LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/99 ts. 3
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
km 3/99 ts. 3

Dikitsiso

◼ Mpho ya buka ka March: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R5,00 tsa khabara e e thata le R3,75 tsa khabara e e seng thata kana dibuka dipe fela tsa bogologolo tsa ditsebe di le 192 tse lo nang le tsone mo setokong ka moneelo wa R1,00. Go tla dirwa maiteko a a kgethegileng a go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele ka buka ya Kitso. April le May: Dikhopi tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Dira gore o nne le boroutšhara jwa Re Direng go bo neela batho ba ba kgatlhegang mme o leke go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. June: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R5,00 tsa khabara e e thata le R3,75 tsa khabara e e seng thata.

◼ Baboledi ba ba tla ratang go direla e le babulatsela ba ba thusang ka April le ka May ba tshwanetse go dira dithulaganyo tsa bone gone jaanong mme ba tlatse dikopo tsa bone nako e sa ntse e le teng. Seno se tla thusa bagolwane gore ba dire dithulaganyo tse di tlhokegang tsa tshimo le go nna le dimakasine le dibuka tse dingwe tse di lekaneng. Maina a botlhe ba ba amogetsweng go tsaya bobulatsela jo bo thusang a tshwanetse a itsisiwe phuthego.

◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka March 1 kana ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa seno se dirilwe, itsise phuthego morago ga gore go balwe pego e e latelang ya diakhaonto.

◼ A o ka kgona go direla kwa go nang le tlhokego e e kgolwane? Go ne ga ntshiwa lenaane la mafelo mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 1998. Fa e le gore o na le kgatlhego e bile o ka kgona go dira jalo, tlotla ka gone le bagolwane ba gago mme o kwalele Mokgatlho.

◼ Segopotso se tla tshwarwa ka Labone, April 1, 1999. Fa e le gore phuthego ya lona e tshwara dipokano ka Labone, di tshwanetse tsa fetolelwa kwa letsatsing le lengwe mo bekeng eo fa e le gore Holo ya Bogosi e tla bo e sa dirisiwe. Fa e le gore seno ga se kgonege, mme Pokano ya lona ya Tirelo e amiwa ke seno, dipuo tse di dirang thata mo phuthegong ya lona di ka nna tsa akarediwa mo Pokanong e nngwe ya Tirelo.

◼ Kgatiso ya 1997 ya Watchtower Library e e mo CD-ROM jaanong e setse e le teng ka Seesemane, Sefora, Sentadiana, Sepotokisi le Se-Spain ka R51,00 baboledi le babulatsela. Tsweetswee gakologelwang gore kgatiso eno ga ya tshwanelwa go abiwa phatlalatsa, go bewa kwa dilaeboraring tsa sekolo kana ya neelwa batho ba ba bolelang fela gore ba kgatlhegela Basupi ba ga Jehofa. Watchtower Library ke kgatiso e e rulaganyeditsweng baboledi ba phuthego mme e ka bonwa fela ka phuthego.

◼ Go lo thusa gore lo dire dithulaganyo tsa go nna teng kwa kopanong ya kgaolo ya 1999, re itumelela go lo neela matlha a a ka nnang a fetolwa.

DECEMBER 10-12:

Bisho (Sexhosa)

Bloemfontein (Seburu, Seesemane, Sesotho)

Cape Town (Puo ya Diatla, Seburu, Seesemane, Sexhosa)

Pretoria (Sepedi, Sesotho, Setswana)

St. Helena (Seesemane)

Windhoek (Seburu/Seesemane, Sekwanyama)

DECEMBER 17-19:

Empangeni (Sezulu)

Gaborone (Seesemane, Setswana)

George (Seburu/Seesemane)

Kokstad (Sexhosa)

Manzini (Seesemane, Sezulu)

Maseru (Sesotho)

Pietermaritzburg (Sezulu)

Soweto (Sezulu 1)

DECEMBER 24-26:

Durban (Puo ya Diatla, Seesemane)

Johannesburg (Puo ya Diatla, Seburu, Seesemane, Sepotokisi)

KaNyamazane (Sezulu)

Port Elizabeth (Seburu, Seesemane)

Port Elizabeth (Sexhosa)

Pretoria (Sezulu)

Soweto (Sesotho)

Springs (Sesotho, Sezulu)

DECEMBER 31–JANUARY 2, 2000:

Durban (Sezulu)

Ermelo (Sezulu)

Lebowakgomo (Sepedi)

Mafikeng (Setswana)

Newcastle (Sezulu)

Phalaborwa (Setsonga)

Soweto (Sezulu 2)

Thohoyandou (Sevenda)

Umtata (Sexhosa)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela