Tswelela Pele go Solegelwa Molemo ke Tora ya Tebelo le Tsogang!
E re ka jaanong go sa tlhole go romelwa dipeeletso tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka poso, go tla tlhokega gore re tlhomamise gore rona le bao re ba rerelang ga re foswe le fa e le ke makasine o le mongwe fela.
Dimakasine Tsa Botho: Fa peeletso ya gago e fela, o oketse otara e o nang le yone gone jaanong kwa khaontareng ya dimakasine. Batsadi ba tshwanetse go otara dimakasine tse di lekaneng gore leloko lengwe le lengwe la lelapa le nne le khopi ya lone. Go kwala leina la gago mo khoping ya gago go tla tlhomamisa gore ga o e tsamaisetse batho kwa tshimong ka phoso. Fa dimakasine di goroga, bakaulengwe ba ba di tlhokomelang ba tla tlhomamisa gore mongwe le mongwe kwa Holong ya Bogosi o amogela makasine mongwe le mongwe wa bosheng ka bonako.
Go Isetsa Batho Dimakasine ka Metlha: Baboledi ba tshwanetse go leka go isetsa batho botlhe ba ba kgatlhegang dimakasine ka metlha, ba ba ratang go nna le nngwe le nngwe ya tsone. Go isetsa batho bao dimakasine ka bowena go tla go bulela sebaka sa go tlhagolela kgatlhego e ba e bontshitseng le go simolola dithuto tsa Baebele.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi, October 1998, tsebe 12.
Ba ba Nang le Ditlhoko Tse di Kgethegileng: Fa motho a bontsha kgatlhego ya mmatota mme a nna kwa tshimong e e sa abiwang, o ka nna a letlwa go amogela peeletso ya dimakasine ka poso. Fa motho yo o nnang mo tshimong ya phuthego ya lona a sa kgone go isediwa dimakasine ka metlha, mme a kgatlhegela thata go amogela dimakasine, tlotla seo le Komiti ya Tirelo ya Phuthego. Fa ba dumela, motho yo o kgatlhegang yoo o ka nna a direlwa peeletso. Go ka dirisiwa diforomo tsa peeletso (M-1 le M-101) di bo di romelwa mmogo le lekwalo le le tlhalosang boemo.
Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla tswela pele a segofatsa maiteko a rona a go itsise Bogosi re dirisa Tora ya Tebelo le Tsogang!