Go Gopola Loso lo lo Nayang Tsholofelo ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng
1 Morago ga letsatsi le sena go phirima ka April 6, 1993, re tla gopola loso lwa Kgosana ya botshelo. (Dit. 3:15) Eleruri go a tshwanela go gopola botshelo le loso lwa ga Jesu Keresete. Tsholofelo ya rona ya go tshelela ruri e ikaegile ka madi a a tsholotsweng a ga Jesu.
2 Segopotso se gatelela botlhokwa jwa loso lwa ga Keresete mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa. Boikaelelo joo bo akaretsa go ntsha setlhabelo sa motho yo o itekanetseng se se tlhokafalang go rekolola bana ba ga Adame, go dira gore go kgonege gore dibilione di bontshe tumelo le go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.—Yoh. 3:16.
3 Barati botlhe ba boammaaruri le botshelo ba iketleeleditse go tla go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa e le ka go bo ba utlwa taelo ya ga Jesu. (Luke 22:19) Re ka dira eng motho ka esi go bontsha tebogo ya setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete se re se baakanyeditsweng? Ka ntlha ya go lemoga botlhokwa jwa mokete ono, go rulaganya dilo sentle go botlhokwa. O dira dipaakanyetso dife mabapi le tiro eno e e kgethegileng?
4 Go Ipaakanya E Sale Gale go a Tlhokega: Kwantle ga pelaelo, re tla tlhomamisa gore leloko lengwe le lengwe la lelapa le tla bo le le teng. Re tshwanetse gape go ipaakanya megopolo ka go bala le go tlhatlhanya ka ditemana tsa Bibela tse di kwadilweng mo go 1993 Calendar ka April 1-6. Go tla bo go tshwanela gore re tsenye tshedimosetso e e buang ka botlhokwa jwa Segopotso mo thutong ya rona ya Bibela ka namana le jaaka lelapa pele ga April 6. Rulaganya gore o goroge go santse go na le nako le go emaema morago ga mokete wa Segopotso o sena go fela gore o tle o kgone go amogela ba basha ba e ka nnang ya bo e le la ntlha ba tla.
5 Mo dibekeng tse di tlang pele ga Segopotso, laletsa batho botlhe ba ba kgatlhegang ba o ba itseng go tla kwa moketeng ono. Dirisa taletso e e kwadilweng e e otorilweng ke phuthego ya gago. Fa o di dirisa o se ka wa lebala go itsise motho yo o kgatlhegang lefelo le nako ya go keteka ya lefelo la lona. Kwala botlhe ba o eletsang go ba laletsa. A botlhe ba ba eletsang go tla ba na le dipalamo? Fa go sa nna jalo, ke eng se o ka se dirang go ba thusa? Fa e le gore o na le phatlha mo koloing ya gago, ke eng o sa botse bagolwane gore a go na le mongwe yo o tlhokang sepalamo?
6 Ka ntlha ya gore mokete ono ke one o o botlhokwa thata mo ngwageng mme ebile go solofetswe batho ba bantsi go o tla, go tla tlhokega gore bagolwane ba dire dipaakanyetso tse di kgethegileng go sale gale. (1 Bakor. 14:40) Beke kana malatsi a sekae pele ga April 6, bagolwane ba tla nna le pokano e e kgethegileng le bakaulengwe ba ba tlileng go thusa mo moketeng, go tlhomamisa gore ba tlhaloganya mokgwa o go tlileng go rulaganngwa manno ka one le kafa ditshwantshetso di tlileng go fetisiwa ka teng. Fa e le gore o tlile go thusa o le motlhokomedi kana o tsamaisa ditshwantshetso, tlhomamisa gore o latela dikaelo tsa bagolwane fela thata mabapi le dilo tseno. Ka go elatlhoko dikgakololo tse di mo lebokoseng le le mo tsebeng 7, bagolwane ba tla tlhomamisa gore dithulaganyo tsotlhe mabapi le batlhokomedi, ba ba tsamaisang ditshwantshetso, ditshwantshetso, le sebui di dirwa nako e santse e le teng.
7 Ke ba sekae ba bomonnawe Keresete ba ba santseng ba setse mo lefatsheng gompieno, mme mo nakong e e tlang e e seng kgakala, go ketikiwa ga Sejo sa Morena sa Maitseboa go tla bo go weditswe. (1 Bakor. 11:25, 26) Fa fela e santse e le tshiamelo ya rona go dira jalo, ekete re ka tswelela ka tshwanelo go keteka loso lo lo neelang tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.