Dikgang Tsa Puso ya Modimo
Afrika Borwa: Re itumela mmogo le Diphuthego tsa Waterval (Dennilton), Tongaat le Umlazi East, tse di ileng tsa neela Diholo Tsa Bogosi tsa tsone mo kgweding ya July. Seno se dira gore palo yotlhe ya Diholo Tsa Bogosi tse di neetsweng mo ngwageng wa tirelo wa 1997 e nne tse 17.
Mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1997, tsebe 3, dirapa 4 le 5, re ne ra kgothalediwa gape go ithaopela go ema tiro eno e e molemo nokeng. A o ile wa arabela mo kopong e e ileng ya dirwa ya gore o tlatse foromo ya Kingdom Hall Construction Worker Questionnaire (S-82)?