Tswelelang Pele lo Tsamaya ka Thulaganyo ya ka Metlha e e Manontlhotlho
1 Moaposetoloi Paulo o ne a rata phuthego ya Filipi e a neng a nna le seabe mo go e tlhomeng ka tsela e e kgethegileng. O ne a lebogela dilo tse di bonalang tse ba neng ba di mo naya ka bopelontle mme o ne a bua ka bone jaaka batho ba ba tlhomang sekao se se molemo.—2 Bakor. 8:1-6.
2 Paulo o ne a kwalela Bafilipi ka go bo a ne a ba rata thata. Buka ya Insight, Bolumo 2, tsebe 631 e bolela jaana: “Mo lekwalong lotlhe o kgothatsa phuthego ya Bafilipi gore e tswelele pele ka mokgwa wa yone o montle—ba senka botlhale jo bogolo ka go ngaparela Lefoko la botshelo, ba boloke tumelo e e nonofileng le tsholofelo ka se ba tla se amogelang.” Ba ne ba arabela ka tsela e e lorato, ba nonotsha lorato lo ba ratanang ka lone le moaposetoloi yono. Mafoko a ga Paulo a re ama ka tsela e e kgethegileng gompieno, a dira gore re akanyetse kgakololo ya gagwe ka kelotlhoko, segolobogolo se a se buileng mo go Bafilipi 3:15-17, NW.
3 Go Botlhokwa go Nna le Maikutlo A A Itekanetseng: Mo go Bafilipi 3:15, Paulo o ne a kwala jaaka motho yo o nang le boitemogelo jwa dingwaga di le dintsi. O ne a lemoga gore Bafilipi ba tswelela pele semoyeng, a bua le bone jaaka Bakeresete ba ba godileng semoyeng ba ba nang le maikutlo a a siameng. Fa fela maikutlo a bone e ne e le a a supang gore ba na le boikokobetso le kanaanelo e Jesu a neng a na le yone, ba ne ba tla nna “ba ba senañ molato, ba le bokgwabo, [ba] le bana ba Modimo ba ba senañ bogōlè . . . , [ba] nntse ba ntshitse lehoko ya botshelō ka lecōgō.” (Bafil. 2:15, 16) Fa re bala mafoko a ga Paulo, re tshwanetse go ikutlwa e kete o bua le rona. Ka jalo re eletsa thata go nna le mogopolo wa ga Jesu mme re batla go supa gore re anaanela ditshiamelo tsa rona ka boikokobetso. Re nna re lopa Jehofa ka thapelo gore a re thuse mo go seno le mo dikgannyeng tse dingwe.—Bafil. 4:6, 7.
4 Jaaka fa Bafilipi 3:16 e bontsha, rotlhe re tshwanetse go leka go dira botswelelo pele. Lefoko “tswelelo pele” le raya “go ya kwa pele, go gatela pele.” Batho ba ba gatelang pele ba “kgatlhegela megopolo e mesha, dilo tse disha, kana ditshono tse disha.” Paulo o ne a batla gore Bafilipi ba tlhaloganye gore Bokeresete ga bo ke bo ema felo go le gongwe fela mme ba ba ipolelang gore ba mo go jone ba tshwanetse go nna ba gatela pele. Moya wa bone wa go batla go tswelela pele o ne o tla itshupa fa ba iketleeleditse go itlhatlhoba, go dumela gore ba na le makoa, le go batla ditsela tse ba ka dirang mo go oketsegileng kana ba ka tokafatsang se ba se dirang. Gompieno phuthego ya ga Jehofa ya selefatshe e ntse e gatela pele ka go dira botswelelo pele, e nna e ntse e oketsa tiro e e e dirang le tsela e e tlhaloganyang Lefoko la Modimo ka yone. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go nna a tsamaya le yone, re dirisa dilo tsotlhe tse e re thusang ka tsone le go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya yone.
5 Go Tswelela Pele go Tlhoka Thulaganyo e e Manontlhotlho ya ka Metlha: Paulo o ne a tswelela pele a kgothatsa bakaulengwe ba gagwe gore ba “tswelele pele ba tsamaya ka one mokgwa oo wa thulaganyo ya ka metlha.” (Bafil. 3:16) Go nna le thulaganyo go tlhoka gore re beye batho kana dilo mo mannong a tsone re utlwana e bile re itshwere sentle. Bakeresete ba kwa Filipi ba ne ba nna mo mannong a ba tshwanetseng go nna mo go one, ba atamalane e bile ba le gaufiufi le phuthego ya ga Jehofa. Matshelo a bone a ne a laolwa ke lorato. (Yoh. 15:17; Bafil. 2:1, 2) Paulo o ne a ba kgothatsa gore “mokgwa oa [bone] oa botshelō e nnè o o chwanetseñ Mahoko a a Molemō.” (Bafil. 1:27) Go nna le thulaganyo le go itshwara sentle go botlhokwa thata fela jalo le mo Bakereseteng gompieno.
6 Thulaganyo ya ka metlha ke go tlwaela go dira sengwe ka tsela e e sa fetogeng. Ka jalo go amana thata le go dira dilo ka mokgwa o o rileng. Go nna le thulaganyo ya ka metlha go ka re solegela molemo ka gore ga go tlhokege gore re eme le go diega fa re dira tshwetso ya go tsaya kgato e e latelang ka gore—re setse re na le tsela e re e latelang ka go bo re setse re e tlwaetse.
7 Thulaganyo e e manontlhotlho ya ka metlha ya puso ya Modimo ke ditlwaelo le ditsela tsa go dira dilo tse di phepa, tse di mosola, tse di siameng—boikaelelo e le gore re ikage semoyeng, go thusa ba bangwe mme fa go kgonega gore re dire mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa. Gore o atlege go fitlhelela mekgele eno o tlhoka go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go nna le thuto ya gago ka namana, go nna teng ka metlha kwa dipokanong, le go nna le seabe mo tirong ya go rera.
8 Dilo Tsa Botlhokwa Tse Di Akarediwang mo Thulaganyong ya ka Metlha e e Manontlhotlho: Selo se sengwe se se botlhokwa ke go nna le ‘kitso le temogo.’ (Bafil. 1:9) Go nna le thuto ya motho ka namana go nonotsha tumelo ya rona, go dira gore kanaanelo ya rona ka boammaaruri e gole, mme go re tlhotlheletsa go dira ditiro tse di molemo. Lefa go ntse jalo, bangwe ba ile ba fitlhela go le thata go nna ba ithuta ka metlha. Lebaka le legolo le le ntshiwang e le go tlhoka nako.
9 Melemo ya go bala Bibela letsatsi le letsatsi ga e kana ka sepe. Thuto ya yone e “molemō” ka ditsela tsotlhe. (1 Tim. 3:16, 17) Re ka dira jang gore re nne le nako ya go ithuta Bibela mo thulaganyong ya rona ya ka metlha ya letsatsi le letsatsi? Bangwe ba bona gore ba kgona go tsoga metsotso e se mekae pele ga nako moso mongwe le mongwe fa ditlhaloganyo tsa bone di santse di thantse. Ba bangwe ba bona go le botoka gore ba bale metsotso e se mekae pele ga ba ya go robala. Basadi ba ba nyetsweng ba ba tlholang mo gae ba ka nna ba kgona go beela nakonyana kwa thoko motshegare pele ga ba bangwe ba boa go tswa tirong kana kwa sekolong. Ba bangwe ba ile ba tsenya mmalo wa buka ya Baboledi mo thulaganyong ya bone ya go ithuta ya beke le beke mo godimo ga go bala Bibela ka metlha.
10 Fa re simolola ditlwaelo tse disha, di tla thulana le ditlwaelo tsa rona tsa pele. Re ka tswa re ne re rata go senya nako ka dilo tse di seng botlhokwa mo nakong e e fetileng. Go tlogela tlwaelo eo ga go motlhofo. Ga go na ope yo o tla re bolelelang gore re ithute ka tsela efe; e bile ga re tlhoke go tlhalosa gore re tla dira eng. Go tlhomama ga mokgwa wa rona wa go ithuta ka metlha go ikaegile thata ka tsela e re anaanelang “dilō tse di molemō” ka yone le go iketleetsa go swela “lobaka” molemo gore re tle re solegelwe molemo mo go tsone.—Bafil. 1:10; Baef. 5:16.
11 Dipokano tsa Bokeresete di na le seabe se segolo mo go direng gore re gatele pele semoyeng, ka go bo di a re ruta le go re kgothatsa. Ka jalo, go nna teng kwa dipokanong ke karolo e nngwe e e botlhokwa mo thulaganyong ya rona ya ka metlha e e manontlhotlho. Paulo o ne a gatelela botlhokwa jwa seno. Ga se selo se re se itlhophelang go ya ka dilo tse re di ratang.—Baheb. 10:24, 25.
12 Re ka supa jang manontlhotlho fa re rulaganya gore re tla dirang mo bekeng? Batho ba bangwe ba rulaganyetsa nako e e tlhomameng go dira dilo tsa bone ka namana mme morago ga foo ba bo ba leka go sukunyetsa dipokano mo phatlheng epe fela e ba e bonang, mme lefa go ntse jalo dilo di tshwanetse tsa dirwa ka tsela e nngwe. Dipokano tsa rona tsa beke le beke di tshwanetse go tla pele, mme dilo tse dingwe di dirwe fa go sena dipokano.
13 Go tlhokega gore dilo di rulaganngwe sentle mme lelapa le dirisane mmogo gore le tle le nne teng ka metlha kwa dipokanong. Mo gare ga beke bontsi jwa rona re na le dilo tse dintsi tse re di dirang mme seo se dira gore re se ka ra nna le nako. Seno se raya gore fa go ka kgonega, go tshwanetse ga rulaganngwa gore dijo tsa maitseboa di jewe go sa le gale gore lelapa le nne le nako e e lekaneng ya go ja, go ipaakanya, le go fitlha kwa pokanong pele ga e simolola. Gore seo se kgonege batho botlhe ba ba mo lelapeng ba tshwanetse go dirisana mmogo ka ditsela tse di farologaneng.
14 Go nna teng ka metlha mo tirelong ya tshimo go botlhokwa thata gore re tle re tsamaye ka go gatela pele ka thulaganyo ya ka metlha e e manontlhotlho. Rotlhe re lemoga boikarabelo jo bo boima jo re nang le jone jwa go rera ka molaetsa wa Bogosi. Se ke sone se se re dirang Basupi ba ga Jehofa. (Isa. 43:10) E re ka e le tiro e e botlhokwa le e e molemo thata e e dirwang gompieno, ga re a tshwanela go e leba jaaka selo se re se dirang fela re sa ikaelela se se tsenang mo thulaganyong ya rona ya ka metlha. Paulo o ne a kgothatsa jaana: “A re nneñ re isetsè Modimo chupèlō ea pakō . . . ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwe.”—Baheb. 13:15.
15 Fa re rulaganya dilo tse re tla di dirang mo bekeng, re tshwanetse ra beela kwa thoko nako e e tlhomameng ya tirelo ya tshimo. E ka tswa e le boammaaruri gore phuthego e rulagantse dipokano tsa tirelo ka dinako di le mmalwa beke nngwe le nngwe, mme e le fela gore re dire tshwetso ya gore re tla tshegetsa efe. Go molemo gore re leke go nna le seabe mo karolong nngwe le nngwe ya tirelo, jaaka go dira tiro ya ntlo le ntlo, ka dimakasine le dibuka tse dingwe, go dira maeto a go boela, le go tshwara dithuto tsa Bibela. Re ka nna ra bo ra rulaganya go sa le gale gore re neele bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo ka go tsamaya ka dibuka le go ntsha matlho dinameng go bona ditshono tsa go simolola metlotlo. E re ka gantsi re tswa le ba bangwe, re tshwanetse gore re ba botse gore ba dirile dithulaganyo dife gore re tle re kgone go dira dithulaganyo tse di tla re tshwanelang rotlhe.
16 Re tshwanetse go nna re ntse re rera go ya ka thulaganyo ya rona ya ka metlha lefa batho ba sa kgatlhege mo tshimong. Re nna re ntse re itse gore ke batho ba le mmalwa fela ba ba tla kgatlhegang. (Math. 13:15; 24:9) Esekiele o ne a laelwa gore a ye go rerela batho ‘ba ba tsuololang, ba ba makgakga le ba ba pelo e e lesoko.’ Jehofa o ne a solofetsa gore o tla thusa Esekiele ka go ‘gwalatsa phatla ya gagwe jaaka diphatla tsa bone,’ gore e nne thata jaaka “lencwètshipi ye le thata bogolo go lekgèthu.” (Esek. 2:3, 4; 3:7-9) Gore motho a tlwaele go nna le thulaganyo ya ka metlha mo tirelong go tlhoka gore a itshoke.
17 Dikao Tse Di Molemo Tse Re ka Di Etsang: Bontsi jwa rona re dira botoka mo tirelong ya tshimo fa go na le mongwe yo o re etelelang pele. Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba tlhoma sekao se se molemo, mme o ne a kgothaletsa ba bangwe gore ba mo etse. (Bafil. 3:17) Thulaganyo ya gagwe ya ka metlha e ne e akaretsa dilo tsotlhe tse di neng di tlhokega gore a ipoloke a nonofile semoyeng.
18 Le rona gompieno re na le dikao tse di molemo. Mo go Bahebera 13:7, Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Gopolañ ba ba kileñ ba lo laola, . . . me lo re lo akanya bohèlèlō yoa botshelō yoa bōnè, lo tlo lo ètsè tumèlō ea bōnè.” Gone ke boammaaruri gore Keresete ke Motlhomasekao wa rona, mme lefa go ntse jalo re ka etsa tumelo ya ba ba re etelelang pele. Jaaka Paulo, bagolwane ba tshwanetse go nna ba akantse ka go nna dikao tse di molemo mo go ba bangwe. Le mororo maemo a bone a motho ka namana a ka tswa a farologana, mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse a bo a kgona go nna le thulaganyo ya ka metlha e e manontlhotlho ka go baya dilo tse di direlwang Bogosi pele. Lefa ba tshwanetse go sikara maikarabelo a boitshediso le a lelapa, bagolwane ba tshwanetse ba bo ba na le mokgwa o o sa fetogeng wa go ithuta ka namana, go nna teng kwa dipokanong, le go etelela pele mo tirelong ya tshimo. Fa bagolwane ba supa gore ba kgona go ‘laola matlo a bone sentle,’ batho botlhe mo phuthegong ba tla kgothatsega gore ba tswelele pele ba tsamaya ka mokgwa wa thulaganyo ya ka metlha.—1 Tim. 3:4, 5.
19 Mekgele ya Ngwaga E Ntšha ya Tirelo: Go simologa ga ngwaga e ntšha ya tirelo ke nako e e siameng e re ka tlhatlhobang thulaganyo ya rona ya ka metlha motho ka namana. Tshekatsheko ya tiro ya rona ya ngwaga e e fetileng e supang? A re ne ra kgona go boloka kana go tokafatsa tiro ya rona? Re ka tswa re ne re dira thuto ya motho ka namana ka botlalo. Re ka tswa re ile ra nna teng ka metlha kwa dipokanong go gaisa pele kana re ka tswa re ile ra oketsa tirelo ya rona ya tshimo ka go ikwadisa jaaka babulatsela ba ba thusang. Gongwe re ka supa dilo dingwe tse di supang bopelontle jwa Bokeresete tse re di diretseng bangwe mo phuthegong ya rona kana mo lelapeng. Fa e le gore re dirile jalo, re ka itumela go bo re ile ra tsamaya ka tsela e e kgatlhang Modimo, mme re na le lebaka le le utlwalang la gore re nne re “totè segolo bogolo.”—1 Bathes. 4:1.
20 Go tweng fa e le gore thulaganyo ya rona e ne e sa tlhomama kana re ne re e latela ka sewelo fela? A go gatela pele ga rona go ile ga kgorelediwa ka tsela nngwe? Dilo di tla tokafala fa re kopa thuso ya ga Jehofa. (Bafil. 4:6, 13) Tlotla ka dilo tse o di tlhokang le lelapa lotlhe, o ba kope gore ba go thuse go baakanya dilo dingwe mo thulaganyong ya gago ya ka metlha. Fa o nna le mathata, kopa bagolwane gore ba go thuse. Fa re dira maiteko a magolo mme re latela kaelo ya ga Jehofa, re ka tlhomamisega gore re tla tila go nna “bobodu, leha e le botlhōka louñō.”—2 Pet. 1:5-8.
21 Go tsamaya ka thulaganyo ya ka metlha e e manontlhotlho go lere masego a a dirang gore maiteko a gago e se ka ya nna a lefela. Jaaka fa o ikemiseditse go tswelela pele o tsamaya ka thulaganyo ya ka metlha e e manontlhotlho, ‘mo tlhoafalong o se ka wa nna botshwakga; o nne o tuke mo moyeng; o direle Morena.’ (Bar. 12:11)—Go bona ditlhaloso tse di oketsegileng ka kgang eno bona Tora ya Tebelo ya May 1, 1985, ditsebe 13-17.