LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/95 ts. 1
  • Bakang Jehofa Letsatsi le Letsatsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bakang Jehofa Letsatsi le Letsatsi
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Basha, Bakang Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Bakang Jehofa Letsatsi le Letsatsi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • O ka Kgona go Rera Le fa O se Mo Bodireding!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Bua ka Kgalalelo ya Bogosi Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 12/95 ts. 1

Bakang Jehofa Letsatsi le Letsatsi

1 Modimo wa rona Jehofa ke Mmopi yo o gakgamatsang yo o lorato, Motswedi wa botshelo jotlhe le boitumelo. Ka ntlha ya bogolo jwa gagwe, popo ya gagwe yotlhe e tshwanetse gore e mmake. Mongwe le mongwe wa rona o batla go bua jaana jaaka mopesalema: “Ke tlaa fela ke ntse ke go baka bogolo bogolo. Molomo wa me o tlaa bolela ka tshiamo ya gago, le ka ga poloka ya gago ka letsatsi lotlhe.” (Pes. 71:14, 15) Gore re tle re dire seno, re tshwanetse go batla ditsela tse re ka bakang Jehofa letsatsi le letsatsi ka tsone mme re tlhotlheletsege go bua sentle ka ga gagwe, ka tshiamo ya gagwe le ka se a se dirileng gore re bone poloko.

2 Bakeresete ba bogologolo ba ile ba tlhoma sekao se sentle sa go baka Jehofa. Re bala jaana malebana le batho ba ba 3 000 ba ba neng ba kolobediwa ka Pentekosete mo go Ditiro 2:46, 47: “Ba tlhomaganya malatsi ba nnetse ruri ka bongwefela jwa pelo mo tempeleng, . . . Ba baka Modimo, ba bona botsalano mo bathong botlhe. [Mme] Morena a ba oketsa ka go tlhomagana ga malatsi ka ba ba bolokwang.” Ba ne ba ithuta boammaaruri jo bo itumedisang kaga Jehofa le ka Mesia wa gagwe. Boitumelo jwa bone bo ne bo dira gore le batho ba bangwe ba itumele, bo kgothatsa le batho ba bangwe gore le bone ba reetse le go ithuta le go baka Jehofa.

3 Ditshono di Teng Letsatsi le Letsatsi: Batho ba le bantsi gompieno ba bona gore ba ka kgona go baka Jehofa ka go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Go rulaganya go sa le gale go dira gore ba nne le matswela a a oketsegileng. Kgaitsadi mongwe yo o neng a ikaeletse go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo o ne a fitlha mongwe a thubile difensetere tse pedi tsa koloi ya gagwe mme a tsena mo teng ga yone. O ne a leletsa batho ba ba baakanyang mme morago ga foo a ipaakanyetsa go neela mmaakanyi bosupi. O ne a ipaakanyetsa ka gore a rapele Jehofa gore a mo kaele tsela. Mme go ne ga felela ka gore a tsamaisetse mmakanyi buka ya Tshelela Ruri morago ga gore a mo neele bosupi ka selekanyo sa ura.

4 Kgaitsadi yo mongwe o ne a tlhola a kopana le moagisani wa gagwe fa ba ile go fokisa dintša tsa bone phefo. Mo lekgetlhong lengwe ba ne ba tlotla thata ka mathata a botshelo mme seo se ne sa dira gore ba nne le metlotlo e mengwe e e oketsegileng. Fa nako e ntse e ya, go ne ga simololwa thuto ya Baebele. Se se kgatlhang ke gore moragonyana moagisani o ne a bolela gore o ne a ka se ka a bo a ile a reetsa Basupi ba ga Jehofa fa ba ne ba mo etetse kwa ntlong ya gagwe, ka gonne o ne a sa dumele mo Modimong le mo Baebeleng.

5 Batho ba bangwe ba kgona go neela bosupi fa ba etetswe ke borakgwebo kana batho ba bangwe kwa matlong a bone. Kgaitsadi mongwe kwa Ireland o ne a etelwa ke monna mongwe yo o neng a tsamaisa inshorense. O ne a mo tlhalosetsa gore ene o lebeletse pele go bona botshelo jo bo sa khutleng. Kgang eno e ne e le ntšha gotlhelele mo monneng yono yo o godisitsweng e le wa Moroma Katoliki. O ne a tsaya buka ya Tshelela Ruri, a ya pokanong beke e e latelang mme a dumela go ithuta Baebele. Rrakgwebo yono jaanong ke mokaulengwe yo o kolobeditsweng.

6 Rotlhe re tshwanetse gore re ntshe matlho dinameng gore re bone ditshono tsa go baka Jehofa letsatsi le letsatsi. Go molemo go baya dimakasine kana dipampitshana di sekae mo di ka bonwang gone e bile di ka kgona go fiwa baeng. Mo mafelong mangwe fa o dirisa nakonyana ya fa o dutse mo dibankeng tsa paraka o ka nna wa nna le ditshono tse dintsi tsa go neela batho ba bangwe ba ba tlileng go ikhutsa ka metsotso e e seng mekae bosupi. Basha bangwe ba Basupi ba baya dikgatiso tsa Baebele mo didesekeng tsa bone gore ba tle ba simolole motlotlo le mongwe yo o di bonang mme a bo a botsa dipotso. Nna o ntse o akantse ka temana e le nngwe kana di le pedi tsa Dikwalo tse o ka di dirisang. Kopa Jehofa gore a go thuse. Fa o ka dira jalo o tla segofala.—1 Joh. 5:14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela