Dipokano Tsa Tirelo ka November
Beke E E Simololang ka November 1
Pina 5
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Akgolela baboledi go bo ba na le seabe mo tirong ya go rera ya Bogosi.
10 mets: “Ditoro,” mo bukeng ya Go Fetolana, ditsebe 152-3. E tshwanetse ya tshwarwa e le motlotlo le moithuti wa Bibela. Moithuti o botsa gore a go ka ne go tshwanetse gore re laolwe ke ditoro tsa rona. Tlotla kafa seno se leng kotsi ka gone, kafa go ka re wetsang mo serung sa gore re akanye jaaka lefatshe le mo badimoneng. Bontsha kafa go leng botlhokwa ka gone go laolwa ke melaometheo ya Lefoko la Modimo.
10 mets: Dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lona kana “Puisano—Ga Se Go Bua Fela.” Puo e e theilweng mo ditlhogong tsa Tora ya Tebelo ya August 1, 1993, ditsebe 3-8.
15 mets: “Mosola wa Bibela mo Lefatsheng la Gompieno.” Motlotlo ka molebedi wa tirelo le mmoledi yo o eletsang go tokafatsa tsela ya gagwe ya go bua mo tirong ya ntlo le ntlo. Fa ba sena go sekaseka serapa 3, molebedi wa tirelo o kopa mmoledi gore a leke puisano e e akantshitsweng ke molebedi wa tirelo yo ene a tla direlang jaaka mong wa ntlo. Fa ba sena go sekaseka serapa 4, molebedi wa tirelo ke ene a neelang puisano e a neng a e akantsha mmoledi. Kgothaletsa phuthego gore ba thuse batho ba ba kgatlhegang le baithuti ba Bibela go itumelela mosola wa New World Translation.
Pina 52 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka November 8
Pina 7
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dira pontsho ya go buisana ka dimakasine tsa bosheng, o bontsha setlhogo se se ka dirisiwang mo tirelong ya tshimo mo mafelobekeng ano. Dira gore ba sekaseke setlhogo se se reng “Kgwedi E E Kgethegileng ya Tirelo ya Tshimo” mo tsenyeletsong, mme o kope botlhe gore ba sekaseke ka tlhoafalo gore a ba ka kgona go oketsa tirelo ya bone ya tshimo ka December jaaka babulatsela ba ba thusang kana ka go dira le babulatsela.
15 mets: “Buka E E Neelang Kaelo ya Boammaaruri.” Setlhogo se se sekasekiwang ka dipotso le dikarabo. Dira pontsho ya loeto lwa go boela e e bontshitsweng mo serapeng sa 3. Kgothaletsa botlhe gore ba bontshe tlhagafalo fa ba bua le batho kaga mosola wa Bibela mo tirong ya ntlo le ntlo le fa re dira maeto a go boela.
20 mets: “Basha—Ipediseng Pelo ya ga Jehofa.” Mogolwane o tlotla dirapa 1-18 le baboledi ba basha ba ba kolobeditsweng ba le babedi kana ba le bararo. Gatelela melemo e basha ba e bonang fa ba tlhoma sekao se se molemo le mosola wa ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . . ” Fa nako e letla lo bale dikwalo.
Pina 80 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka November 15
Pina 73
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona, go akaretsa le tsa madi le meneelo e e amogetsweng. Akgola phuthego go bo e thusa phuthego ya lona ka madi le go tshegetsa Letlole la Diholo tsa Bogosi la Mokgatlho le tiro ya Mokgatlho ya lefatshe lotlhe. Bolela dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo tsa malatsi a boikhutso a a tlang.
15 mets: “Go Tlhokomela Dilo Tse Batho Ba Ba Sa Utlweng mo Ditsebeng Ba Di Tlhokang Semoyeng.” Dipotso le dikarabo. Fa e le gore ga go na maloko a phuthego a a sa utlweng mo ditsebeng, ba bontshe ntlha ya gore ga ba a tshwanela go tlhokomologa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba ka ba fitlhelang mo tshimong.
20 mets: “Basha—Ipediseng Pelo ya ga Jehofa.” Go sekasekiwa dirapa 19-33 tsa tsenyeletso ka dipotso le dikarabo. Botsolotsa mmoledi yo o sa leng mmotlana a le mongwe fela kana ba le babedi. Ba akgele mabapi le kafa phuthego e neng ya ba thusa ka gone gore ba tswelele pele semoyeng.
Pina 90 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka November 22
Pina 74
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikgang tsa Puso ya Modimo. Kgothaletsa botlhe go dirisa dimakasine tsa bosheng mo go neeleng bosupi mo mafelobekeng ano.
15 mets: “Thusa Baithuti ba Bibela Gore Ba Ipaakanyetse Thuto ya Bone.” Dipotso le dikarabo. Bala dirapa fa nako e letla.
20 mets: “A O Fetolana le Batho ka Dikwalo?” Se sekasekiwa ke mokaulengwe yo o gatetseng pele mo tirong ya ntlo le ntlo le mo maetong a go boela ka dipotso le dikarabo. Fa o sena go sekaseka 4, dira pontsho ya fa mmoledi mongwe a buang lokwalo longwe ka mafoko a gagwe kana a buang dintlha tsa lone fela fa mong wa ntlo a tshwaregile. Morago ga pontsho, gatelela gore go botlhokwa go latela kakantsho eno fa re ntse re leka go “rera lehoko” mo tshimong e ka metlha batho ba nnang ba tshwaregile kana ba tshwenyegile ka dikgang tsa letsatsi le letsatsi. (2 Tim. 4:2) Fa o sena go sekaseka serapa 6, bitsa mmoledi yo o boneng matswela ka buka ya Go Fetolana gore a bolele kafa a e dirisang ka teng mo go neeleng bosupi.
Pina 108 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka November 29
Pina 83
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Kgothaletsa bao ba ka kgonang go nna babulatsela ba ba thusang gore ba dire jalo ka December.
15 mets: “Bibela—Kaelo E E Ka Thusang Batho Ba Segompieno.” Puo ka tlhogo ya lelapa mo setlhogong sa Tora ya Tebelo ya May 1, 1993. Gatelela gore go dirisa melaometheo ya Bibela go ka rotloetsa maemo a lelapa a kagiso, le a go nang le lorato. Kopa bareetsi bangwe ba ba ipaakanyeditseng gore ba ntshe kakgelo e le nngwe fela kana di le pedi tse di bontshang kafa kgakololo e e tswang mo Lefokong la Modimo e neng ya ba thusa mo lapeng ka gone kana ya thusa bone ka bobone.
20 mets: Go Dirisa Buka ya Monna Yo Mogolo go Thusa Batho ba Sekadinku ka December. Motlotlo le bareetsi. Botsa dipotso tse di tshwanang le tseno: Ke polelo efe e e buang ka bodihedi jwa ga Jesu kana tsela e a neng a dirisana le ba bangwe ka yone e o e ratileng thata? Ke ka ntlha yang fa polelo eno o e ratile? Kgatiso eno e go solegetse molemo ofe? O ithutileng eng kaga Jehofa fa o ntse o e ithuta? Ke dintlha dife tse o neng wa di bontsha fa o e tsamaisa? Dira gore mmoledi mongwe yo o nang le boitemogelo a dire pontsho ya go tsamaisa buka eno. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe mo tirelong ya tshimo ka Sontaga.
Pina 94 le thapelo e e konelang.