LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/97 ts. 3-4
  • Re Tshwanetse go Nna Barutisi, e Seng Bareri Fela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Tshwanetse go Nna Barutisi, e Seng Bareri Fela
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsela ya go Dira Barutwa ka Buka ya Kitso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Go Sekaseka Gape Tiro e e Potlakileng ya go Dira Barutwa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Go Jala le go Nosetsa—Dikgato Tse di Gogelang kwa go Direng Barutwa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ela Tlhoko ‘Botswerere Jwa Gago Jwa go Ruta’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 12/97 ts. 3-4

Re Tshwanetse go Nna Barutisi, e Seng Bareri Fela

1 Go ile ga bolelwa gore “Basupi ba ga Jehofa ba neetse bosupi mo lefatsheng lotlhe fela.” Ba ile ba kgona go dira seno jang? E seng ka thata kana ka maatla a motho, mme ka moya wa Modimo o o dirang mo batlhankeng ba gagwe fa ba ntse ba dirisa dilo tse di farologaneng tse a ba neileng tsone go diragatsa thomo ya bone ya go rera le ya go ruta.—Seka. 4:6; Dit. 1:8.

2 Dibuka tse di gatisitsweng ke tsela e e molemo thata ya go diragatsa tiro ya rona ya go rera. Mo dingwageng tse di fetileng, diketekete tsa dimilione tsa dibuka, dibukana, diboroutšhara, dimakasine le dipampitshana di ile tsa gatisiwa le go phatlalatswa ke Basupi ba ga Jehofa go thusa go itsise ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Dipego mo go 1997 Yearbook di bontsha gore go gatisiwa ga dibuka go tlhatlogile thata. Go fitlha jaanong, go gatisitswe dikhopi tse di fetang dimilione di le 91 tsa New World Translation. Mo ngwageng o le mongwe fela palo ya Tora ya Tebelo le Tsogang! tse di ileng tsa gatisiwa kwa United States e ile ya tlhatloga ka diperesente di le 7,1. Kwa Jeremane, go gatisiwa ga dimakasine go ile ga tlhatloga ka diperesente di le 35. Go feta nngwetharong ya dimakasine tse di gatisitsweng koo e ne e le tsa tshimo ya kwa Russia.

3 Ke ka ntlha yang fa go tlhokega dikgatiso di le dintsi jaana? Mo lefatsheng ka bophara, go ile ga arabelwa ka tsela e e molemo thata mo kgothatsong e re e neetsweng ya go neela bosupi gongwe le gongwe koo batho ba ka fitlhelwang gone. Ka go bo bontsi jwa rona re oketsa tiro ya rona ya go neela bosupi—mo mafelong a batho botlhe, mo mebileng le mo tshimong ya dikgwebo—go tsamaisiwa dibuka tse dintsi mo bathong ba ba bontshang kgatlhego. Bontsi jwa batho bano gantsi ga ba ise ba ko ba nne le tshono ya go utlwa molaetsa wa Bogosi mo nakong e e fetileng. Go fitlhelela seno, diphuthego di boloka dibuka tse di farologaneng gore ba di dirise mo dikarolong tsotlhe tsa bodiredi.

4 Mokgele wa Rona ka go Tsamaisa Dibuka ke Eng? Mokgele wa rona ga se go tsamaisa dibuka fela. Thomo ya go dira barutwa e akaretsa dilo tse pedi—go rera le go ruta. Sa ntlha, re na le tshiamelo ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi, re lemosa batho gore ke jone fela tsholofelo ya batho. (Math. 10:7; 24:14) Dikgatiso tsa rona tse di thailweng mo Baebeleng ke sedirisiwa se se sa bolong go itshupa fa se le mosola e bile se kgona go tsosa kgatlhego le go naya ba bangwe kitso ka ga Bogosi.

5 Sa bobedi, fa e le gore re batla go dira barutwa, re tshwanetse go ruta dilo tsotlhe tse Jesu a di laetseng. (Math. 11:1; 28:19, 20) Gape, dikgatiso di na le seabe se segolo mo go tsenyeng boammaaruri mo dipelong tsa baithuti, di ba thusa go nna barutwa.

6 Batho ba ba amogelang dikgatiso ba ka nna ‘bautlwi ba lefoko,’ mme ga se gantsi ba tla nnang badiri ba lone fa ba sa thusiwe ke ope. (Jak. 1:22-25) Ke ba se kae fela ba ba tla tsamayang ba nna barutwa fa ba sa kaelwe. (Dit. 8:30, 31) Ba tlhoka yo o tla ba rutang, gore a ba thuse go iponela ka bobone boammaaruri jo bo fitlhelwang mo Dikwalong. (Dit. 17:2, 3) Mokgele wa rona ke go ba thusa gore ba gatele pele go ya ntlheng ya gore ba ineele le go kolobediwa le go ba thapisa go tshwanelega sentle go ruta ba bangwe.—2 Tim. 2:2.

7 Go Tlhokega Thata Barutisi ba ba Oketsegileng: Fa re rera, re bolela dikgang tse di molemo phatlalatsa. Le fa go ntse jalo, go ruta go akaretsa go tswelela o laya motho. Fa go rera gone go lemosa ba bangwe ka molaetsa wa Bogosi, go ruta ba bangwe go ba thusa go amogela dikgang tse di molemo le go tsaya kgato ka tsone. (Luke 8:15) Morutisi o dira se se fetang go bolela; o a tlhalosa, o akanya le motho a dirisa dintlha tse di molemo, o ntsha bosupi le go tlhatswa motho pelo.

8 Ba le bantsi ba rona ka mo go kgonegang ba tshwanetse go nna barutisi, e seng bareri fela. (Baheb. 5:12a) Go tsamaisa dikgatiso ke karolo e e botlhokwa ya tiro ya rona, mme go fitlhelela mokgele wa bobedi wa bodiredi jwa rona kgabagare go ikaegile ka gore re dirang jaaka barutisi. Le fa gone re ka itumela fa re tsamaisitse dibuka, gore re wetse bodiredi jwa rona ka botlalo, ga re a tshwanela go leba go tsamaisa buka e le mokgele wa rona wa bofelo. (2 Tim. 4:5) Go tsamaisa dikgatiso ke tsela e e molemo ya go bula ditshono tsa go ruta ba bangwe boammaaruri.

9 Dira Maeto a go Boela Gore o Simolole Dithuto Tsa Baebele: Rotlhe re ka ne re tsamaisitse dibuka tse dintsinyana, diboroutšhara le dimakasine, se se dirang gore re nne le maeto a le mmalwa a go boela. Re tshwanetse gore re rulaganye nako ka metlha go boela gore re ye go tsosa kgatlhego. Boikaelelo jwa rona jo bogolo fa re boela ga se fela go tsamaisa dibuka tse dingwe mme ke go kgothaletsa batho go bala le go solegelwa molemo ke se ba setseng ba na le sone. Rona ka borona re ka bo re gatetse pele semoyeng go le kana kang fa mongwe a ne a sa boela gangwe le gape go tla go re thusa go nna le kitso ya boammaaruri?—Joh. 17:3.

10 Boela kwa go botlhe ba ba bontshitseng kgatlhego ka maikaelelo a go simolola thuto ya Baebele ka boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? kana ka buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Dikgatiso tse pedi tseno di tlhalosa molaetsa wa Bogosi ka tsela e e tlhaloganyegang motlhofo. Boroutšhara jwa Re Direng e na le thuto e e tseneletseng e e akaretsang dithuto tsa konokono tsa Baebele. Buka ya Kitso e kgontsha motho go ruta boammaaruri ka tsela e e tseneletseng, le fa go ntse jalo e le ka tsela e e motlhofo, e e phepafetseng le ka bokhutshwane.

11 Thulaganyo e e tlhofofaditsweng ya go ruta, jaaka e tlhalositswe mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1996, e dira gore go nne motlhofo mo morutising go ruta le mo moithuting go ithuta. Boloka khopi ya tsenyeletso eo fa gaufi gore o kgone go boeletsa ditsela le mekgwa ya go ruta e e itshupileng e le mosola thata. Dikakantsho dingwe tse e di ntshang di akaretsa go nna le kgatlhego ya mmatota mo moithuting, gore o tshwanetse go bala go le kana kang ka nako ya thuto, gore o dirisane jang le dipotso tse di sa amaneng le se se ithutiwang, kafa morutisi mmogo le moithuti ba ka baakanyetsang thuto go sa le gale ka gone le tsela ya go kaela moithuti kwa phuthegong ya ga Jehofa. Ka go latela dikakantsho tseno, bontsi jwa rona, go akaretsa le ba ba sa tswang go kopanela, re tla kgona go tshwara dithuto tse di gatelang pele.

12 Dipego ka ga Matswela a Mantle mo Tshimong: Boroutšhara jwa Re Direng le buka ya Kitso di itshupile e le didirisiwa tse di molemo go re thusa go akofisa tiro ya go dira barutwa. Fa a ne a amogela boroutšhara jwa Re Direng, mokaulengwe mongwe kwa Bolivia o ne a e dirisa ka yone nako eo go simolola thuto le monna mongwe. Morago ga dikgwedi di le nnè kwa kopanong ya kgaolo, moithuti yono o ne a le gareng ga bayakolobetsong ba ba itumetseng!

13 Ba le bantsi ba tlhotlhelediwa go neela matshelo a bone mo go Jehofa fa ba sena go fetsa thuto ya bone mo bukeng ya Kitso. Mo phuthegong nngwe kwa Angola, palo ya dithuto tsa Baebele tse di tsamaisiwang ke baboledi di ile tsa oketsega go tswa go 190 go ya go 260 mme palo ya ba ba nnang gone kwa dipokanong e ne ya menagana gabedi go tswa go 180 go ya go 360 mo dikgweding di le nnè fela fa buka ya Kitso e sena go dirisiwa mo kgaolong eo. Moragonyana fela ga moo, go ne ga tlhokega gore go tlhomiwe phuthego e nngwe gape.

14 Fa a sena go simolola thuto ya gagwe ya ntlha mo bukeng ya Kitso, mokaulengwe mongwe o ne a re go e tsamaisa go “motlhofo fa motshwari a botsa fela dipotso, a bala ditemana dingwe tse di amanang le se se ithutiwang mme a tlhomamisa gore moithuti o a tlhaloganya.” Le fa gone a ne a ntse a akanya gore ke bakaulengwe ba ba tshwanelegang thata fela ba ba ka tshwarang dithuto tse di gatetseng pele tsa Baebele mme ene a se kitla a kgona go dira jalo, o ne a lemoga gore o ne a ka kgona, mme a re: “Fa nna ke kgona, mongwe le mongwe a ka kgona.”

15 Ke fa re tshwara dithuto tsa Baebele jaaka karolo ya bodiredi jwa rona re ka kgonang go diragatsa mokgele wa rona wa go dira barutwa. Ba ba ileng ba ithuta go dira karolo eno ya bodiredi ba go fitlhela go kgotsofatsa e bile duela thata. E kete go ka buiwa le ka rona gore le rona re ‘rera bogosi jwa Modimo e bile re ruta dilo tse di leng kaga Morena Jesu Keresete ka kgololesego e kgolo thata ya go bua.’—Dit. 28:31.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela