Tiragalo e e Botlhokwatlhokwa mo Hisitoring ya Motho
1 Jesu o ne a tla mo lefatsheng a kaelwa ke Rraagwe gore a tle go supa ka boammaaruri gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. (Joh. 18:37) O ne a tlotla Jehofa ka go ikanyega go fitlha kwa losong, a itshepisa leina la Modimo, mme a nna thekololo. (Joh. 17:4, 6) Se ke sone se dirileng gore loso lwa ga Jesu e nne tiragalo e e botlhokwatlhokwa mo hisitoring ya motho.
2 Fa e sa le Adame a bopiwa, go nnile le batho ba le babedi fela ba ba neng ba itekanetse ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng leno. Adame o ne a ka kgona go dira gore bana ba gagwe ba ba neng ba ise ba tsholwe ba nne le masego a mantle thata. Go na le moo, o ne a tsoulola ka bopelotshetlha, a ba dira gore ba boge go fitlha ba swa. Fa Jesu a ne a sena go tla, o ne a ikanyega tota e bile a le kutlo, ka go dira jalo a dira gore botlhe ba ba nang le tumelo ba nne le tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Joh. 3:16; Bar. 5:12.
3 Ga go na tiragalo epe e e ka bapisiwang le loso lwa ga Jesu lwa setlhabelo. E ne ya fetola tsela e dilo di neng di ntse ka teng mo hisitoring ya motho. E ne ya dira gore go nne le tsela e batho ba ba dimilione tse di dikete ba ka kgonang go tsosiwa mo baswing ka yone. E ne ya thaya motheo wa Bogosi jo bo tla nnelang ruri jo bo tla fedisang boikepo mme bo dire lefatshe leno paradaise. Kgabagare bo tla golola batho botlhe mo kgatelelong le mo bokgobeng jo ba leng mo go jone.—Pes. 37:11; Dit. 24:15; Bar. 8:21, 22.
4 Dilo tseno tsotlhe di dira gore re tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a laela barutwa ba gagwe gore ba gopole loso lwa gagwe ka go keteka Segopotso ngwaga nngwe le nngwe. (Luke 22:19) E re ka re itse botlhokwa jwa sone, re lebile pele go kopana le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe fa letsatsi le sena go phirima ka Labotlhano, April 14. Go tla nna molemo gore pele ga letsatsi leo, jaaka lelapa lo bale pego ya Baebele ka malatsi a bofelo a ga Jesu mo lefatsheng le tsela e a neng a emela boammaaruri ka bopelokgale ka gone. (Ditemana tse go akantshiwang gore di balwe di ka bonwa go 1995 Calendar, ya rona go tla ka April 9-14.) O re tlhometse sekao sa gore re ineele go Mmopi wa rona. (1 Pet. 2:21) A re direng gotlhe mo re ka go kgonang go laletsa ditsala tsa rona, ba lelapa, le baithuti ba Baebele le batho ba bangwe ba ba kgatlhegang mo kokoanong e e botlhokwa eno. Tlhalosa go sa le gale gore go tla diragalang le gore ditshwantshetso di botlhokwa go le kana kang.—1 Bakor. 11:23-26.
5 Bagolwane ba tshwanetse go rulaganya go sa le gale gore ba tlhomamise gore Holo ya Bogosi e baakantswe sentle e bile e phepa. Go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa gore go nne le mongwe yo o tla senkang ditshwantshetso. Go tsamaisiwa ga ditshwantshetso go tshwanetse ga rulaganngwa sentle. Go ile ga neelwa dikakantsho tse di mosola malebana le gore re ka bontsha jang tlotlo mo Sejong sa Morena sa Maitseboa go Tora ya Tebelo ya February 15, 1985, tsebe 17. Go tla nna molemo thata fa phuthego e ka rulaganya gore go dirwe tiro e e oketsegileng mo tirelong ya tshimo malatsi a sekae pele ga mokete kana a le mmalwa morago ga moo.
6 Ngogola palogotlhe ya ba ba neng ba le teng go keteka tiragalo e e botlhokwa eno mo lefatsheng lotlhe e ne e le 12 288-917. E re ka e le letsatsi le le botlhokwatlhokwa mo khalendareng ya rona, rotlhe re tshwanetse go nna teng.