Dikgang Tsa Puso ya Modimo
Benin: Go ne go na le baboledi ba le 5331 ba ba neng ba bega ka November, mme eo e ne e le tlhora ya bo59 ka go latelana ya baboledi.
Cyprus: Koketsego ya diperesente di le 2 ka November e ile ya dira tlhora e ntšha ya baboledi ba le 1 758. Gape go ne go na le tlhora e ntšha ya babulatsela ba ka metlha, ka ba le 136 ba ba neng ba bega.
India: Go ne ga nna le kgatelo pele e kgolo mo tirong ya go rera ka November fa baboledi ba le 18 077 ba ne ba bega tirelo ya bone ya tshimo. Eno e ne e le tlhora ya bo39 ka go latelana.
Liberia: Tlhora e e kwa godimo thata ya baboledi ba le 2 120 ba ne ba bega tirelo a bone ka November.
Solomon Islands: Go ne ga fitlhelelwa tlhora e ntšha ya baboledi, ka ba le 1 393 ba ba neng ba bega ka November.
Taiwan: Go fitlha jaanong palogare ya baboledi mo ngwageng ono wa tirelo ke 3 516, mme seo se emela koketsego ya diperesente di le 6 go feta ngogola.