Dikgang Tsa Puso ya Modimo
Afrika Borwa: Ka May go ne ga neelwa diholo di le tlhano, e leng Tableview (kwa Cape Town), le Makwane, Makong, Tseseng le Tseki (kwa Qwa-Qwa). Diholo tse nnè tsa kwa Qwa-Qwa di ne tsa neelwa mo letsatsing le le lengwe fela, mme palo yotlhe ya ba ba neng ba le gone e ne e le 616.
Komiti ya Kgaolo ya Kago ya Witwatersrand e ne ya romela motšhine o o dirang ditene kwa Qwa-Qwa mme bakaulengwe ba lefelo leo ba ne ba dira ditene di le 20 000 tsa diholo tseno mo dibekeng di le nnè fela. Ka April Komiti ya Kgaolo ya Kago ya Witwatersrand le baithaopi ba bangwe ba ba fetang 200 ba ne ba ya go aga diholo tseno kwa Qwa-Qwa, e e leng sekgala sa dikilometara tse di fetang 700 go ya le go boa. E re ka go ne go dirisiwa mokgwa o mosha wa go kopanya ditene tse di tshwaraganang ka botsone di sa tlhoke semente, diholo tseno tse nnè di ne tsa wediwa mo malatsing a le marataro ba thusiwa thata ke bakaulengwe ba lefelo leo. Mabota a holo ya bofelo a ba tsere diura di le nnè fela gore a fitlhe kwa marulelong!
Ka Matlhatso, May 30, 1998, baemedi ba Bethele le maloko a Dikomiti Tsa Kgaolo Tsa Kago ba ba tswang Afrika Borwa, Angola, Malawi, Mozambique, Zambia le Zimbabwe ba ne ba nna le seminara e e malebana le go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi ka ditshenyegelo tse di kwa tlase. Ba ne ba abelana dikgopolo tse dintsi tse di molemo ka boikaelelo jwa go akofisa thulaganyo eno ya kago gore diphuthego di le dintsi di agelwe diholo tse di ka kgonang go di duelela.
Go neetswe diholo tse dingwe tse tharo ka June, e leng Ganyesa (kwa Bokone Bophirima), Valschfontein (kwa Mpumalanga) le Queenstown. Seno se dira gore palo yotlhe ya Diholo Tsa Bogosi tse di neetsweng monongwaga e nne 27.