LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/01 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka May 14
  • Beke e e Simololang ka May 21
  • Beke e e Simololang ka May 28
  • Beke e e Simololang ka June 4
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 5/01 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka May 14

Pina 3

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Gakolola botlhe go ya kwa bathong ba ba kgatlhegang ba ba neng ba le teng mo Segopotsong go tswelela ba ba thusa semoyeng.

15 mets: A Dikhumo Di ka Go Itumedisa? Puo ka mogolwane, go tswa mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 15, 1998, ditsebe 4-6.

20 mets: “Lefoko la Modimo . . . le Naya Maatla.”a Akaretsa le dipontsho tse pedi tse di baakanyeditsweng sentle, go bontsha kafa metlotlo e mekhutshwane e ka remelelang thata ka teng mo Lefokong la Modimo.

Pina 31 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 21

Pina 52

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.

20 mets: Ba Tlhophile ka Botlhale. Puo go tswa mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 15, 1997, ditsebe 19-21, dirapa 3-16. Anela dilo tse babulatsela ba di boletseng, o bontsha lebaka la go bo ba akanya gore ba dirisitse matshelo a bone ka tsela e e duelang le e e mosola tota. Kgothaletsa botlhe ba ba leng gone go sekaseka maemo a bone go bona gore a ba ka se kgone go nna babulatsela.

15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

Pina 105 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 28

Pina 58

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi go naya batshwari ba thuto ya bone ya buka dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa May.

15 mets O Rulagantse go Dira Eng mo Dikgweding Tse di Tlang? Mogolwane kana motlhanka wa bodiredi le lelapa la gagwe ba tlotla ka dilo tse ba rulagantseng go di dira mo dikgweding tse di tlang. Ba bua ka ga go nna le seabe mo letsholong la tshimo e e sa abiwang, le go nna gone kwa kopanong ya potologo kana kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe, le go nna gone mo dithulaganyong tsotlhe tsa kopano ya kgaolo kwa bokhutlong jwa ngwaga. Lelapa le gakologelwa dilo tse di molemo tse di neng tsa ba diragalela fa ba ne ba bereka tshimo e e sa abiwang mo nakong e e fetileng le boipelo jo ba neng ba nna le jone ka go etela diphuthego tse dingwe. Gape ba tlotla ka bobulatsela jo bo thusang, gongwe le ka ga go tsaya malatsi a boikhutso le go ya go itlosa bodutu. Botlhe ba dumela gore ga ba batle go itlhokomolosa ditiro tsa puso ya Modimo tse di jaaka go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego, go nna le seabe mo tirelong ya tshimo le go tshwara thuto ya bone ya lelapa ya Baebele, le fa ba ka etela golo gongwe. Ba tla tlhomamisa gore ba naya motshwari wa thuto ya bone ya buka dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo ka bonako, go sa kgathalesege gore ba kwa gae kana ba etetse golo gongwe.

20 mets: “Abalana le ba Bangwe Go ya Ka Dilo Tse ba di Tlhokang.” Puo ka mogolwane yo o tshwanelegang. Dira gore e tshwanele boemo jwa phuthego ya lona.

Pina 79 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka June 4

Pina 100

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le maitemogelo a tirelo ya tshimo.

15 mets: “Nna le Seabe ka Botlalo mo Thobong.”b Fa o tlotla ka serapa 4, akaretsa sekao se se tswang mo go Tora ya Tebelo ya September 15, 1996, tsebe 18, serapa 10, go bontsha se bangwe ba se dirang go oketsa bodiredi jwa bone.

20 mets: “Re Berekile Tshimo ya Rona Gantsi!”c E tshwanetse go neelwa ke molebedi wa tirelo. (Diphuthego tse di sa berekeng tshimo ya tsone ka go e boaboeletsa gantsi di ka sekaseka gape setlhogo se se reng “Dimakasine di Itsise Bogosi,” mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 1998.) Tlhalosa gore ke eng se phuthego ya lona e ka se dirang go wetsa tshimo ya yone yotlhe ka botlalo. Anela maitemogelo a a tswang mo go 1997 Yearbook, tsebe 204, le Tora ya Tebelo ya February 15, 1996, tsebe 26. Gatelela botlhokwa jwa go boloka direkoto tse di siameng tsa ntlo le ntlo, go ya kwa matlong a go fitlhetsweng go se na batho kwa go one le go boela kwa bathong ka bonako.

Pina 142 le thapelo e e konelang.

[Footnotes]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela