LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/96 ts. 8
  • Lefoko la Modimo le Naya Kaelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefoko la Modimo le Naya Kaelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele—buka E Modimo A E Dirisang Go Kaela Batho Botlhe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Dipuisano Tse di Akantshiwang Tsa Tirelo ya Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Kitso e e Tswang Kwa Modimong e Araba Dipotso Tse Dintsi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Rera ka Botlhale
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 12/96 ts. 8

Lefoko la Modimo le Naya Kaelo

1 “Re tshela mo lefatsheng leo le nang le mathata a le mantsi thata mme le na le ditharabololo di sekaenyana fela tsa one. Dimilione tse dintsi tsa batho ba bolawa ke tlala ka metlha. Dipalo tse di oketsegang tsa batho ba tshwakgolwa ke diokobatsi. Malapa a le mantsi go ya pele a a thubega. Go tlhakanela dikobo le balosika le tirisa dikgoka mo lelapeng ka metlha di gone mo dikgannyeng. Moya o re o hemang le metsi a re a nwang di tshelwa botlhole ka iketlo. Ka nako e e tshwanang, ba le bantsintsi ba rona ba welwa ke bokebekwa.”

2 Ke tsela e buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? e simololang ka yone. Tsenyeletso ya yone e tshwanela sentle thata gompieno go feta ka nako ya fa buka eno e ne e gatisiwa mo dingwageng tse supa tse di fetileng. Batho ba tlhoka go itse gore Lefoko la Modimo le naya kaelo e bile le naya ditharabololo tsa mathata otlhe a a ba aparetseng. Ka December re tla leka go thusa batho ka go ba tsamaisetsa buka ya Bibela—A ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? New World Translation of the Christian Greek Scriptures e teng ka Seburu, Sesotho, Sexhosa le Sezulu mme re tla bo re dira sentle fa re e tsamaisetsa batho ba ba buang dipuo tseno. Gone mme, go tlogelela motho buka fela ga go netefatse gore o tla amogela kaelo ya Modimo. Re tshwanetse go dira maeto a go boela ka boikaelelo jwa go simolola thuto ya Baebele. Re tlhomamisega gore re tla bona thuso fa re dira boiteko jo bo ntseng jalo. (Math. 28:19, 20) Dipuisano dingwe tse di akantshitsweng ke tseno:

3 Fa o kopana le motho yo o godileng o ka nna wa leka go bua le ene ka tsela eno: ◼“A nka go botsa jaana: Fa o ne o santse o le mmotlana, batho mo lefelong la lona ba ne ba tshwarana jang? [Letela karabo.] Gompieno dilo di fetogile, a ga go a nna jalo? O akanya gore ke ka ntlha yang fa dilo di fetogile jaana? [Letela karabo.] Totatota re bona go diragala ga boporofeti jo bo mo Baebeleng. [Bala 2 Timotheo 3:1-5.] Mo godimo ga gore Baebele e tlhalose ka tlhomamo tsela e lefatshe le leng ka yone gompieno, e solofetsa lefatshe le le botoka mo isagweng e e gaufi. Ka lebaka leo re kgothaletsa batho botlhe go bala Baebele.” Mo bontshe buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, mme o bo o mmontsha kgaolo 10, e e tlhalosang ka boporofeti jo bongwe jo re bo boneng bo diragala. Tsamaisa buka ka moneelo wa R4,00.

4 Fa o boela kwa mothong yo o godileng yo o mo tlogeletseng Baebele le buka, o ka nna wa re:

◼“Fa re ne re buisana mo nakong e e fetileng, re ne ra dumalana gore ka ditsela tse dintsi, tsela e batho ba tshelang ka yone gompieno e nnile maswe fela thata fa e bapisiwa le ka fa ba neng ba tshela ka gone mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng. Lefa go ntse jalo, ke tlile go go bontsha gore Baebele e naya ditebelelo tsa lefatshe le le botoka thata mo isagweng. [Bala Tshenolo 21:3, 4.] Go itse gore seno ke Lefoko la Modimo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go bona gore ke eng se sengwe se Baebele e se buang.” Bula buka ya Lefoko la Modimo mo go kgaolo 14, o bo o bala dirapa 3-4. Mmolelele gore o ka rata go mo tshwarela thuto ya Baebele ya legae ya mahala.

5 Fa o buisana le mosha, o ka nna wa re: ◼“Ke tla rata go go botsa potso: Jaaka mosha, a o akanya gore o na le lebaka la go nna le tsholofelo ka ga isagwe? O bona isagwe jang? [Letela karabo.] Ka lesego, go na le lebaka la mmatota la go nna le tsholofelo ka isagwe. [Bala Pesalema 37:10, 11.] E re ka batho ba na le dipono tse di farologaneng ka Baebele le diteng tsa yone, re gatisitse buka eno e e reng Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? Tlhokomela mabaka ao e re nayang one a go bala Baebele. [Bala dirapa 16-17 mo ditsebeng 10-11.] Fa re tlhomamisega gore se Baebele e se buang ke boammaaruri, re nna le tsholofelo e e tlhomameng ka isagwe. Fa o rata go bala buka eno, ke tla itumelela go go tlogelela khopi ka moneelo wa R4,00.”

6 Fa o boela o ya go bona mosha yo o amogetseng buka ya “Lefoko la Modimo,” o ka nna wa simolola ka go bolela jaana: ◼“Ke itumeletse go utlwa ka fa o amegileng ka gone ka isagwe. Gakologelwa gore ke go bontshitse temana ya Baebele e e re solofetsang isagwe e e itumedisang le e e sireletsegileng. E nngwe ke eno. [Bala Tshenolo 21:3, 4.] Buka e ke go e tlogeletseng e naya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Baebele ke Lefoko la Modimo, e seng la batho. Ntlha eo e na le mo gogolo mo e go bolelang. Tlhokomela gore e bolelang. [Bala dirapa 1-2 mo ditsebeng 184-5.] Fa o ne o ka rata, ke tla itumelela go ithuta Baebele le wena mahala.”

7 Motho yo o sa itseng gore a batle kae kaelo e le gore a ka lebana le mathata a botshelo, a ka nna a arabela mo puisanong eno: ◼“Re tshela mo nakong eo mo go yone mo e ka nnang mongwe le mongwe a lebaneng le mathata a a masisi. Ba bantsi ba ya kwa bagakoloding ba ba farologaneng gore ba ba kaele. Bangwe ba batla thuso kwa bathong ba ba dirisanang le badimo. O akanya gore re ka bona kae kgakololo ya mmatota e e tla re tswelang mosola? [Letela karabo.] Baebele e tlhalosa ntlha nngwe ya botlhokwa e rotlhe re tshwanetseng go e lemoga.” Bala Jeremia 10:23. Bula buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? mo tsebeng 187, o bo o bala serapa 9. “Buka eno e tla go thusa go lemoga ka fa mathata otlhe a rona a tla fedisiwang ka gone mo Bogosing jwa Modimo. A o ka rata go e bala?” Tsamaisa buka ka moneelo wa R4,00.

8 Fa e le gore mo loetong lwa ntlha lo buile ka kafa motho a tlhokang kaelo ka gone, o ka nna wa tsweledisa motlotlo ka go bua jaana fa o dira loeto lwa go boela: ◼“Fa re ne re kopane la ntlha, re ne ra dumalana gore re tlhoka kaelo e e tswang kwa Modimong fa re batla go emelana ka katlego le mathata a botshelo. Malebana le seo, ke akanya gore o tla rata dikakgelo tse di konelang tse di dirilweng mo bukeng e ke go e tlogeletseng. [Bala dirapa 12-13 mo tsebeng ya 189 mo bukeng ya Lefoko la Modimo.] Ke ka itumelela go go tshwarela thuto ya Baebele ya legae mahala, mme ke ipaakanyeditse go go bontsha gore re e tshwara jang gone jaanong.”

9 Jehofa o tla segofatsa maiteko a rona jaaka fa re thusa bagolo le basha ka tsela e e tshwanang go anaanela botlhokwa jwa Lefoko la Modimo le kaelo ya lone mo botshelong jwa rona.—Pes. 119:105.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela