Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Albania: Pego e ntšha ya baboledi ba le 1 556 ba ba begileng ka January ke koketsego ya diperesente di le 20 go feta palogare ya ngogola.
◼ Belau: Palogotlhe ya baboledi ba le 73 ka December ke koketsego ya diperesente di le 20 go feta palogare ya ngogola le koketsego ya diperesente di le 22 go feta ngwagatlola ka December.
◼ Canada: Go ne ga tlhomiwa babulatsela ba basha ba ka metlha ba le 460 ka January 1, 1999.
◼ United States: Mokgatlho o tlhomile dikomiti tsa namolo ya dikotsi tsa masetlapelo gore di baakanye tshenyo e e bakilweng ke ditsuatsue kwa borwa jwa United States. Seno se ne se akaretsa tshenyo e e bakilweng ke morwalela kwa Texas le e e bakilweng ke Kgwanyape ya Georges kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Florida. Baagelani ba ne ba gakgamadiwa ke ka moo Mokgatlho o neng o rulagantse go thusa bakaulengwe ka teng le ka moo tiro ya namolo e neng e dirwa ka teng.