Etsa Jehofa Yo o Sa Tlhaoleng
1 Jehofa o amegile ka batho. O amogela mongwe le mongwe yo o dirang thato ya gagwe a sa tlhaole. (Dit. 10:34, 35) Jesu le ene fa a ne a rerela batho o ne a sa ba tlhaole. (Luke 20:21) Re tshwanetse go etsa sekao sa bone, jaaka Paulo a ne a dira, yo o neng a kwala jaana: “Go na le Morena a le mongwe fela godimo ga botlhe, yo o humetseng botlhe ba ba mmitsang.”—Bar. 10:12.
2 Go bolelela batho botlhe ba re kopanang le bone dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo go tlisetsa Modimo kgalalelo. Re tshwanetse go tswelela pele re abela batho ba bangwe molaetsa ono o o itumedisang, re sa lebe lotso lwa bone, maemo a bone mo setšhabeng, thutego, kana boemo jwa bone jwa madi. (Bar. 10:11-13) Seno se kaya go rerela batho ba ba reetsang—banna, basadi, basha le batho ba ba godileng. Re tshwanetse go tsena mo ntlong nngwe le nngwe gore re neele mong wa ntlo mongwe le mongwe sebaka sa go utlwa boammaaruri.
3 Kgatlhegela Mongwe le Mongwe: Mokgele wa rona ke go buisana le mongwe le mongwe ka mo re ka kgonang ka teng. Ba ntse ba akantse ka seno, baboledi bangwe ba ne ba atlega fa ba neela batho bosupi kwa diofising tsa dingaka, kwa dikokelong, mo magaeng a go tlhokomela batsofe, mo diofising tsa boitekanelo le mo mafelong a go thusa batho go fola. Mo godimo ga moo, baboledi ba ile ba neela batsamaisi ba diphitlho, baokamedi le bagakolodi ba dikolo, le baatlhodi bosupi. Fa re buisana le badiredibagolo, go tshwanetse gore re ba bolelele gore re anaanela ditirelo tse di mosola tse ba di direlang batho. Bontsha tlotlo, mme o tlhophe ditlhogo tse di tshwanelang tse di buang thata ka mofuta wa tiro e ba e dirang le mathata a a amanang le yone.
4 Ka nako nngwe, kgaitsadi mongwe o ne a kgona go buisana le moatlhodi mongwe mo ofising ya gagwe. Fa ba sena go tlotla monate, o ne a akgela jaana ka boene: “O itse gore ke eng se ke se ratang ka Basupi ba ga Jehofa? Ba na le melaometheo e e tlhomameng e ba sa e fapogeng.” Motho yono yo o nang le taolo e kgolo o ne a neelwa bosupi ka tsela e e molemo.
5 Ga re kgone go bala dipelo tsa batho. Le fa go ntse jalo, fa re buisana le mongwe le mongwe yo re kopanang le ene, re bontsha fa re dumela gore Modimo o kgona go kaela tiro ya rona. Mo godimo ga moo, seno se neela batho sebaka sa go utlwa le go tsibogela molaetsa wa tsholofelo. (1 Tim. 2:3, 4) E kete re ka dirisa nako ya rona ka tsela e e botlhale le go leka go etsa Jehofa yo o sa tlhaoleng ka go fitlhelela batho botlhe ka mo re ka kgonang ka gone ka dikgang tse di molemo.—Bar. 2:11; Baef. 5:1, 2.