Dikgang Tsa Bolegodimo
Afrika Borwa: Go kgakotswe Diholo tsa Bogosi tse di latelang: Diepkloof (kwa Soweto), Amanzimtoti, Lenasia (kwa borwa jwa Gauteng), le Eersterust (kwa Pretoria).
Benin: Pego ya April e bontsha gore baboledi ba le 2 793 ba ne ba tshwara dithuto tsa Bibela tsa magae di le 4 442 mme ba ne ba dira maeto a go boela a le 30 814. Dipalo tseno ke ditlhora tse disha tse di nnileng gone tse tharo.
Bulgaria: Mo ngwageng o le mongwe fela, palo ya baboledi bao ba neng ba bega ka March e ile ya oketsega go tswa go 107 go ya go 218. Eo e ne e le koketsego ya 104 lekgolong. Baboledi ba dirile palogare ya diura di le 19,7 mo tirelong ya tshimo mme palogotlhe ya dithuto tsa Bibela tsa magae tse di tshwerweng e ne e le 585. Kopano ya bone ya ntlha ya letsatsi le le kgethegileng e ne e tshwerwe ka March, ka ba ba nnileng gone ba le 900.
Czechoslovakia: Go nnile le tlhora e ntšha ya baboledi ba le 25 111 ya ba ba neng ba bega ka March. Eno e ne e le koketsego ya 9 lekgolong go feta palogare ya ngogola.
Ecuador: Ba ba nnileng gone mo Segopotsong ngogola ba ne ba le 99 987. Ka tlhora e ntšha ya baboledi ba le 21 734 ka April, go solofelwa koketsego e e tswelang pele.
Jeremane: Ka March go begile baboledi ba le 159 821, eo e leng koketsego ya 3 lekgolong go feta palogare ya ngogola.
Nicaragua: Go fitlheletswe ditlhora tse disha mo e ka nnang mo karolong nngwe le nngwe ya tirelo ya Bogosi ka April. Bao ba nnileng gone mo Segopotsong ba ne ba feta palogotlhe ya baboledi go menagane ga tlhano, eo e ileng ya fitlha go 9 629 ka kgwedi eo.