A re Ageng Diholo Tsa Rona Tsa Bogosi Re bo Re di Tlhokomele
1 A bo re itumela jang ne go itse gore go na le Diholo Tsa Bogosi di le 600 tse di tsholeletsang kobamelo e e itshekileng kwa godimo mo mafelong a borwa jwa Afrika. Dikago tseno di dintle, di a bereka e bile ke tsa maemo a a lekanetseng. Bakaulengwe ba rona ba kopanela ka boipelo mo mafelong ano a mantle a kobamelo ao a itsiweng e le mafelo a re kgothatsanang mo go one.—Baheb. 10:24, 25.
2 Diholo tse disha tse 60 tse di neng tsa kgakolwa mo ngwageng o o fetileng di thusa baboledi ba le 3 539 le batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang. Re leboga botlhe bao ba neng ba tshegetsa tiro eno e kgolo ka pelo yotlhe ka ditsela tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, diphuthego tse di fetang 300 tse di tlhokometseng baboledi ba le 19 472 di sa ntse di tlhoka lefelo le le siameng la kobamelo. Ka lebaka leo, go ile ga tlhomiwa mokgele wa gore go agiwe diholo tse disha di le 100 mo ngwageng ono wa tirelo go akofisa thulaganyo ya go aga. Mokgele ono o lebega o ka fitlhelelwa fa go akanyediwa gore diporojeke tsa kago di le 84 di tsweletse gone jaanong mme diphuthego tse dingwe di le 104 di na le ditsha. E re ka bontsi jwa diphuthego tsa mo metsesetoropong mo tshimong ya rona di na le Diholo Tsa Bogosi, gone jaanong re beile tlhokomelo ya rona thata mo metseng le mo magaeng.
3 Nako le nako fa Holo ya Bogosi e agiwa mo motseng go nna le bosupi jo bo molemo. Kwa Botswana go ne ga nna le kgatlhego e ntsi fa go ne go agiwa holo ka bonako kwa motsemoshate. Basupi go tswa mo tikologong ya Johannesburg ba ne ba tsaya loeto ka mafelobeke, ba ithaopa go dirisa bokgoni jwa bone le didirisiwa tsa bone. Lokwalodikgang la Botswana Guardian lo ne lwa bega jaana: “A go Nne le Holo.” Mogasi mongwe wa radio o ne a ipelaetsa gore a tiro eno ya go aga e tsamaisana le dipatlafalo tsa semolao, a dira gore batho ba kgatlhegele tiragalo eno go ya pele. Mme le fa go ntse jalo balaodi ba ne ba ba letleletse e bile batho ba Gaborone ba ne ba lebeletse tiro eno ka kgatlhego ka malatsi a le mararo a a neng a latela. Morago ga mafelobeke The Midweek Sun e ne ya bega gore holo e Basupi ba neng ba “solofeditse gore e tla bo e fedile e bile e siametse go dirisiwa, eleruri e ile ya fediwa.”
A lo Tlhoka Holo ya Bogosi?
4 Bagolwane ba phuthego ba tshwanetse go tlotla ka kgang eno le molebedi wa potologo. Molebedi wa potologo a ka nna a rata go boeletsa dintlha di le lesome tse di mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 1994 mo tsebeng ya 6 le go ntsha dikakgelo tsa gagwe malebana le se phuthego e se tlhokang le bokgoni jwa yone. Gape o tla ntsha le aterese le dinomoro tsa thelefouno tsa modulasetulo wa komiti ya kgaolo. Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo di le 23 di na le dikaelo tse di tswang kwa ofising ya lekala e bile boitemogelo jwa bone mmogo le dikaelo di thusa diphuthego gore di se ka tsa itsenya mo mathateng fa ba reka setsha le fa ba rulaganyetsa tiro ya go aga. Fa phuthego e swetsa go aga Holo ya Bogosi go tla bo go tshwanela gore e tlhome komiti ya kago ya lefelo la bone.
5 E le gore re tswelele pele ka lobelo lono lo re tsamayang ka lone lwa go aga Diholo Tsa Bogosi, go tlhokega gore kgang eno ya go bona setsha sa Holo ya Bogosi se se kwadisitsweng kafa molaong e newe tlhokomelo ya ka bonako le e e sa kgaotseng. Tlhomamisang gore lo bona ditlankana tse di tshwanetseng fa setsha se rebolwa. Se tshwanetse sa bo se le mo leineng la phuthego, ka sekai, Sebokeng Congregation of Jehovah’s Witnesses. Tsweetswee gakologelwang gore diphuthego di tshwanetse tsa ikgolaganya le Komiti ya Kago ya Kgaolo pele fela thata ga go rekwa setsha sepe. Seno se botlhokwa e re ka setsha se lo se tlhophang se ka ama thata madi a go agiwa ga Holo ya Bogosi go ka a tlhokang. (Dia. 15:22) Komiti ya kgaolo e ka thusa phuthego go dira ditshwetso tse di siameng malebana le tsela e holo e tlileng go nna ka yone. Tsweetswee lo se ka lwa tswelela ka kago lo ise lo ikgolaganye pele le Komiti ya Kago ya Kgaolo. Seno se tla lo thusa gore lo se ka lwa aga kago e e tla jang madi a mantsi e bile e sa agiwa sentle. Ofisi ya lekala e rulagantse boroutšhara jwa dikago jo bagolwane ba ka tlhophang mo go jone. Ofisi ya lekala le yone e tshwanetse go dumelela go agiwa ga folete fa e le gore tota e a tlhokega.
6 Fa lo simolola ka kago ya Holo ya Bogosi, kgang ya tshegetso ya madi e tshwanetse ya tlotlwa sentle le (di)phuthego e e amegang. (Bona Memorantamo wa T-36, Information Regarding Ownership of Kingdom Halls wa January 1, 2001.) Bagolwane ba tshwanetse ba batlisisa mo lefelong la bone go bona gore (1) ke madi a a kana kang a a tlileng go ntshiwa moneelo kwa tshimologong gore go rekwe setsha le gore go duelelwe ditshenyegelo tsa go aga, le (2) gore ke madi a a kana kang a a tlileng go ntshiwa moneelo go duela madi ape fela a a adimilweng kwa ofising ya lekala le go duelela ditshenyegelo tsa go tsamaisa phuthego. Diphuthego dingwe tse dikgolo tse di setseng di na le Holo ya Bogosi di ithaopile go thusa phuthego nngwe e e golang gore e nne le Holo ya yone ya Bogosi. Diphuthego tseno ga di tlhoke go tsamaya di kopa madi mo bathong. Se di se dirang fela ke gore di adima madi a mannye go tswa kwa ofising ya lekala go tshegetsa kago e ntšha. A bo seno se tsenya moya o montle jang ne mo gare ga batho ba Modimo.
7 E re ka tiro ya go aga Holo ya Bogosi e batla madi a mantsi, Komiti ya Kago ya Kgaolo le bagolwane ba lefelo ba tshwanetse go tlhomamisa gore madi a dirisiwa sentle. Go tshwanetswe ga bolokiwa direkoto tse di nepagetseng tsa diakhaonto, mme phuthego e tshwanetse go newa pego e e utlwalang sentle kgwedi le kgwedi. Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go tlhomamisa gore madi a kago le diakhaonto tsotlhe tse di amanang le kago di tlhatlhobiwa kwatara nngwe le nngwe mo dikgweding tse di tshwanang le tse diakhaonto tsa ka gale tsa phuthego di tlhatlhobiwang ka tsone. Ka kakaretso phuthego e tshwanetse go nna yone e rebolang gore kago e tswelele pele fa e sena go bolelelwa dintlha ka botlalo le ditshenyegelo tse di fopholediwang. (Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1984 mo tsebeng ya 3.) Diphuthego dingwe di kopa Komiti ya Kago ya Kgaolo gore e nne yone e rekang ka madi a tsone fa seno se siame. Fa tiro ya go aga e fedile, go tshwanetse ga bo go na le pego e e bonalang sentle e e bontshang tsela e madi otlhe a dirisitsweng ka teng. Go tshwanetse ga tlhatlhobiwa ditshenyegelo mme di tlogelwe mo difaeleng tsa phuthego mme khopi ya Tshobokanyo ya Madi e romelwe kwa ofising ya lekala.—Bafil. 4:5.
8 Phuthego nngwe e potlana kwa metseselegaeng e ne ya fetsa holo ya yone le mororo ba ne ba ganediwa thata ke moruti mongwe yo o itsegeng. Kgang e ne ya felela kwa kgotlatshekelong ya ga mmakaseterata morago ga maiteko a le mantsi a go batla setsha, mme phuthego e ne ya newa kopo ya bone. Bothata jaanong e ne e le madi mme bakaulengwe ba ne ba swetsa ka gore ba rekise dikolobe. Madi a ne a tsenngwa mo akhaontong ya banka ya Holo ya Bogosi mme ka jalo ba ne ba kgona go simolola go aga. Fa madi a fela yo mongwe wa bakaulengwe o ne a rekisa kgomo le pitse. Moragonyana dinku di le lesome di ne tsa rekisiwa, mme gape le kgomo, pitse le dinku tse dingwe di le tlhano. Kgaitsadi mongwe o ne a ithaopela go reka pente yotlhe ya holo, yo mongwe khapete mme yo mongwe gape digaretene. La bofelo kgomo e nngwe le dinku tse tlhano di ne tsa rekisiwa gore go rekwe ditulo. Molebedi wa potologo o bolela gore bakaulengwe bano ba motlotlo fela thata ka holo ya bone. E ne ya fediwa ka gonne Jehofa a ne a segofatsa go intsha setlhabelo ga bone mo gogolo.
Go Tlhokega Baithaopi ba le Bantsi
9 Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo di bega gore go tlhokega baithaopi ba bangwe ba le bantsi. Eno ke tiro e e botlhokwa e e thusang go tshegetsa dilo tse di amanang le Bogosi mme balebedi ba potologo ba etse ntlha eno tlhoko thata. (1 Bakor. 15:58) Fa o eletsa go ithaopela go thusa ka kago ya Holo ya Bogosi mo lefelong la lona, e bile o le motlhanka wa bodiredi, mogolwane kgotsa Mokeresete yo o tlhomang sekao yo o nang le bokgoni bongwe, o ka nna wa kopa diforomo (S-82) tse pedi mo mokwaleding. Diforomo tse di tladitsweng di tshwanetse go isiwa kwa bagolwaneng, ba ba tla tsenyang dikakgelo tsa bone mme ba romele foromo kwa Komiting ya Kago ya Kgaolo. Fa maemo a gago a go letla mme o tshwanelega go ithaopa, o tla nna le masego a le mantsi fa o bona boitumelo jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago fa kago ya bone ya Holo ya Bogosi e weditswe.
Go Tlhokomela Lefelo la Rona la Kobamelo Sentle
10 Kwantle ga pelaelo o gakologelwa mafoko a ga moaposetoloi Paulo: “Modimo ke Modimo, e seng wa tlhakatlhakano, mme ke wa kagiso” le, “A dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.” (1 Bakor. 14:33, 40) Ka ntlha ya lebaka leo go tshwanetse ga tlhokomelwa gore Diholo tsa rona Tsa Bogosi di a tlotlega e bile di na le seriti ka dinako tsotlhe. Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba tshwanetse go dira bojotlhe go tlhoma sekao mo go tlotleng Holo ya Bogosi. Gantsi go na le bagolwane ba le babedi kgotsa ba le bararo kgotsa batlhanka ba bodiredi, ba ba abetsweng go rulaganya gore Holo ya Bogosi e tshwarwe sentle. Koo diphuthego di le pedi kana go feta di dirisang holo e le nngwe gone, go nna le bagolwane ba ba bopang komiti e e tlhokomelang go dira ga holo, mme e tlhokomela dikgang tse di tshwanang le tseno, mme mongwe le mongwe o tshwanetse go kgatlhegela holo ka tsela ya mmatota. Ba lemoga gore Holo eno ya Bogosi e neetswe Jehofa.
11 Bagolwane ga ba a tshwanela go dikadika fa go tlhokega gore sengwe mo holong se baakanngwe. (2 Ditir. 24:5, 13; 29:3; 34:8) Ngwaga le ngwaga Holo nngwe le nngwe ya Bogosi e tshwanetse go tlhatlhobiwa gore dilo tse di tlhokang go baakanngwa di baakanngwe ka bonako. Fa dilo tse di tlhokang go baakanngwa di baakanngwa ka metlha e bile di duelelwa jaaka fa go tshwanetse, diphuthego di ka se ka tsa duela madi a mantsi ka ntlha ya go ntšhafatsa holo, ka jalo ga ba kitla ba tlhoka go adima madi. Ka jalo, phuthego e tshwanetse go kgothadiwa gangwe le gape go tlhomamisa gore go na le madi a a lekaneng go tlhokomela lefelo la bone la kobamelo. Diakhaonto tse di tshwanang le tsa metsi le motlakase di tshwanetse go duelwa ka bonako. Diphuthego dingwe di ne tsa se ka tsa duela dituelo tse di ntseng jalo, tsa salela kwa morago, mme seno se senya leina la batho ba ga Jehofa. Setlhopha sa bagolwane le sone se tshwanetse go tlhomamisa gore moneelo wa bone o o yang go Thulaganyo ya Thuso ya Holo ya Bogosi o ntshiwa ngwaga le ngwaga. Go botlhokwa gore phuthego nngwe le nngwe e tshegetse thulaganyo eno.
12 Holo nngwe le nngwe ya Bogosi e tshwanetse go nna le lefelo le le bolokang dilo tse di tlhokwang, didirisiwa le dilwana tsa go phepafatsa tse di bolokiwang di le phepa le bothakga. Ba ba berekang mo dikhaontareng tsa dibuka le dimakasine ba tshwanetse go tlhomamisa gore mabokose a a se nang sepe le dipolasetiki tse di phuthelang ga di a gasama mo holong. (Baheb. 13:7) Mo Basuping ba ga Jehofa ba le dimilione, ga go na lefelo lepe le ba le ratang go gaisa lefelo la bone le ba kopanelang mo go lone ka metlha, e leng Holo ya Bogosi. Ba anaanela go nna le Holo ya Bogosi e bile ba dinatla mo go e tlhokomeleng. (Bona tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya May 2000.)
Tiro e e Larileng Kwa Pele
13 Ee, rotlhe re na le lebaka la go itumela fa re ntse re tlhokometse dilo tse di amanang le thobo. A bo re itumetse jang ne go nna le banna ba ba tlhomilweng ba ba etelelang pele mo dilong tsa semoya le mo go agiweng ga dikago tse di tlhokegang! Re tshwanetse go nna le moya wa go dirisana mmogo—go bereka mmogo le go tshegetsa tiro eno e e botlhokwa ka botlalo. (Pes. 133:1) Paulo o ne a kopa Bafilipi, a bolela jaana: “Tlatsang boipelo jwa me ka go nna ba mogopolo o o tshwanang e bile lo na le lorato lo lo tshwanang.”—Bafil. 2:2.
14 Letlole la Diholo Tsa Bogosi la ofisi ya lekala le sa ntse le thusa thata ka go adima diphuthego madi gore di age diholo tse disha. Diphuthego di le dintsi le batho ka metlha ba romela meneelo gore e tsenngwe mo letloleng leno mme lorato lwa lona le bopelotshweu jwa lona bo anaanelwa thata. Gape, diphuthego di le dintsi di akgolwa thata go bo di duela madi a tsone a Holo ya Bogosi a ba a adimilweng, kgwedi le kgwedi, ka go dira jalo ba bontsha gore ba leboga go bo ba neilwe thuso e e ntseng jalo e e molemo. Ka tsela eno ba tshegetsa letlole leno la kadimisano, le gape le tlamelang diphuthego tse dingwe tse dintsi tse di sa ntseng di tlhoka lefelo la go obamela.
15 E ka ne re tlhokometse holo ya rona, re ntsha meneelo ya Diholo Tsa Bogosi tse disha kgotsa re direla jaaka baithaopi ba kago, re ema re nitame mo letlhakoreng la Bogosi e bile re direla dilo tse di amanang le Bogosi jono ka boikanyegi. A bo e le tshiamelo e e tlhomologileng jang ne e re nang le yone ya go dira mmogo le go nna le seabe ka boitumelo le Jesu Keresete mo tirong ya ga Jehofa!
[Picture on page 5]
Rathanda, Gauteng
[Pictures on page 6, 7]
Morija, Lesotho
Otjiwarongo (e e mo gare kwa godimo), Namibia
Grange Westgate, Kwazulu-Natal
Gaborone North (e e kafa thoko mo godimo), Botswana
Ntabamhlophe (e e kafa thoko mo tlase), Swaziland
Nseleni, Kwazulu-Natal