Tsweetswee a e Neelwe Molebedi wa Sekolo
Poeletso ya dibuka di tswetswe ya dintlha tse di ileng tsa ithutiwa mo dikabelong tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo tsa dibeke tsa September 1 go ya go December 22, 1996. Dirisa pampiri e nngwe kwa thoko go kwalela mo go yone dikarabo tsa dipotso tse dintsi ka mo o ka kgonang ka gone mo nakong e e beilweng.
[Ela tlhoko: Ka nako ya fa go kwalwa poeletso eno, ke Baebele fela e e ka dirisiwang go araba potso epe fela. Dikgatiso tse di tlang morago ga dipotso ke tsa fa o dira dipatlisiso wena ka namana. Dinomoro tsa tsebe le tsa serapa di ka nna tsa se tlhagelele mo dikarolong tsotlhe tse o tshwanetseng go di bona tsa Tora ya Tebelo.]
Araba nngwe le nngwe ya dipolelo tse di latelang ka Boammaaruri kana Maaka:
1. Go ka bo go se na boikepo bope fa e le gore Modimo o ka bo a ile a dira gore dibopiwa tse di botlhale di se ka tsa nna le boikgethelo. [rs-TN ts. 93 ser. 2]
2. Mo go Luke 22:30, “ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele” di tshwana le ba ba mo go Mathaio 19:28, koo e sa bueng fela ka baperesiti ba ba kafa tlase ga Jesu mme e akaretsa le batho botlhe. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w87-TN 3/1 ts. 27 ser. 10; ts. 28 ser. 12.]
3. Lebaka la go bo barutwa ba ga Jesu ba mo gakgamalela go bo a bua le mosadi wa Mosamaria e ne e le ka go bo a tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang. (Joh. 4:27) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w95-TN 7/15 ts. 15 dir. 1-2.]
4. Polelo e e reng “go tswa ka tshimologong” mo go Johane 6:64, e bontsha gore ka nako e Judase a neng a tlhophiwa go nna moaposetoloi ka yone, Jesu o ne a itse gore e ne e tla nna ene yo a tla Mo okang. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona it-2 ts. 129 dir. 4-6; rs-TN ts. 420 ser. 4–ts. 421 ser. 1.]
5. Molaomotheo wa Mokgatlho wa 1884 o ne o bontsha gore o ne o tla nna mokgatlho o o gatisang fela. [jv-TN ts. 576 ser. 1] 6. Ekesodo 21:22, 23 e re thusa go bona gore Modimo o leba ngwana yo o iseng a tsholwe wa motho e le botshelo jo bo botlhokwa. [kl-TN ts. 128 ser. 21]
7. “Moletlo wa Bajuda” o o umakiwang mo go Johane 5:1 ke Tlolaganyo ya 31 C.E. [si-TN ts. 194 ser. 8]
8. Go anamisa molaetsa wa Bogosi ka go o gasa ka radio le thelebishene go molemo fela jaaka mokgwa ope fela o re ka o dirisang. [jv-TN ts. 572 ser. 3]
9. Temana ya 1 Petere 3:3, 4 ga e gane gore go dirisiwe mekgabiso ya gouta le ditlolontlafatsi ka tsela e e siameng le ka tekatekanyo fela jaaka e sa thibele gore go aparwe diaparo tsa ka fa ntle. [rs-TN ts. 51 ser. 1]
10. Go sa kgathalesege gore a balaodi ba puso ba lebiwa e le ba ba siameng kana ba sa siama, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go kwadisa manyalo a bone sentle mo go bone. [kl-TN ts. 122 ser. 11]
Araba dipotso tse di latelang:
11. Go dumalana le sekao sa Bakeresete ba kwa Efeso ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ke kgato efe e e botlhokwa e e tshwanetseng ya tsewa go lwantshana le meya e e bosula? (Dit. 19:19) [kl-TN ts. 114 ser. 14]
12. Baengele bangwe ba ne ba leofa jang mo motlheng wa ga Noa? [kl-TN ts. 109 ser. 4]
13. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a sa batle go tsaya letlhakore mo kgannyeng ya boswa? (Luke 12:13, 14) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w97-TN 4/1 ts. 28.]
14. Barutwa ba ne ba sa lemoge eng fa ba ne ba botsa Jesu gore a o ne a tlile go busetsa Iseraele Bogosi jwa yone, jaaka go kwadilwe mo go Ditiho 1:6? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w90-TN 6/1 ts. 11 ser. 4.]
15. Ke ka ntlha yang fa Adolf Hitler a ne a palelwa ke go diragatsa maikaelelo a gagwe a go fedisa batho ba ga Jehofa? [jv-TN ts. 553 dir. 2-4]
16. Ke ka ntlha yang fa mosadi wa Mokeresete a rwala serwalo sa tlhogo mo mabakeng a a rileng? [rs-TN ts. 50 ser. 1]
17. Ke ka ntlha yang fa Thanolo ya Lefatshe le Lesha e re “Lefoko e ne e le modimo” mme e seng “Lefoko ya bo e le ene Modimo,” jaaka dithanolo tse dingwe di dira mo go Johane 1:1? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona rs-TN ts. 200 ser. 3.]
18. Go ya ka buka ya Tshenolo, go tla diragala eng ka “ba ba dirisanang le meya” fa ba sa sokologe le go fetola ditsela tsa bone? [kl-TN ts. 111 ser. 8]
19. E re ka Jesu e ne e le monna yo o itekanetseng e bile a amogela boemo jwa gagwe jwa go nna Morutisi, ke ka ntlha yang fa a ne a sa dumele go bidiwa “Moruti yo o Molemo”? (Luke 18:18, 19) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w95-TN 3/1 ts. 15 ser. 7.]
20. Ke eng se se neng se le sesha mo taolong e ntšha e e mo go Johane 13:34? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w90-TN 2/1 ts. 21 dir. 5-6.]
Tsenya lefoko kana polelwana e e tlhokegang go feleletsa polelo nngwe le nngwe mo go tse di latelang:
21. Jehofa o ne a tlhopha mongwe yo o neng a tla tsaya maemo a ga Judase Isekariota fa barutwa ba ga Jesu ba sena go rapela mme ba tshela bola malebang le ․․․․․․․․,le ․․․․․․․․. (Dit. 1:24-26) [Bona w90-TN 6/1 ts. 11 ser. 6.]
22. “Bomaena ba le lesome” ba emela ․․․․․․․․ a barutwa ba ba tsetsweng ka moya ba ka a dirisang go tlhagisa ․․․․․․․․ ba ba oketsegileng ba Bogosi jwa selegodimo. (Luke 19:13) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w89-TN 10/1 ts. 8.]
23. Ditatofatso tse tharo tse Bajuda ba neng ba latofatsa Jesu ka tsone mo go Pilato, molaodi wa Moroma wa kwa Judea, di ne di akaretsa go sokamisa ․․․․․․․․, go itsa go duelela ․․․․․․․․, le gore o ne a re Ene ka Esi ke ․․․․․․․․. (Luke 23:2) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w90-TN 12/1 ts. 9 ser.1.]
24. Bakeresete ba boammaaruri ga ba keteke Keresemose kana letsatsi lepe fela la boikhutso le le tswang mo ditumelong tsa bodumedi jwa maaka ka gonne ba naya Jehofa ․․․․․․․․; gape ga ba keteke malatsi a boikhutso a a ․․․․․․․․ batho kana ditšhaba tse di ratang boleo. [kl-TN ts. 126 dir. 16]
25. Buka ya Ditiro e ne ya kwalwa ke Luke fa a ne a le kwa Roma. [si-TN ts. 199 ser. 3]
Tlhopha karabo e e siameng mo go nngwe le nngwe ya dipolelwana tse di latelang:
26. Ka 1992, baithuti ba ba fetang (2 500; 4 500; 6 500) go tswa kwa dinageng di le (40; 80; 110) ba ne ba thapisitswe kwa Gileate mme morago ga moo ba ile ba direla kwa dinageng le ditlhopha tsa ditlhaketlhake tse di fetang (100; 150; 200). [jv-TN ts. 524 ser. 2]
27. Ka (1877; 1879; 1881) Charles T. Russell o ne a gatisa bukana ya The Object and Manner of Our Lord’s Return, mme ka (1877; 1879; 1881), o ne a simolola go gatisa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence. [jv-TN ts. 557 ser. 1]
28. Go tshela botshelo jwa bomodimo go tlhomamisa gore (re tla tshwarwa sentle ke ba bangwe ka metlha; re tla nna le dithoto tse dintsi gone jaanong; re tla amogelwa ke Modimo ka gonne re dira se se siameng). [kl-TN ts. 118 ser. 2]
29. Fa Jesu a ne a botsa moaposetoloi Petere, “A o nthata go feta tseno?,” O ne a botsa Petere gore a o ne a Mo rata go feta kafa (a neng a rata barutwa ba bangwe ka teng; barutwa ba bangwe ba neng ba rata Jesu ka gone; a neng a rata dilo tseno, tse di jaaka ditlhapi). (Joh. 21:15) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w88-TN 11/1 ts. 31 ser. 9.]
30. Gantsi ba ba ileng ba etelela pele mo go anamiseng dikgang tse di molemo e nnile (batho ba ba humileng; batho ba ba tseelwang kwa godimo ke lefatshe; batho fela). [9, jv-TN ts. 548 ser. 5]
Lebaganya lengwe le lengwe la makwalo ano le ntlha e e dumalanang le lone: Math. 5:14-16; Dia. 3:9, 10; Luke 9:60, 62; 13:4, 5; Joele 2:28, 29
31. Jesu o ne a re tlhagisa kgatlhanong le kgopolo ya tlholelo a bolela ka bomadimabe bongwe jo bareetsi ba gagwe ba neng ba bo itse jo a ileng a re bo ile jwa diragala ka ntlha ya motlha le bowelo. [ Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w96-TN 9/1 ts. 5 ser. 5.]
32. Basadi ba ka nna bareri, baboledi, badiredi ba dikgang tse di molemo ka kwa ntle ga dipokano tsa phuthego. [rs-TN ts. 49 ser. 3]
33. Motho o tlhoka go ineela ka moya otlhe gore a tle a tsene mo Bogosing. [si-TN ts. 192 ser. 32]
34. Jehofa o tla re segofatsa fa re ntse re dirisa nako, maatla le dilo tse dingwe, go akaretsa le madi a rona go tsweledisa kobamelo ya boammaaruri pele. [kl-TN ts. 120 ser. 8]
35. Ba e leng Bakeresete ba tshwanetse go supa mo lefatsheng kaga leina la Modimo le maikaelelo a gagwe. [rs-TN ts. 226 ser. 4]