A re Ka Dira April 2000 Kgwedi E e Di Gaisang Tsotlhe?
1 Maitseboa a Laboraro, April 19, e tla bo e le nako ya botlhokwa mo ngwageng wa rona wa tirelo. Mo letsatsing leo, fa letsatsi le ntse le phirima go dikologa lefatshe, phuthego nngwe le nngwe le setlhopha sengwe le sengwe sa Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe ba tla bo ba tshwara Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Gongwe le gongwe kwa re nnang teng, go keteka setlhabelo sa ga Jesu Keresete e tla nna tiragalo e e tlhomologileng ya ngwaga ono. Letlha la Segopotso le tshwailwe mo lebokosong la “Khalendara ya Puso ya Modimo ya April 2000,” e e tsamaisanang le setlhogo seno e e mo tsebeng ya 6 ya tsenyeletso eno.
2 Kgwedi yotlhe ya April e re naya sebaka se se molemo go bontsha ka moya otlhe tsela e re anaanelang ka yone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa jo a bo bontshitseng ka setlhabelo sa Morwawe. Re ka dira seno jang? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lorato lo Keresete a nang le lone lo a re patelela, ka gonne seno ke se re se sweditseng, gore motho a le mongwe o ne a swela botlhe; jalo, he, botlhe ba ne ba sule; mme o ne a swela botlhe e le gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele yo o neng a ba swela a ba a tsosiwa.” (2 Bakor. 5:14, 15) Ee, mo kgweding ya April re ka supa gore ga re itshelele mme re tshelela yo o neng a re swela, re dira gore kgwedi eno e nne e e di gaisang tsotlhe mo bodireding jwa Bogosi!
3 Ikwadisetse Bobulatsela jo bo Thusang ka April: Moaposetoloi Paulo o ne a re tlhomela sekao se se tlhotlheletsang fa a ne a bolela jaana: “Ga ke tseye moya wa me e le o o botlhokwa o o rategang mo go nna, fa fela ke ka wetsa tshiano ya me le bodiredi jo ke neng ka bo amogela jwa Morena Jesu, gore ke neye bosupi ka botlalo jwa dikgang tse di molemo tsa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.” (Dit. 20:24) Re na le tshiamelo e e tshwanang ya go naya bosupi ka botlalo kaga Jehofa Modimo. Ka ntlha ya seo, re tla rata go dira gore April e nne kgwedi e e nnileng le babulatsela ba bantsi ba ba thusang go di gaisa tsotlhe!
4 E re ka April 2000 e na le mafelobeke a le matlhano, e tla nna kgwedi e e siameng gore ba le bantsi ba ka tsenela bobulatsela. Ka April 1990, fa Afrika Borwa e ne e fitlhelela palo e kgolo go gaisa tsotlhe ya babulatsela ba ba thusang, ba ba 9 562 ba ba neng ba nna le seabe ba ne ba emela diperesente di le 19 tsa baboledi botlhe. Dingwaga di le robongwe moragonyana, palogotlhe ya baboledi ba ba begileng ka April 1999 e oketsegile ka diperesente di ka nna 32. Seno se raya gore re ka kgona go feta palo e kgolo go gaisa tsotlhe tse re kileng ra di fitlhelela mo nakong e e fetileng ya babulatsela ba ba thusang. Mo godimo ga moo, fa e sa le ka nako eo, palo ya diura tse di batlegang e ile ya fokodiwa, e leng se se dirang gore ba le bantsi mo phuthegong ba kgone go tsenela tirelo eno. Mmoledi mongwe le mongwe yo o kolobeditsweng o tshwanetse go akanyetsa ka thapelo gore a a ka kgona go nna mmulatsela yo o thusang mo kgweding eno ya April.
5 O ka simolola gone jaanong go rulaganyetsa dilo tsa kgwedi e e latelang ka go dirisa “Khalendara ya Puso ya Modimo ya April 2000.” Swetsa gore ke malatsi afe a o tla kgonang go nna le seabe ka one mo tirelong ya tshimo mme o kopanye diura tsotlhe tse o akanyang gore o tla di dirisa o rera kgwedi yotlhe. Akaretsa le nako e o ka e dirisang o neela ba bangwe bosupi jo bo tlwaelegileng le jo e seng jwa ka tlwaelo. A palo eo yotlhe e dira diura di le 50 tse di batlegang mo babulatseleng ba ba thusang? Fa di tlhaela, a o ka dira diphetogo dipe fela mo thulaganyong ya gago gore o ithekele nako ya go nna mmulatsela yo o thusang? O tla tlhoka fela go dira ura e le nngwe le metsotso e le 40 letsatsi le letsatsi gore o fitlhelele diura di le 50 ka kgwedi.
6 E re ka jaanong diura tse di batlegang mo babulatseleng ba ka metlha le tsone di fokoditswe, a o a tle o akanyetse go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng? O letetseng? April e tla nna kgwedi e e siameng go simolola ka yone! Fa e le gore ga o tlhomamisege gore o tla kgona go fitlhelela diura di le 70 tse di batlegang mo babulatseleng ba ka metlha, ke ka ntlha yang fa o sa nne mmulatsela yo o thusang ka April mme o itlhomele mokgele wa go dira diura di le 70? Fa o setse o bone gore o ka kgona go go dira, o ka nna wa rata go dira kopo ya gore o nne mmulatsela wa ka metlha ka bonako jo bo ka kgonegang.—Bona Bodihedi jwa Rona, ditsebe 113-14.
7 Nna le Seabe ka Botlalo o le Mmoledi wa Dikgang Tse di Molemo: Mo go rona rotlhe, baboledi le babulatsela, go rata Modimo le moagelani ka mmatota ke gone go re tlhotlheletsang go dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirelong ya ga Jehofa go ya kafa maemo a rona a re letlang ka teng. (Luke 10:27) Ka jalo re bontsha gore “re dira ka natla e bile re iteka go dira seno, ka gonne re aegile tsholofelo ya rona mo Modimong o o tshelang, o o leng Mmoloki wa batho ba mefuta yotlhe, segolobogolo wa ba ba boikanngo.” (1 Tim. 4:10) Ke gone ka moo re tshwanetseng go solofela gore batho botlhe ba tla dira ka natla ka April, mongwe le mongwe a na le seabe ka botlalo mo tirong ya Bogosi.
8 A re se lebaleng kgothatso ya ga Jesu ya gore: “Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, lopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” Fa Jesu a se na go bua seno, o ne a bitsa baaposetoloi ba gagwe ba le 12 mme a ba roma go ya go rera. (Math. 9:37, 38; 10:1, 5, 7) Ngwaga morago ga moo, fa ba ba 12 ba sena go thapisiwa sentle mo tirong ya go rera, Jesu o ne “a tlhaola ba bangwe ba le masome a supa mme a ba romela,” a ba naya ditaelo tse di tshwanang: “Thobo e kgolo, eleruri . . . Jalo lopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Luke 10:1, 2) Buka ya Baebele ya Ditiro e bega kafa Jehofa a neng a araba dithapelo tseo ka teng. Ka Pentekosete ya 33 C.E., palo ya barutwa e ne e setse e tlhatlogetse go ba le 120. Mme ga fitlhelelwa dipalo tse di kwa godimo thata tsa barutwa ba le 3 000 le 5 000 ka go latelana. (Dit. 1:15; 2:41; 4:4) Morago ga moo, “palo ya barutwa ya nna ya ntsifala fela thata.” (Dit. 6:7) Ka tsela e e tshwanang, le mo motlheng wa rona, re tshwanetse go kopa Mong gore a nne a romele bareri ba ba oketsegileng ba Bogosi! Go dumalana le dithapelo tsa rona, mmoledi mongwe le mongwe wa phuthego o tshwanetse go dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go nna le seabe mo bodireding kgwedi le kgwedi.
9 Tsweetswee leba gape “Khalendara ya Puso ya Modimo ya April 2000.” E re ka malatsi a ntlha a kgwedi e le Matlhatso le Sontaga, a o ka dira dithulaganyo tsa go nna le seabe mo bodireding mo mafelobekeng ao, wa simolola sentle le kgwedi? Matlhatso, April 1, ke Letsatsi la rona le le Kgethegileng la Dimakasine. Mongwe le mongwe o tshwanetse a ikaelela go nna le seabe mo tirong ya dimakasine mo letsatsing leo. Le fa go ntse jalo, a o ka tshegetsa ‘Letsatsi lengwe le lengwe la Dimakasine’ mo kgweding yotlhe le setlhopha sa lona sa Thuto ya Buka ya Phuthego? Go tweng ka go dira ura e le nngwe kana go feta ka Sontaga mongwe le mongwe mo bodireding? A o ka rulaganya go nna le seabe mo go neeleng bosupi jwa maitseboa? Mme o se ka wa lebala go sola molemo ditshono tsotlhe tse o nang le tsone tsa go rera ka tsela e e seng ya ka tlwaelo kwa tirong, kwa sekolong kana fa o dira ditiro tse dingwe tsa letsatsi le letsatsi. Tshwaya malatsi a o ka a dirisetsang go nna mo bodireding, mme o dirise khalendara go boloka rekoto ya nako ya tirelo ya kgwedi yotlhe.
10 April e tla nna nako e e tshwanetseng ya gore botlhe ba ba tshwanelegang le ba ba dumeletsweng ke bagolwane ba simolole go nna baboledi ba ba sa kolobediwang. Fa o ithuta Baebele le motho mongwe, a motho yoo o gatetse pele ka tsela e e lekaneng go ka atamela molebedi yo o okamelang go kopa go tsewa jaaka mmoledi wa dikgang tse di molemo? Fa o na le bana ba ba sa kolobediwang, a o tlotlile le bagolwane ka kgatelopele ya bone ya semoya? A eno e ka se nne nako e e siameng ya gore ba simolole go nna baboledi?—Bona Bodihedi jwa Rona, ditsebe 97-100.
11 Fa re ntse re leka go dira gore April 2000 e nne kgwedi e e di gaisang tsotlhe, rotlhe re tshwanetse go nna le seabe mo bodireding mme re tlise pego ya rona ya tirelo ya tshimo fa kgwedi e fela. (Bapisa Mareko 6:30.) Baboledi ba basha ba ba sa kolobediwang ba ba nnang le seabe mo tirelong ya tshimo ka lekgetlho la ntlha ba tshwanetse go kgothalediwa go bega tirelo ya bone ka nako. Fa re dira seabe sa rona, re ka kgona go ntsha pego e e molemo ya April le go isetsa Jehofa mokgosi o mogolo wa pako ka maiteko a rona a go neela bosupi.
12 Tla le ba Bangwe mo Segopotsong: A re ka se itumelele go nna le palo e kgolo ya batho ba ba tlileng mo Segopotsong sa loso lwa ga Keresete sa ngwaga wa 2000? Ee! Go tla raya gore go kopane batho ba bantsi go gaisa botlhe go tla go bontsha kafa ba anaanelang ka teng ditsela tse dikgolo go gaisa tsotlhe tsa lorato tse Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba re bontshitseng tsone! (Joh. 3:16; 15:13) Dira dithulaganyo le fa e le dife tse di tlhokegang gore go se nne le sepe se se tla go thibelang kana sa thibela lelapa la gago go nna teng mo Segopotsong.
13 Gape eno ke nako ya go simolola go laletsa batho ba bangwe mo Segopotsong. Dira lenaane la batho botlhe ba o tla ratang go ba bona ba le teng. Akaretsa mongwe le mongwe yo o kileng a ithuta Baebele mo nakong e e fetileng, ba ba ithutang Baebele gone jaanong le batho botlhe ba o boetseng kwa go bone. Mo lenaaneng la gago akaretsa le batho botlhe ba o ba tlwaetseng kwa tirong, kwa sekolong le baagelani ba gago, mmogo le mongwe le mongwe yo o dirisanang le ena. O se ke wa lebala go akaretsa le batho ba bangwe ba o ba itseng le ba losika lwa gago. Morago ga go dira lenaane leno, simolola go laletsa mongwe le mongwe wa bone ka tlhoafalo o bua le bone ka namana. Ba tlhalosetse sentle gore Segopotso se tshwarwa leng mme se tshwarelwa kae. Fa April 19 e ntse e atamela, gakolola ba ba mo lenaaneng la gago, e ka tswa e le ka go bua le bone kana ka go ba founela. Ithaopele gore ba tsamaye le wena go ya kwa Segopotsong mo bosigong joo.
14 Tumalanong le kaelo ya Mokgatlho e e boletsweng mo nakong e e fetileng, setlhopha sa bagolwane se ka nna sa dira maiteko a a kgethegileng a go kgothaletsa baboledi botlhe ba ba tsidifetseng ba ba leng mo tshimong ya lona gore le bone ba nne teng mo Segopotsong. (Math. 18:12-14) Bagolwane ba ka rata go tlhatlhoba lekwalo le le tswang kwa Mokgatlhong la February 2, 1999. Mokwaledi wa phuthego o tshwanetse go dira lenaane la baboledi botlhe ba ba tsidifetseng mme molebedi wa tirelo a abele bagolwane go ba etela le go ba laletsa go nna teng mo Segopotsong. Gongwe ka go direlwa loeto lwa bodisa ka bonako fela morago ga moo, batho bano ba ba tsidifetseng ba ka thusiwa go tlhagafala gape mo bodireding jwa tshimo, le e leng ka April. Ba tla thusega fa ba abelwa go tsamaya le mmoledi yo o nang le boitemogelo mo tirelong ya tshimo.
15 Kgothaletsa Gore go Tshegetswe April ka Tsela e e Molemo! Go tla tlhoka gore bagolwane botlhe, batlhanka ba bodiredi le ditlhogo tsa malapa ba dirisane mmogo sentle gore April 2000 e nne kgwedi e e di gaisang tsotlhe. Bagolwane ba tla dira dilo ka manontlhotlho gore ba rulaganye sengwe le sengwe sentle le go etelela pele. (Baheb. 13:7) Go tla tlhokega gore go dirwe dithulaganyo tse di molemo tsa dipokano tsa tirelo ya tshimo fa gare ga beke le ka mafelobeke. Go ka nna ga dirwa dipokano tse di oketsegileng tsa tirelo tsa go rera maitseboa le ka lotlatlana. Thulaganyo e e feletseng ya se se tla dirwang ka April e tshwanetse ya bewa mo lomating lwa dikitsiso. Go tla tlhokega gore go nne le mongwe yo o abetsweng go tshwara pokano nngwe le nngwe e e rulagantsweng ya tirelo. Go tshwanetse ga nna le tshimo e e lekaneng gore setlhopha sengwe le sengwe se nne le tshimo.
16 Go tla tsamaisiwa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka April. Go tla tsamaisiwa boroutšhara jwa Re Direng mo go botlhe ba ba bontshang kgatlhego gore go simololwe dithuto tsa magae tsa Baebele le bone. Ka gone, go tshwanetse ga batliwa dimakasine le diboroutšhara tse di lekaneng.
17 Fa kgwedi e fela, batshwari botlhe ba thuto ya buka le bathusi ba bone ba tla batla go kgothaletsa mongwe le mongwe yo o mo setlhopheng sa bone gore a tlise pego ya tirelo ka bonako mo bofelong jwa kgwedi. Gongwe e bile seno se ka dirwa le ka Sontaga, April 30. Mme ka nako ya fa mokwaledi a kopanya dipego, fa a lemoga gore go na le baboledi bangwe ba ba sa tlisang tsa bone, a ka nna a ba gakolola ka lorato gore ba di tlise pele ga May 6, fa a tla bo a romela pego ya phuthego kwa Mokgatlhong. A ka nna a kopa batshwari ba thuto ya buka gore ba mo thuse go ikgolaganya le mmoledi mongwe le mongwe.
18 Nako ya Segopotso ke nako e e botlhokwa thata mo ngwageng mo bathong ba Modimo. E tshwanetse ya nna nako e ka yone rotlhe re dirang ka natla mo tirelong ya ga Jehofa. Go tla nna jalo fa mongwe le mongwe a nna le seabe ka botlalo ka mo go kgonegang ka gone e le mmoledi wa dikgang tse di molemo, fa ba ba ka kgonang go ikwadisetsa bobulatsela jwa ka metlha ba ka dira jalo, le fa re ka dira ka tlhoafalo mo go tliseng ba bangwe mo Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. A re rapeleleng masego a ga Jehofa a magolo ka tlhoafalo fa re ntse re leka go dira gore April 2000 e nne kgwedi e e di gaisang tsotlhe, go baka Modimo le go mo galaletsa!—Baheb. 13:15.
[Box on page 3]
Dipalo Tse Dikgolo go Gaisa Tsotlhe Tsa Babulatsela ba ba Thusang:
South Africa: 9 562 (April 1990)
Botswana: 160 (April 1993)
Lesotho: 326 (April 1990)
Namibia: 127 (April 1992)
St. Helena: 18 (May 1987)
Swaziland: 213 (April 1992)
[Box on page 4]
Dipalo Tse Dikgolo go Gaisa Tsotlhe Tsa Baboledi:
South Africa: 67 069 (August 1999)
Botswana: 1 153 (August 1998)
Lesotho: 2 573 (August 1999)
Namibia: 995 (August 1998)
St. Helena: 160 (November 1997)
Swaziland: 2 029 (August 1999)
[Box on page 5]
Dipalo Tse Dikgolo go Gaisa Tsotlhe Tsa Batho ba ba Nnileng Teng mo Segopotsong:
South Africa: 168 903 (1997)
Botswana: 3 535 (1997)
Lesotho: 7 056 (1995)
Namibia: 2 681 (1997)
St. Helena: 354 (1997)
Swaziland: 5 976 (1997)
[Chart on page 6]
Khalendara ya Puso ya Modimo ya April 2000
Sontaga Mosupologo Labobedi Laboraro Labone Labotlhano Matlhatso
1
LETSATSI
LE LE
KGETHEGILENG
LA DIMAKASINE
2 3 4 5 6 7 8
Letsatsi
la Dimakasine
9 10 11 12 13 14 15
Letsatsi
la Dimakasine
16 17 18 19 20 21 22
Mareko Mareko Mareko SEGOPOTSO
11:20–12:27, 14:1, 2, 14:12-16; FA LETSATSI
41-44 10, 11; Mathaio LE SENA GO
PUO E 14-16 26:1-5, PHIRIMA
E O Mathaio Mareko
KGETHEGILENG 26:17-19 14:17-15:1
Letsatsi
la Dimakasine
23 24 25 26 27 28 29
Letsatsi
la Dimakasine
30
Isa Pego
ya Gago
ya Tirelo
ya Tshimo
Tshwaya malatsi a o tla dirisang nako o le mo bodireding ka one. Dirisa khalendara eno go kwala nako ya tirelo ya gago ya kgwedi eno.