Dikgakololo Tsa Segopotso
Monongwaga Segopotso se ketekiwa ka Labone, April 1. Bagolwane ba tshwanetse go tlhokomela dintlha tse di latelang:
◼ Fa go beiwa nako ya pokano eno, tlhomamisang gore ditshwantshetso ga di tsamaisiwe pele ga letsatsi le phirima.
◼ Mongwe le mongwe, go akaretsa le sebui, o tshwanetse go bolelelwa nako e e siameng le lefelo le le siameng le go tla ketekelwang kwa go lone.
◼ Ga go tlhokege go batla modulasetulo, ka gonne sebui gape se tla bo se ntse se dira karolo eno.
◼ Go tshwanetse ga batliwa senkgwe le beine tse di tshwanetseng le gore di baakanngwe.—Bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1985, tsebe 17.
◼ Diboroto, digalase, tafole le letsela la tafole tse di tshwanetseng di tshwanetse go tlisiwa kwa holong le go baakanngwa go sa le gale.
◼ Holo ya Bogosi kana lefelo le lengwe le go tla kopanelwang kwa go lone di tshwanetse go phepafadiwa go sa le gale.
◼ Go tshwanetse ga tlhophiwa balebedi le ba ba tla tsamaisang ditshwantshetso mme ba tshwanetse go laelwa go sa le nako ka dithulaganyo tse di siameng le ka ditiro tsa bone.
◼ Go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa go isetsa batlodiwa ba ba lwalang kana ba ba sa kgoneng go nna gone.
◼ Fa e le gore Holo ya Bogosi e tla bo e dirisiwa ke diphuthego di feta e le nngwe, go tshwanetse ga nna le tirisanommogo mo diphuthegong tseo go tila go nna le pharakano e e sa tlhokegeng mo diphasiking, mo dikgorong, mo bophaphathong jwa tsela le mo go emisiwang dikoloi teng.