Tirelo ya Bethele—Go Tlhokega Baithaopi ba ba Oketsegileng
1 Re itumelela go bona ditiro tse dikgolo tse Jehofa a di dirang mo metlheng eno ya bofelo. Pesalema 110:3 e bontsha gore mo metlheng eno nonofo e e tlhomologileng e batho ba Modimo ba tla bong ba e supa e tla bo e le go nna le seabe ka botlalo mo tirelong ya Bogosi ka pelo e e ratang. Batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go rera mafoko a a molemo a Bogosi. Buka ya Baboledi e bolela jaana mo tsebeng ya 295: “Bangwe ba direla jaaka maloko a lelapa la lefatshe ka bophara la Bethele. Bano ke badihedi ba nako e e tletseng bao ba ithaopetseng go dira tiro nngwe le nngwe e ba ka e abelwang mo go rulaganngweng le mo go gatisiweng ga dibuka tsa Bibela, go dira ditiro tse di tlhokegang tsa ofisi, le go dira ditiro tse dingwe tse di tlhokegang gore go kgonwe go dira ditiro tseo. Eno ga se tiro e ka yone ba bonang maemo a a kwa godimo kana e ba kgonang go bona dilo tse di bonalang ka yone. Keletso ya bone ke go tlotla Jehofa, mme ba kgotsofalela dilo tse ba tlamelwang ka tsone tse di jaaka dijo, bonno, le madinyana a a seng a sepe a go duelela ditshenyegelo tsa bone.” Fa e le gore o kile wa etela Bethele, ka tsela nngwe o setse o itse gore go dirwa eng koo. Lefa go ntse jalo, re rata go lo naya tshedimosetso e e oketsegileng go oketsa kanaanelo ya lona ka tshiamelo eno e e sa tshwaneng le epe ya tirelo le gore lo tle lo bone gore Mokgatlho o tlhoka eng.
2 Gore re tle re bone botlhokwa jwa tirelo ya Bethele le dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse e nang le tsone, a re ke re sekasekeng hisitori e sekaenyana fela ya phuthego ya ga Jehofa—bontlhanngwe jwa yone ke jwa bogologolo mme jo bongwe ke jwa motlha ono wa rona. Mo e ka nnang dingwaga di le 19, ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower e ne e le mo moagong wa ditena wa matlhatlaganyane a le mane kwa 56-60 Arch Street, Allegheny, Pennsylvania. E ne e bidiwa Ntlo ya Baebele. Lefa go ntse jalo, ka 1908, lelapa la Ntlo ya Baebele, kana batho ba ba neng ba direla kwa ntlokgolong ya Mokgatlho, ba ne ba oketsega ba nna batho ba ba fetang 30. E ne e le nako ya go atolosa. Fa bakaulengwe ba sena go batla kaelo ya Modimo, ba ne ba swetsa gore Brooklyn e ne e tla nna lefelo le le siametseng tiro eno. Ka jalo go ne ga rekwa moago kwa 13-17 Hicks Street kwa Brooklyn gore e nne diofisi tsa Mokgatlho le holo. Diofisi tseno di ne tsa bulwa ka January 31, 1909, mme lefa go ntse jalo go ne go sena marobalo mo kagong eno ya Hicks Street. Sa ntlha, go ne go akanngwa gore mafelo a go ka nniwang mo go one a ka hiriwa. Lefa go ntse jalo go ne go sena dikago dipe kwa Brooklyn Heights tse di neng di hirisiwa. Tsela e dilo di neng tsa direga ka teng, bakaulengwe ba ne ba sa lebelela mme ba ne ba itumela, ka gore ba ne ba kgona go reka moago wa matlhatlaganyane a le mane wa ditena tse dikhibidu kwa 124 Columbia Heights, o pele e neng e le ntlo ya ga Henry Ward Beecher ka “tlhwatlhwa e e kwa tlase thata.” Moago wa 126 Columbia Heights o o bapileng le wa pele le one o ne wa kgona go rekwa. Watch Tower ya March 1, 1909, e ne ya itsise jaana ka boitumelo: “Re tla bitsa lelapa le lesha Bethele,” go emisetsa lefoko le le neng le dirisiwa kwa Pittsburgh la “Ntlo ya Baebele.” Ka jalo ka April 1909, Bethele e ne ya simolola go dira, mme lelapa le ne la fudugela mo legaeng la lone le lesha. Bethele e e kwa Brooklyn e nnile mo lefelong leno ka dingwaga di le 85.
3 A Bethele e ne e le leina le le tshwanelang ntlokgolo ya Mokgatlho? A re sekasekeng tshimologo ya leina leno mo Baebeleng le dilo tse di amanang le lone. Fa re ka akanya ka se se diragetseng mo dingwageng tse 3 700 tse di fetileng, Genesise kgaolo ya 28 e bolela ka se se neng sa diragalela Jakobe yo o neng a sa nyala a le dingwaga di le 77. Jakobe o ne a anaanela dilo tse di boitshepo mme morwarraagwe wa lefatlha Esau o ne a mo tlhoile. Fa a ne a kaelwa ke Isake rraagwe, Jakobe o ne a tswa kwa Beeresheba mme a tshabela kwa ntlheng ya bokone kwa nageng ya ba losika lwa ga Aberahame, bao Jakobe a neng a ikaeletse go batla mosadi mo gare ga bone. Fa Jakobe a sena go tsamaya dikilometara di ka nna 100, o ne a ema gore a ikhutse mo bosigong joo mo lefelong lengwe le le bidiwang Luse kwa dithabeng tsa Judia. Mo go Genesise 28:10-19 re bala ka ditlhaloso tse di itumedisang tsa ka moo Jehofa a neng a tlhomamisetsa Jakobe tota gore o tla mo tshegetsa jaaka Modimo. Jakobe o ne a lora a bona sepalamo se se tlogang mo lefatsheng se fitlha kwa legodimong. Baengele ba ne ba tlhatloga ba bo ba fologa ka sepalamo seno mme Jehofa o ne a ntse kwa godimo ga sone. Morago ga foo Jehofa o ne a bua, a tlhomamisa gore se a neng a se solofeditse Aberahame malebana le losika se ne se tla fetisediwa go Jakobe le gore Jehofa ga a kitla a mo tlogela. A bo e ne e le tiragalo e e neng e boifisa Jakobe yo e neng e le motho yo neng a rata dilo tsa semoya jang ne! A go a gakgamatsa go bo lefelo leno le ne la nna le le kgethegileng thata mo go ene? Mo go ene lefelo leno e ne e le “ntlo ya Modimo,” kana ka puo ya Sehebera, Behth-ʼElʹ, Behth e raya “ntlo” mme ʼEl e raya “Modimo.”—Gen. 28:19, ntlhanyana e e kwa tlase go NW.
4 Ka jalo, leina Bethele le na le tshimologo e e botlhokwa thata e bile leina leo le tshwanela ntlokgolo ya lefatshe ya batho ba ga Jehofa. Gompieno batlhanka ba Modimo ga ba lore ditoro tse di tlhotlheleditsweng ke Modimo. Ga go na baengele bape ba ba bonwang ba tlhatloga ba bo ba fologa ka sepalamo mo Bethele go ya kwa legodimong. Bakaulengwe ga ba bone diponatshegelo kana ba utlwa lentswe la Modimo ka tlhamalalo. Lefa go ntse jalo, fa o akanya ka se se diragetseng kwa Bethele mo dingwageng tseno tse 85 tse di fetileng, go tloga ka nako ya ga Mokaulengwe Russell go fitlha jaanong, ga go na pelaelo epe ya gore Jehofa o ntse a segofatsa batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng, bao e leng karolo ya losika lwa semoya lwa ga Aberahame kwa Bethele. Ka jalo ditiragalo tse dintsi tse di kgethegileng tse di diragetseng mo hisitoring ya Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno di amana thata le Bethele! Akanya ka dilo dingwe tse di botlhokwa tseno:
◼ Ka October 2, 1914, fa Mokaulengwe Russell a ne a tsena mo bonnong jwa bojelo jwa Bethele ya kwa Brooklyn, o ne a itsise sentle jaana: “Metlha ya Baditšhaba e fedile; dikgosi tsa tsone di feletswe ke nako.”
◼ Kwa tshimologong ya bo1920 ka nako ya kobamelo ya mo mosong, mongwe wa bakwaledi ba Mokgatlho o ne a dirisa polelo e e reng “phuthego ya Modimo.” Seno se ne sa ama tsela e bakaulengwe ba akanyang ka yone mo e leng gore ka 1925 ba ne ba setse ba kgona go bona gore go na le diphuthego tse pedi tse di farologaneng tse di ganetsanang, ya ga Jehofa le ya ga Satane.—w85-TN 3/15 ts. 8.
◼ Ka letsatsi lengwe ka 1931, phakela mo mosong pelenyana fela ga kopano ya Columbus, Ohio, poresidente ya Mokgatlho, Mokaulengwe Rutherford, o ne a lemoga gore leina leno la Basupi ba ga Jehofa le tlhalosa batho ba Modimo le tiro e ba neng ba setse ba e dira sentle mme ba ne ba tshwanetse gore ba tlhaolwe jaaka basupi ba Gagwe.—yb75 ts. 151.
◼ Mo masimologong a 1935, go ne ga tsoga dipotso tse di malebana le gore “boidiidi jo bogolo,” kana “bontsintsi jo bogolo” ke bomang. (Tshen. 7:9; KJ) Bangwe ba bao ba neng ba ipolela ka nako eo ba ne ba akantsha gore ke ba setlhopha se se tla nnang mo lefatsheng. Ka May 31, 1935, kwa kopanong ya Washington, D.C., go ne ga fiwa tlhaloso e e kgotsofatsang.—jv-TN ts. 166.
5 Dikai tse di mmalwa tseno di bontsha ka moo Jehofa ka moya wa gagwe o o boitshepo a neng a kaela le go tshegetsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng kwa Bethele ka gone. Mme go tweng ka baengele? Fa o akanya ka pogiso e e makgwakgwa go tswa go baba ba rona le dingwaga tse di boima tse mo go tsone dilo tse di ka dirisiwang di ne di seyo ka tsone, kwantle ga pelaelo fa e ne e se ka tshireletso le thuso ya baengele, Bethele e ka bo e sa dire ka tsela e e gakgamatsang jaana mo dingwageng tseno tsotlhe.
6 Kwantle ga badiri ba ntlokgolo ya kwa United States, go na le malapa a mangwe a Bethele mo makaleng a le 100 a a anameng mo lefatsheng lotlhe. Buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona, e bolela jaana mo tsebeng ya 116: “Leina Bethele . . . e le ruri le tshwanela mafelo ano a tiro ya bolegodimo.” Baithaopi ba Bethele ba abelwa tiro ya mofuta ofe?
7 Mefuta e e Farologaneng ya Tiro: Ditiro tse ba lelapa la Bethele ba di abelwang di farologane. Mo lekaleng la Afrika Borwa, bakaulengwe bangwe ba dira mo feketering ba tsamaisa metšhini e e gatisang dimakasine, diboroutšhara, le dipampitshana gore di anamisiwe mo ntlheng ya borwa jwa Afrika. Tiro ya ba bangwe ke go romela dikgatiso tseno kwa diphuthegong tse di fetang 1 400. Ba le mmalwanyana ba bone ba abetswe go tlhokomela didirisiwa le dikago. Mo Legaeng la Bethele, go na le tiro e ntsi ya go tlhokomela lelapa. Ka sekai, batho ba ba ka nnang 760 ba fiwa sefitlholo mo matlong a mabedi a bojelo ka metsotso e le 20 fela. Kwa botlhatswetsong, bakaulengwe le bokgaitsadi ba dira dikilogerama di le 3 200 tsa diaparo beke nngwe le nngwe, go akaretsa le dihempe di le 2 300. Mo godimo ga moo, bokgaitsadi ba ba phepafatsang ba boloka dikago tse robedi tse go nniwang mo go tsone di le phepa ka tsela ya maemo a a kwa godimo thata mme gape ba dira ditiro tse dingwe tse dintsi tse di botlhokwa.
8 Ditshwanelego le Dilo Tse di Tlhokegang: E re ka go tlhokega gore motho a bo a itekanetse mo mmeleng e bile a nonofile go dira tiro eno, gone jaanong go tlhokega banna ba basha ba ba sa nyalang ba ba nang le botsogo jo bontle. Gore mosha a kope go direla mo Bethele, o tshwanetse a bo a ineetse e bile a kolobeditswe bobotlana ngwaga. O tshwanetse a bo a le motho yo o ineetseng yo o ratang dilo tsa semoya. Mo godimo ga moo, o tshwanetse a bo a iketleeditse go dira tiro e e bokete. Mo lefatsheng gompieno, batho ba le bantsi ba leba tiro e e bokete e le selo se ba tshwanetseng gore ba se tile. Ka jalo mosha yo o batlang go ikopela tirelo ya Bethele o tshwanetse go apara motho yo mosha mo a tla batlang go dira tiro e e bokete, a dira se se molemo ka diatla tsa gagwe. (Bapisa Baefeso 4:28.) Seno se raya gore ga a tshwanela go nna motho yo o tlhomileng mogopolo wa gagwe mo go ijeseng menate, mo boitapolosong, kana mo boitlosobodutung. Fa a akanya ka tirelo ya Bethele, o tshwanetse a bo a setse a tlogetse mekgwa e e ntseng jalo ya bonyana. Mafoko a ga Paulo mo go 1 Bakorinthe 13:11 a tshwanela sentle: “E rile ke le ngwanyana, ka bua jaaka ngwanyana, ka ikutlwa jaaka ngwanyana, ka akanya jaaka ngwanyana; mme jaanong ka ke le monna, ke latlhile dilo tsa bonyana.”
9 A o na le dingwaga tse di fa gare ga 19 le 35? A o motho yo o itekanetseng sentle mo botsogong, mo mmeleng le mo boikutlong? A o kgona go bala, go kwala le go bua Seesemane sentle? A o motho yo o ratang dilo tsa semoya le yo o ratang Jehofa le phuthego ya gagwe thata? Fa o ka bilediwa mo Bethele, a o ka kgona go nna ka boikanyegi bobotlana ngwaga, o dira tiro epe fela e o tla e fiwang? Fa o ka araba dipotso tseno ka ee, o tla bo o dira sentle fa o ka akanyetsa tshiamelo e e sa tshwaneng le epe eno ya tirelo ya Bethele. Go na le masego a le mantsi.
10 Masego a Tirelo ya Bethele: Setlhogo se se reng “Go Anaanela ‘Ntlo ya Modimo,’” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 15, 1994, se ne sa bolela jaana: “Fa o le kwa kopanong, a o ikutlwa o ritibetse, fa o le fa gare ga baobamedi ba ba itumetseng ba ga Jehofa? Akanya fela, modiri wa Bethele o na le tshiamelo ya go direla Jehofa fa gare ga setlhopha se segolo sa bakaulengwe letsatsi lengwe le lengwe! (Pesalema 26:12) A bo seo se go fa sebaka sa go gola semoyeng jang ne! Mokaulengwe mongwe o ne a re o ne a ithuta mo gontsi go bopa botho jwa gagwe mo ngwageng o le mongwe fela fa a le mo Bethele go feta mo a ileng a go ithuta mo dingwageng di le tharo felo gongwe. Ka ntlha yang? Ka gonne ga go na gope moo a ileng a kgona go bona le go etsa tumelo ya Bakeresete ba ba godileng ba bantsi jaana.” (Dia. 13:20) Eleruri, tirelo ya Bethele ke nngwe ya masego a a tlhomologileng.
11 Kwa Bethele e e kwa Brooklyn, baithaopi ba gaufi thata le maloko a Setlhopha se se Laolang le ba bangwe ba ba tloditsweng, mmogo le bakaulengwe ba ba sa bolong go nna ba ikanyega ba setlhopha sa dinku di sele. Go sa kgathalesege gore motho o dira tiro efe, o tla segofalediwa go bereka ka kutlwano le ditsala tse di ntseng jalo tse di ikanyegang. Bangwe ba maloko a lelapa la Bethele ya Brooklyn ba ba nang le seabe mo tshiamelong e e kgethegileng eno ya tirelo ba akgela jaana go bontsha gore ba ikutlwa jang ka gone:
◼ Mokaulengwe mongwe yo o nang le dingwaga tse 62 a le mo tirelong ya Bethele, yo o neng a dira ditiro tse di farologaneng mo dingwageng tse di fetileng, o ne a akgela jaana ka moya o mongwe le mongwe a nang le one kwa Bethele: “Re lelapa le le lengwe fela rotlhe; re bakaulengwe rotlhe. Re dira mmogo. Rotlhe re na le dikabelo tsa rona. Go a itumedisa go bona bakaulengwe ba dira ka natla; o kgona go bona maiteko a ba a dirang. Re na le bakaulengwe ba ba feelang. Fa o boloka lefelo le le phepa, o boloka lelapa le itekanetse. Fa o boloka lelapa le itekanetse, lelapa le dira thata. Go botlhokwa. Go botlhokwa go nna le batho ba ba berekang kwa diofising. Rotlhe re dira gore go nne le matswela—go neelwa ga bosupi ka Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Lefelo leno ke le le molemolemo go gaisa otlhe mo lefatsheng a o ka direlang Jehofa mo go one. Fa o batla go nna mo tirelong ya nako e e tletseng, o ka dira jalo botoka gone mono. Go na le sengwe le sengwe. O itumelela dilo tse di oketsegileng mono. Go dira gore o tlhaloganye phuthego ka gonne o utlwa go tswa mo matlhakoreng otlhe a lefatshe.”
◼ Mokaulengwe mongwe yo e leng mongwe wa batlodiwa wa dingwaga tse 75, yo kabelo ya gagwe ya ntlha ya tiro e neng e le go mametlelela dibuka dingwaga tse di ka nnang 48 tse di fetileng o ne a bolela jaana: “Go a itumedisa go nna gare ga batlhanka ba ga Jehofa ba ba ineetseng ba ba kolobeditsweng. Fa ke bona lekawana le tla Bethele, ke leboga Jehofa ka boitumelo mo pelong ka gonne ke a itse gore monna yoo o tlile go itumela mo Bethele.” O ne a oketsa jaana fa a ne a bolela ka dilo tse a di anaanelang thata mo Bethele: “Ke rata batho ba gone. Ke akanya gore ba bantle. Go na le sengwe se bakaulengwe ba ba mo Bethele ba nnileng le sone ka dingwaga tse dintsi se o se ka keng wa se bona gope go sele mo lefatsheng. Go na le lorato, go tlhaloganya le kutlwano e go senang motho yo o ka e tlhaloganyang.”
◼ Mokaulengwe yo mongwe yo o nnileng mo tirelong ya Bethele ka dingwaga tse di fetang 62 o ne a akgela jaana ka melemo e mengwe e e ka bonwang gone: “Go tla Bethele go go thusa gore o rutiwe ka tsela e e kgethegileng mo tirong ya go gatisa . . . mme go feta moo, o fiwa thuto ya Baebele e e ka go thusang gore o tle o emele Jehofa Modimo ka tsela e e tshwanetseng gongwe le gongwe koo o ka romelwang gone mo lefatsheng.”
◼ Leloko lengwe la Setlhopha se se Laolang, yo o setseng a le dingwaga di le 92, o setse a na le dingwaga di le 58 a direla kwa Bethele. O akanya eng ka tirelo ya Bethele? “Lelapa la Bethele mono le mo lefatsheng lotlhe ke thulaganyo e ntle thata ya batho ba ba ineetseng.”
◼ Dikgwedinyana pele ga leloko lengwe la Setlhopha se se Laolang le tlhokafala le ntse le ikanyega mo kabelong ya lone le na le dingwaga di le 98, le ne la bolela jaana: “Ke rata go direla mo Bethele. Ke lefelo le le molemolemo go a gaisa otlhe.”
◼ Lekawana lengwe lone le akanya jang ka tirelo ya Bethele? Mokaulengwe mongwe yo mosha bosheng jaana o ne a kwala jaana: “E re ka Jesu a ile a re, ‘go aba go dira gore motho a itumele,’ Bethele ke lefelo le go itumetsweng thata mo go lone go gaisa otlhe a ke kileng ka nna mo go one.” O na le moya wa Bethele—wa go aba.
◼ Mokaulengwe mongwe yo o nang le dingwaga di le 51 a le mo tirelong ya nako e e tletseng o sobokanya dilo sentle ka go bolela jaana: “Tirelo ya Bethele e tlhomologile tota. Ke karolo e e botlhokwa e maikaelelo a ga Jehofa a diragadiwang ka yone mo lefatsheng. Ka jalo, mongwe le mongwe yo o nang le tshiamelo ya go direla mo Bethele o tshwanetse a e tseela kwa godimo thata. Eleruri, Bethele e re thusa gore re tshele ka tsela e e bontshang poifomodimo tota.”
12 Dilo Tse di Dirwang Letsatsi le Letsatsi: Dilo tse leloko la lelapa la Bethele le di dirang letsatsi le letsatsi di dira gore a tshwarege tota mo dilong tse e leng tsa Bogosi. Ka 7:00 a.m. go tloga ka Mantaga go fitlha ka Matlhatso, go simololwa kobamelo ya mo mosong mo matlong a rona a bojelo. Maloko a lelapa a akgela ka temana ya letsatsi mme morago ga foo leloko lengwe la Komiti ya Lekala kana mokaulengwe yo mongwe yo o nang le dingwaga tse dintsi a le mo tirelong ya nako e e tletseng o dira tshobokanyo, go latele thapelo ya mo mosong. Thulaganyo eno e nonotsha lelapa semoyeng gore le tle le dire tiro ya letsatsi. Maloko a lelapa la Bethele a tla go bolelela gore ke yone selo se segolo sa letsatsi. Morago ga dijo tse di otlang mmele tsa mo mosong ba lelapa la Bethele ba itumelela go ya kwa ditirong tsa bone tse di farologaneng tse ba di abetsweng. Tiro ya letsatsi le letsatsi go tloga ka Mantaga go fitlha ka Labotlhano e simolola ka 8:00 a.m. go fitlha ka 5:00 p.m., mme go na le ura e le nngwe fela e e beetsweng kwa thoko ya dijo tsa motshegare. Mme gape go na le tiro e e rulagantsweng ka Matlhatso go tloga ka 8:00 a.m. go fitlha ka 12:00 motshegare. Mo maitseboeng, ka Matlhatso le ka Sontaga motshegare, maloko a Bethele a ya kwa dipokanong tsa diphuthego tsa one, ba dira tiro ya ntlo le ntlo kana ba tshwara dithuto tsa Baebele, kana ba dira ditiro tsa bone tsa botho. Ba ka nna ba dirisa laeborari ya Bethele go dira thuto ya motho ka namana kana go baakanyetsa dipokano. Ee, aitsane go na le nako ya go ikhutsa le go itapolosa e motho a e tlhokang. (Mar. 6:31, 34) Go ya ka tlhaloso e khutshwane e e filweng fano, go bonala sentle gore tirelo ya Bethele e dira gore motho a dirise nako ya gagwe e ntsi mo tirelong e e boitshepo, a sa itewe tsebe ke tsamaiso e kgologolo eno ya dilo.
13 Ditiro Tsa Phuthego: Maloko a lelapa la Bethele ya Afrika Borwa a abetswe kwa diphuthegong tse di fetang 60 mo karolong ya Johannesburg. Ba tsaya se diphuthego tse ba leng mo go tsone di ba direlang sone se le botlhokwa thata go ba thusa gore ba boloke bomoya jwa bone. Ka jalo, ba matlhagatlhaga mo phuthegong, ba nna gone mo dipokanong tse tlhano le go nna le seabe ka metlha mo bodireding jwa tshimo le bakaulengwe ba bone. Mo godimo ga dipokano tsa phuthego, lelapa la Bethele le na le Thuto ya lone ya Tora ya Tebelo ka Mantaga maitseboa; bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba abelwa go dira dikakgelo tse di tla solegelang botlhe molemo. E re ka thulaganyo ya Bethele e gatelela dilo tsa semoya, seo se dira gore motho a direle Jehofa ka boitumelo.—1 Bakor. 15:58.
14 Go Ipaakanyetsa Tirelo ya Bethele: Gantsi makawana a botsa gore ke eng se a ka se dirang go ipaakanyetsa tirelo ya Bethele. Leloko lengwe la Setlhopha se se Laolang le le direlang mo Komiting ya Badiri le ne la re: “Fa o tla Bethele, o tle go dira e seng go direlwa. Fa o ithuta go direla, o tla itumela thata. Ithute go aba mme e seng go tsaya. Nna tekatekano, o ikokobetse. Bokeresete jwa mmatota bo bonwa ka maungo a moya.” Ee, fa o godisa bomoya jwa gago e bile o nna le kamano e e gaufi thata le Jehofa o tla atlega mo Bethele. Ke ka lebaka leo gantsi go tlhophiwa babulatsela fa go tlhophiwa baithaopi ba basha ba Bethele. Fa motho a setse a ithutile nakonyana go dira diura di le 90 ka kgwedi mo tirong ya go rera le ya go ruta le go abela batho ba bangwe, a bile a ithutile go rulaganya tiro e e tlhokegang gore a kgone go ka itlamela, o tla bo a thaile motheo o o siameng wa semoya wa tirelo ya Bethele le tsela ya yone e e nang le thulaganyo ya botshelo. Lefa go ntse jalo, tsweetswee elang tlhoko gore tirelo ya Bethele ga se ya batho ba ba bulang tsela fela. Mongwe le mongwe yo o nang le ditshwanelego tse di tlhokegang a ka dira kopo.
15 Mo godimo ga moo, go molemo gore makawana a ithute tiro ya diatla. Mo tsamaisong e kgologolo eno ya dilo tiro ya diatla e tseelwa kwa tlase. Boithati bo dira gore batho ba bantsi ba batle go dira tiro e e motlhofo kana e go bonalang e le ya maemo a a kwa godimo. Lefa go ntse jalo, fa motho a ka kgona go dirisa didirisiwa le metšhini e e farologaneng go a thusa e bile go mosola. (Dia. 22:29) Gantsi basha ba ka kgona go ithuta ditiro dingwe mo batsading ba bone kana ka go thusa banna ba ba godileng ka ditiro tse di farologaneng tse ba di dirang mo Holong ya Bogosi kana ka go thusa batho ba ba tsofetseng go baakanya dilo tse di tlhokang go baakanngwa mo magaeng a bone.
16 Ka dinako tse dingwe basha ba botsa jaana: “A ke tshwanetse go bona thapiso e e oketsegileng morago ga sekolo gore ke tle ke tshwanele tirelo ya Bethele?” Go bona thapiso e e oketsegileng morago ga sekolo ka bogone ga go dire gore motho a tshwanele tirelo ya Bethele. Dinonofo tsa semoya di botlhokwa thata mme botlhe ba ba lalediwang go tla Bethele ba tlhoka gore ba nne le tsone. Re kgothaletsa batsadi le bana ba bone ba ba santseng ba le kwa sekolong gore ba sekaseke ka kelotlhoko tsela e go buiwang ka tsela e e lekalekaneng ka teng ka thuto ya lefatshe mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 1, 1992, ditsebe 15 go ya go 21. Tshwetso e e malebana le thuto ya lefatshe ke kgang ya motho ka namana. Lefa motho a ka swetsa go dira eng, o tshwanetse gore a tlhomamise gore o tla kgona go gatela pele semoyeng ka go tswelela pele a tlhoma mogopolo mo tirong e kgolo e e dirwang ke batho ba ga Jehofa ya go neela bosupi ka boammaaruri.
17 Go sa kgathalesege gore motho o bona thapiso efe morago ga sekolo, go botlhokwa thata gore a ithute go akanya. Baebele e kgothatsa gore motho a nne botlhale le go kgona go akanya. (Dia. 1:4; 3:21) Fa o ithuta go akanya le go boloka tshedimosetso eo go tla go thusa go nna le kitso le bokgoni jo bo ka go thusang mmogo le phuthego ya ga Jehofa ya lefatshe lotlhe. Sa bofelo, go sa kgathalesege gore motho o na le bokgoni bofe, go botlhokwa gore o kgone go ka dirisana sentle le batho ba bangwe. Baithaopi ba Bethele ba tshwanetse go dira mmogo le ba bangwe jaaka setlhopha gore ba kgone go fetsa tiro. Ka jalo, moya wa go batla go dira dilo o le esi kana moya wa go gaisana o tshwanetse wa emisediwa ka moya wa go dirisana mmogo le lorato le go batla go ikokobeletsa kaelo ya puso ya Modimo.—Bapisa Baefeso 4:16.
18 Basha ba ba mo phuthegong ya ga Jehofa ba na le tshono e ntle ya go tlhagolela bokgoni jo bo umakilweng fa godimo. Morago ga foo, fa ba lalediwa go tla go direla mo Bethele, ba tla bo ba le mo boemong jo bontle gore phuthego ya ga Jehofa e ba thapise gore ba nne le maikarabelo a a oketsegileng. Re a lo kgothatsa lona batsadi ba Bakeresete le lona bagolwane gore le tswelele pele lo bua le basha ka kgang eno. Batsadi ba le bantsi ba tlisa bana ba bone ka metlha mo Bethele gore ba tle go e bona, mme ka tsela e e ntseng jalo ba tlwaelana le se se dirwang mono. Seno se dirile gore basha ba le bantsi ba tle Bethele fa ba sena go fetsa dithuto tsa bone.
19 Ba ba Nang le Boitemogelo: Gantsi go na le phatlha e e bulegetseng mokaulengwe kana kgaitsadi yo o setseng a fetile dingwaga tse 35 yo o thapisitsweng e bile a na le bokgoni jo bo tlhokegang mo Bethele. Tiro e kgolo e Mokgatlho o ntseng o e dira gone jaanong e tlhoka batho ba ba nang le boitemogelo gore ba tle go dira mmogo le makawana a a nang le bokgoni a a ka thapisiwang, “moruti jaaka yo o rutwang.”—1 Ditir. 25:8.
20 Tiro ya gompieno e e ntseng e oketsega e batla batho ba ba itseng sengwe ka dieleketoroniki kana ba ba itseng ka thulaganyo ya dikhomputara. Mokgatlho o na le metšhini e mentsi e e fotosetetang, e e gatisang, le dikhomputara tsa batho ka namana, tseo tsotlhe di tlhokang go baakanngwa. Gape go tlhokega batho mo dilong tse di amanang le molao le bongaka: babueledi, dingaka, dingaka tse di alafang ka go sidila mmele, baoki ba ba kwadisitsweng semolao ba bile ba thapisitswe booki le ba ba kwadisitsweng mme ba sa thapisiwa ka botlalo. Go ka dirisiwa batho ba ba nang le bokgoni mo ditirong tse di farologaneng tsa go aga, tse di ntseng jaaka boenjenere, ba e leng bopolamara, motlakase, le ba ba dirang tiro ya HVAC (heating, ventilation, and air-conditioning [go gotetsa, go anamisa phefo le go laola temporeitšhara]). Bakaulengwe ba ba godileng ba ba nang le kitso e ntsi ka akhaonting, segolobogolo ba ba nang le disetifikeiti tsa boakhaontente ba ka thusa thata. Go fokotsa ditshenyegelo, Mokgatlho o na le dikoloi tse dintsi tse di dirisediwang go tsamaisa dibuka. Ka jalo, go tlhokega bakgweetsi ba ba nang le boitemogelo le bomakheneke.
21 Re tlhoka thata bakaulengwe ba ba ineetseng ba ba sa nyalang le ba ba nang le bokgoni bongwe jo bo kgethegileng, bao bangwe ba bone ba ka tswang ba nyetse. O ka kgona go bona diforomo tsa Bethele mo molebeding wa potologo kana kwa kopanong ya kgaolo kwa pokanong e e kgethegileng e e tshwarelwang batho ba ba kgatlhegelang tirelo ya Bethele, kana o ka nna wa kwalela go Watch Tower Society, Attention: Bethel Office, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740. Fa o nyetse, o se ka wa lebala gore molekane wa gago le ene o tshwanetse a bo a tshwanelegela tirelo ya Bethele semoyeng, mo maikutlong le mo mmeleng. Fa e le gore o ithutetse nngwe ya ditiro tse di umakilweng kwa pelenyana kana o na le boitemogelo mo go tsone, tsweetswee, kwala rekoto e e tlhalosang sentle ka ga gago mme o e kgomaretse mo foromong ya gago ya Bethele.
22 A o Ka Amogela Taletso e e Potlakileng? Go tlhokega baithaopi thata mo Bethele. Fa e le gore o tshwanela mo dilong tse di tlhokegang mo tirelong ya Bethele, re go kgothaletsa thata gore o romele foromo ya gago ya Bethele go supa fa o amogela taletso e e potlakileng eno. O se ka wa kgobega marapo fa o sa bidiwe ka bonako. O ka nna wa tlatsa foromo e ntšha ngwaga nngwe le nngwe. Seno se dira gore re nne le tshedimosetso e ntšha ya gore o ka kgona go tla.
23 Jehofa o ne a botsa jaana moperofeti Isaia a reeditse: “Ke tla roma mang? E mang yo o tlaa re elang?” Isaia o ne a araba jaana kwantle ga go okaoka: “Ke fano, roma nna.” Ka jalo, Isaia o ne a simolola tiro ya gagwe jaaka moperofeti wa Modimo. A wena o ka bua wa re, “Ke fano, roma nna”? O letetswe ke masego a mantsi fa o ka bilediwa go tla go direla mo ‘Ntlong ya Modimo,’ Bethele.—Isa. 6:8.