LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/90 ts. 7
  • Segopotso—Mokete wa Bokeresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Segopotso—Mokete wa Bokeresete
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DILO TSEO BAGOLWANE BA TSHWANETSENG GO Dl DIRA GO O BAAKANYETSA
  • GO IPAAKANYA KA NAMANA
  • Go Gopola Loso lo lo Nayang Tsholofelo ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • “Dihañ mo, lo Nkgopolè ka Gōna”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Letsatsi le le Botlhokwa go a Gaisa Otlhe ka 1991
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Lebaka La go Bo re Gopola Sejo sa Morena sa Maitseboa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 4/90 ts. 7

Segopotso—Mokete wa Bokeresete

1 Jesu o ne a tlhoma Segopotso ka Nisa-ne 14, ka 33 C.E., mme o ne a laela baa-posetoloi ba gagwe jaana: “Dihan mo, lo nkgopole ka gona.“ (Luke 22:19) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore ka go dira jalo “lo bo lo bolela losho loa Morena a ba a tla a tsamaea a tle.“ (1 Bakor. 11: 26) Ke tshwanelo gore re gopole loso lwa ga Jesu ka ntlha ya sotlhe seo lo se fltlhe-lelang go diragatsa maikaelelo a ga Jehofa. Setlhabelo sa thekololo ke sone mo-theo wa tumelo ya rona ebile se re naya tsholofelo ya go tshela mo isagweng.

2 Fa esale phuthego ya Bokeresete e simologa, barutwa ba ga Jesu ba ile ba keteka Segopotso sa loso lwa gagwe ka boikanyegi. Mo metlheng ya gompieno go begwa gore bogologolo ka 1908 ba ba ka nnang 34 ba ne ba nna le seabe mo moke-teng wa Segopotso o o neng o tshwaretswe kwa tikologong ya Cape Town. Jaanong, dingwaga tse 82 morago ga moo, Nisane 14 e tla nna ka Labobedi, ka April 10, morago ga fa letsatsi le sena go phirima, mme go lebeletswe gore batho ba ba fetang 120 000 ba tla keteka moletlo ono wa ngwaga le ngwaga mo Afrika Borwa.

DILO TSEO BAGOLWANE BA TSHWANETSENG GO Dl DIRA GO O BAAKANYETSA

3 Ka ntlha ya kafa tiragalo eno e leng botlhokwa ka gone le ka ntlha ya palo e kgolo ya bao go lebeletsweng gore ba nne teng, diphuthego di dira paakanyetso go sale gale. (1 Bakor. 14:40) Seno ga se bolele moletlo wa moetlo le wa seomodiro fela. Nnyaa, ka gonne mo go Mathaio 26: 26-30 re lemoga tsela e e sa raraanang eo Jesu a ileng a simolola mokete ono o o botlhokwa thata ka yone. (1 Bakor. 11: 23-26) Mme lefa go ntse jalo go na le dintlha dingwe tsa botlhokwa tseo di tshwanetseng go tlhokomelwa gore Se-gopotso se ketekiwe ka tsela e e tshwanetseng. Di akareletsa eng?

4 Gareng ga tse dingwe, bagolwane ba tlhomamisa gore go bontshiwa tlotlo mo Sejong sa Morena sa Mantsiboa ka go nna le ditshwantshetso tsa mofuta o o tshwa-netseng. Senkgwe se se sa bedisiwang, se se ntseng jaaka matzoth ya Bajuda e e sa lokwang ka sepe, eo e dirilweng fela ka boupe jwa korong le metsi se ka dirisiwa. Gape, go tshwanetswe ga dirisiwa fela beine ya moretlwa e e sa tswakwang ka sepe e khibidu, e e tshwanang le Chianti, Burgundy, kana claret. Beine e khibidu e e itiretsweng kwa gae e ka nna ya dirisiwa fa e le gore ga e a tsenngwa sukiri, motswako, kana e sa loisiwa ka sepe.

5 Bagolwane gape ba tla tshwanelwa ke go tlhopha bakaulengwe bao ba tlhomang sekao ebile ba tshwanelega sentle, sego-lobogolo bagolwane kana batlhanka ba bodihedi, go tsamaisa ditshwantshetso. Ba tshwanetse ba dira dilo ka thulaganyo e e molemo mme ba tshwanetse go tlhalo-ganya sentle seo dikabelo tsa bone di se akaretsang. Bao ba tsayang palo ya bao ba leng gone ba tshwanetse ba bolelelwa gore ditiro tsa bone e tlile go nna eng, tse di ntseng jaaka go kaela batho mo holong le go tswa mo go yone mmogo le go laola pharakano ya dikoloi tse di oketsegileng. Seno se botlhokwa segolobogolo mo ma-bakeng a fa diphuthego di le mmalwa di tla bo di dirisa Holo e le nngwe ya Bogosi. Gape go tshwanetswe ga dirwa dithulaga-nyo tsa go tlhomamisa gore sebui se itsi-sewe sentle ka nako le lefelo la mokete ono.—Go bona dikgakololo tse di oketse-gileng malebana le dilo tse go ka baa-kanyediwang Segopotso ka tsone, bona Tora ya Tebelo, ya February 15, 1985, tsebe 17, le ya February 15,1990, ditsebe 16-18; Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 1989, tsebe 4.

GO IPAAKANYA KA NAMANA

6 Rotlhe re tshwanetse go leka ka natla gore mokete ono o o boitshepo thata o re solegele molemo ka botlalo. Gareng ga dilo tse dingwe, re ka nna ra baakanya megopolo ya rona ka go latela mmalo wa Bibela wa April 5-10 ka tlhoafalo, jaaka fa o bontshitswe mo Alemanakeng ya Basupi ba ga Jehofa ya 1990. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go dira dithulaganyo tsa go laletsa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone le go ba thusa gore ba nne teng mo tiragalong eno e e kgethe-gileng thata. Mme re tshwanetse go dira gore bao ba nnang teng ba ikutlwe ba amogelesegile.

7 Fa re baakanyetsa ka botlalo esale gale, re tla bo re bontsha gore re leba go nna gone mo Segopotsong e le tshiamelo le jaaka tshono ya go bontsha kanaanelo mo setlhabelong sa ga Keresete. Ekete mokete wa monongwaga wa Segopotso e ka nna nako ya kgothatso e e agang mo batlhankeng botlhe ba ga Jehofa. Ekete o ka tsenya mo go rona rotlhe moya wa go nna le tsholofelo oo Jesu a neng a o bo-ntsha. Fa re ikanya Jehofa seno se tla re thusa go fenya lefatshe le gore re bone dituelo tsa rona tse di farologaneng.—Yoh. 16:33; 2 Pet. 1:10; Tshen. 7:9, 10,14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela