LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/95 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa March

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa March
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Ditlhogwana
  • Beke E E Simololang ka March 6
  • Beke E E Simololang ka March 13
  • Beke E E Simololang ka March 20
  • Beke E E Simololang ka March 27
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 3/95 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo Tsa March

Beke E E Simololang ka March 6

Pina 25

13 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Tlotla ka Letlole la Dipotso.

15 mets: “Go Neelwa Segolo—Go Lopiwa Segolo.” Dipotso le dikarabo. Kgothaletsa batho ba ba tshwanelegang gore ba akanye ka go ikwadisetsa bobulatsela jo bo thusang ka April.

17 mets: “Go Bolela ‘Mafoko a Polelelopele.’” Sekaseka dintlhakgolo. Kopa bareetsi gore ba anele maitemogelo a ba nnileng le one fa ba tsamaisa buka ya Tshenolō. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le maikutlo a a siameng fa ba tsamaisa buka eno ka gonne e bua ka dilo tse di diragalang gone jaanong tse di amang mongwe le mongwe. Dira gore go nne le dipontsho ka puisano e le nngwe kana tse pedi.

Pina 31 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka March 13

Pina 24

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Akgela ka bokhutshwane o dira gore bareetsi ba ele thoko lebokoso la “Kgakololo go Mokwaledi le Molebedi wa Tirelo.” Pego ya diakhaonto.

15 mets: “Go Tla Abiwa Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi e e Tshwanelang Sentlentle mo Lefatsheng Lotlhe.” Puo ka mogolwane. Gatelela botlhokwa jwa tiro e e kgethegileng eno e e tla dirwang ka April le May. Kgothaletsa botlhe, go akaretsa le ba ba sa tswang go kopanela, gore ba rulaganye go nna le seabe ka botlalo.

20 mets: “Tirelo ya Bethele—Go Tlhokega Baithaopi ba ba Oketsegileng.” Go sekasekiwa dirapa 1-13 ka dipotso le dikarabo.

Pina 36 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka March 20

Pina 40

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dira pontsho ya kafa lelapa le ka dirisang 1995 Yearbook ka gone. Setlhopha sa lelapa se bolela kafa se anaanelang buka eno ka gone; rre o tlhalosa dintlhakgolo tsa tshedimosetso ya tsenyeletso e e mo ditsebeng 3-11. Ba tlhalosa ka bokhutshwane kafa ba tla lekang go bala ditsebe di le mmalwa tsa Yearbook ba le mmogo beke nngwe le nngwe ka teng le gore ba tla tlhomamisa gore letsatsi le letsatsi ba sekaseka temana ya Baebele e e supilweng mo bukaneng ya Go Lotolotsa mo Dikwalong ka Malatsi Otlhe.

15 mets: Dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lona. Kana puo ka setlhogo se se reng “Fa Lo Na le Molato wa Lekgetho, Duelang Lekgetho” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 15, 1994, ditsebe 26-8.

15 mets: “Thusa Batho ba Bangwe go ‘Boloka Dilo Tse di Kwadilweng.’” Sekaseka dintlha tse dikgolo, mme morago ga foo go nne le pontsho kana di le pedi tsa go dira maeto a go boela.

Pina 52 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka March 27

Pina 205

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba bege tirelo ya bone ya tshimo ya March ka bonako. Batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go ikgolaganya le baboledi botlhe ba maina a bone a kwadilweng mo lenaaneng le ba tla le fiwang ke mokwaledi, mme ba ba kgothaletse go tlisa dipego dipe tse di saletseng kwa morago.

12 mets: “Tiragalo e e Botlhokwatlhokwa mo Hisitoring ya Motho.” Tlotla le bareetsi. Tlhalosa dithulaganyo tsa Segopotso tse di dirilweng mo phuthegong ya lona. Tlhalosa lebaka la go bo re tshwanetse go laletsa batho ba ba kgatlhegang le go ba thusa gore ba nne teng.

18 mets: “Tirelo ya Bethele—Go Tlhokega Baithaopi ba ba Oketsegileng.” Fa go sekasekiwa dirapa 14-18, rulaganyetsa gore go nne le pontsho ya rre a bua le morwawe wa dingwaga tsa bolesome kaga mokgele wa go direla kwa Bethele le seo morwa a ka se dirang gore a e ipaakanyetse a dira tumalanong le dikakantsho tse di neetsweng. Fa e le gore go na le bangwe ba ba kileng ba bo ba le maloko a lelapa la Bethele kana go na le bangwe gone jaanong mo phuthegong, rre a ka nna a akaretsa a le mongwe kana ba le babedi ba bakaulengwe bano mo motlotlong ono le morwawe. Morago ga pontsho eo go sekasekiwe dirapa 19-23 ka dipotso le dikarabo.

10 mets: Go tsamaisa peeletso ya Tora ya Tebelo ka April. Boeletsa dikakantsho tse di latelang tse di malebana le go tsamaisa peeletso ka ntlo le ntlo: Nyenya ka tsela e e botsalano. Nna matlhagatlhaga. Bua ka bonya. Tlotla ka setlhogo se le sengwe fela mo makasineng o le mongwe. Neela mongantlo dimakasine. Fa peeletso e sa tsewe, tsamaisa dimakasine di le pedi. Itsise mongantlo gore o tla boa o tlisa ditokololo tse di latelang. Konela motlotlo ka tsela e e siameng fa dimakasine di ganwa. Boloka rekoto ya maina a batho botlhe ba ba kgatlhegang ba o ba tsamaiseditseng dimakasine. Kwa bofelong, dira pontsho e le nngwe kana di le pedi tse dikhutshwane o bontsha ka moo dimakasine tsa bosheng di ka tsamaisiwang ka gone.

Pina 176 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela