Ka tsela e e ntseng jalo Bibela e tla ba itumedisa le go ba tswela molemo, mme moya wa ga Jehofa o o boitshepo o tla elela fela fa e le gore ba rata tshiamo.
7 Boikarabelo jwa rona jwa go rera mafoko a a molemo le go tlhagisa ba ba bosula ke jo bo masisi. Ke molaetsa wa ga Jehofa, e seng wa rona. Letla gore Lefoko la gagwe, e leng tšhaka ya moya, le go thuse.