Go Ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
1 Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se nnile sedirisiwa se segolo mo go thapiseng dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa gore e nne badiredi ba mafoko a a molemo. Ba le bantsi ba rona re gakologelwa kafa re neng re boifa ka gone e bile re ikutlwa re sa tshwanelege ka gone fa re ne re simolola re ikwadisa mo sekolong seno, mme gone jaanong re itumelela go bona seabe sa sone mo go goleng ga rona mo semoyeng re le dibui le barutisi ba Lefoko la Modimo. (Bapisa Ditiro 4:13.) A o ikwadisitse mo sekolong seno se se molemo?
2 Ke mang yo o ka ikwadisang? Tsebe 73 ya buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi Jwa Rona e araba jaana: “Botlhe ba ba tlhakanelang ka tlhagafalo le phuthego ba ka nna ba ikwadisa, go akaretsa le batho ba ba sa leng basha go kopanela mo dipokanong, fa fela ba sa tshele botshelo jo bo sa tsamaelaneng le melaometheo ya Bokeresete.” Re laletsa botlhe ba ba tshwanelegang—banna, basadi le bana—gore ba bue le molebedi wa sekolo mme ba kope go ikwadisa.
3 Thulaganyo ya Sekolo ya 1997: Thulaganyo ya 1997 ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e akaretsa dithuto tsa Baebele tse dintsi tse di farologaneng le batho, mmogo le hisitori ya mokgatlho. Mo godimo ga gore re bo re godisa bokgoni jwa rona jwa go bua le go ruta, re ithuta go tswa mo dilong tse dintsi tse di botlhokwatlhokwa tsa semoya tseo di fitlhelwang mo dithutong tsa sone tsa beke le beke. (Dia. 9:9) Fa re baakanyetsa sekolo, mo go akaretsang go dira mmalo wa Baebele wa beke le beke, mme re nna gone ka metlha, re ka kgona go solegelwa molemo thata go tswa mo thulaganyong eno.
4 Ka 1997 bontsi jwa mmalo wa Baebele wa Kabelo No. 2 o mokhutshwane thata go feta mo dingwageng tse di fetileng. Fa go baakanyediwa kabelo eno, moithuti o tshwanetse go leba nako ya gagwe ya mmalo ka kelotlhoko mme a bo a tlhomamisa gore a ka dirisa nako e kae ya metsotso e a e abetsweng e metlhano ya karolo ya gagwe go dira tsenyeletso le bokhutlo. Seno se tla letla moithuti gore a dirise nako ya gagwe ka botlalo le go godisa bokgoni jwa gagwe jwa go bala le bokgoni jwa go bua fela a sa bale se se kwadilweng.—1 Tim. 4:13.
5 Bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo le jone bo tsentswe go nna mokgwa o go bewang puo ka one wa Kabelo No. 3, e e tsewang mo bukeng ya Kitso. Ka gone, kgaitsadi a ka nna a tlhopha gore a o dira loeto lwa go boela, thuto ya Baebele ya legae, kana bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo e le mokgwa o a bayang puo ya gagwe ka one mo kabelong eno. Gone mme, go tshwanetse ga bewa tlhokomelo e kgolo mo go ruteng ka tsela e e nang le matswela e seng mo go reng mokgwa o go bewang puo ka one ke ofe.
6 Go sa kgathalesege gore a o na le tshiamelo ya go neela puo ya tao, dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele, kana kabelo ya seithuti, o ka bontsha go anaanela Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka go baakanyetsa le go ithapisetsa karolo ya gago sentle, ka go e neela ka go tlhatswega pelo le ka matlhagatlhaga, ka go se je nako, ka go reetsa le go dirisa kgakololo ya molebedi wa sekolo le ka go leka go dira kabelo ya gago ka boikanyego ka dinako tsotlhe. Ka jalo, go ikwadisa ga gago mo sekolong go tla itshupa e le tshegofatso mo go wena le mo go botlhe ba ba gone.