LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/99 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa May

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa May
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka May 3
  • Beke e e Simololang ka May 10
  • Beke e e Simololang ka May 17
  • Beke e e Simololang ka May 24
  • Beke e e Simololang ka May 31
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
km 5/99 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo Tsa May

Beke e e Simololang ka May 3

Pina 7

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.

15 mets: “Rulaganya Dilo Go sa Le Gale!” Puo e e tlhatlhobang ditiro tsotlhe tsa puso ya Modimo tse di rulaganyeditsweng go dirwa mo phuthegong ya lona mo dikgweding di le mmalwa tse di tlang. Kgothaletsa botlhe go tshwaya matlha mo dikhalendareng tsa bone le gore ba se ke ba letla dilo tse dingwe go ba kgoreletsa.

15 mets: Ke Eng se se Phoso ka Bodumedi Jwa Me? Motlotlo wa batlhanka ba babedi ba bodiredi. Re kopana le batho ba bantsi ba ba ratang boammaaruri e bile ba kgatlhegela Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, ba kgorelediwa ke tsela e ba ratang kereke ya bone ka yone. Ba bona go le thata go dumela gore ke rona fela re nang le bodumedi jwa boammaaruri le gore mofuta wa bone wa kobamelo ke wa maaka. Seno ke sone se se ba kgoreletsang gore ba gatele pele semoyeng. Bakaulengwe bano ba tlhatlhoba mabaka a le marataro a a umakilweng mo tsebeng ya 57 ya buka ya Go Fetolana, a a tlhalosang ka phepafalo gore madumedi a mangwe ga a latele Baebele. Kgothaletsa bareetsi gore ba dirise dintlha tseno fa ba thusa ka botlhale ba ba peloephepa go itshekatshekela dilo tse madumedi a bone a di dumelang.

Pina 11 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 10

Pina 15

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.

20 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

15 mets: Ke Eng Se o Rulaganyang go se Dira mo Dikgweding Tse di Tlang? Lelapa le tlhatlhoba dithulaganyo tsa lone tsa go nna le seabe mo letsholong la tshimo e e sa abiwang, go nna teng kwa dikopanong tse dinnye le e kgolo, go tsenela bobulatsela jo bo thusang, go ya malatsing a boikhutso le go itapolosa. Ba tlotla ka moo ba ka rulaganyang ka teng go dira bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo le ka moo ba ka bo dirang ka teng, mme ba dira pontsho ya ka moo ba ka simololang motlotlo ka teng. Gatelela botlhokwa jwa go nna le thuto ya Baebele ka namana le ya lelapa, go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego fa lo etetse golo gongwe, le go bega tiro ya lona ya tirelo ya tshimo kwa phuthegong ya lona. Lelapa leno le gakologelwa maitemogelo a a molemo a ba nnileng le one mo nakong e e fetileng fa ba ne ba le mo matsholong a tshimo e e sa abiwang le boipelo jo ba nnileng le jone fa ba ne ba etetse diphuthego tse dingwe. Ba tlhatlhoba ditsela tse ba ka bontshang moya wa go amogela baeng go baeng bape ba ba tlang mo phuthegong.

Pina 19 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 17

Pina 27

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.

20 mets: “Ruta ba Bangwe Gore ba Solegelwe Molemo.” Matseno a gago a se ke a feta motsotso o le mongwe, mme a latelwe ke motlotlo wa dipotso le dikarabo. O dirisa kgaolo ya 13 mo bukeng ya Kitso, bontsha ka moo batho ba ka solegelwang molemo ka teng ke tsela e e mosola ka go ithuta, go tlhaloganya le go dirisa melaometheo ya Baebele.

15 mets: Lebokoso la Dipotso. Puo ka mogolwane. Dira gore e dumalane le maemo a phuthego ya lona.

Pina 29 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 24

Pina 41

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.

20 mets: “Tsela ya go Rarabolola Mathata ka Kagiso.” Puo e e theilweng mo go Tora ya Tebelo ya November 1, 1998, ditsebe 4-7. Dira gore e dumalane le maemo a phuthego ya lona.

20 mets: A re Na le Seabe mo Tirong ya go Tlhaola? Puo e e rotloetsang ka molebedi wa tirelo, e e theilweng mo go Tora ya Tebelo ya July 1, 1997, ditsebe 30-1.

Pina 32 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 31

Pina 43

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola botlhe go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa May. Tlhatlhoba mpho ya buka ya June. Fa lo tsamaisa buka ya Kitso, lo ka nna lwa tsamaisa le khopi nngwe le nngwe fela ya dibuka tsa bogologolo ya ditsebe di le 192 tse di leng dintsi mo setokong sa phuthego ya lona. Dira pontsho ya ka moo seno se ka dirwang ka teng.

30 mets: “Ditsela Tsa go Atolosa Bodiredi Jwa Gago.” Bagolwane ba babedi ba tlotla ka setlhogo seno go arabela dipotso tse di boditsweng ke bareetsi ba ba farologaneng. Mmoledi yo mosha, banyalani le mokaulengwe yo o mo dingwageng tsa go tlogela tiro ya boitshediso ba botsa kaga ditsela tse ba ka atolosang bodiredi jwa bone ka gone. Kgothaletsa botlhe ba ba ka kgonang go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone. (Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 1998, tsebe 6.) Go na le dikakantsho tse di mosola mo setlhogong se se mo kgaolong ya 9 ya buka ya Bodiredi jwa Rona, ba tlhomile mogopolo mo go se se reng “Mekgele ya Gago ya Semoya ya Isagwe ke Efe?,” mo ditsebeng 116-18. Baboledi ba bontsha kanaanelo ka tshedimosetso e e mosola e Mokgatlho o neelaneng ka yone e e bontshang ka moo go ka rulaganngwang ka teng go atolosa tirelo mo bogautshwaneng.

Pina 50 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela