LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/02 ts. 5
  • Go Kgotsofatsa Se re Se Tlhokang Semoyeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Kgotsofatsa Se re Se Tlhokang Semoyeng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Reetsa Mme o Amogele Thuto e e Oketsegileng”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Reetsa Mme o Ithute
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Dikopano Tsa Kgaolo Tsa 1999 Tsa “Lefoko la Modimo la Boporofeti”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Rulaganya Gone Jaanong Gore o nne Gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1991 ya “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 10/02 ts. 5

Go Kgotsofatsa Se re Se Tlhokang Semoyeng

1 Kopano ya rona ya Kgaolo e e tlang ya “Baboledi ba ba Tlhoafetseng ba Bogosi,” e re naya sebaka se se molemo sa go kgotsofatsa se re se tlhokang semoyeng. Fela jaaka go ntse ka dijo tse di itekanetseng tsa mmatota, ga go pelaelo gore thulaganyo eno e tla re otla semoyeng “ka mafoko a tumelo.” (1 Tim. 4:6) E tla re thusa go atamalana thata le Jehofa. E bile re ka solofela go neelwa kgakololo le kgothatso e e tla re thusang go lebana le diteko tse di re tlelang mo botshelong. Jehofa o re tlhomamisetsa jaana: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” (Pes. 32:8) A bo re itumela jang ne go bo a re kaela ka lorato mo botshelong! Akanya ka ditsela dingwe tse di mosola tse ka tsone thulaganyo ya kopano e ka re solegelang molemo thata.

2 Re Tshwanetse go Baakanya Dipelo Tsa Rona: Mongwe le mongwe wa rona o na le boikarabelo jwa go sireletsa pelo ya gagwe ya tshwantshetso. (Dia. 4:23) Seno se batla gore re ikgalemele mme re amogele bokoa jwa rona re bo re bo baakanye. Kopano ke nako ya go tlhatlhanya ka botsalano jwa rona le Jehofa, nako ya go ‘tlhodumela mo molaong o o itekanetseng wa kgololesego.’ Gore re baakanye dipelo tsa rona go ‘amogela go jalelwa ga lefoko kwa teng,’ re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re tlhatlhobe, gore a supe gore a ga go na ‘tsela epe e e botlhoko mo go rona’ e e tlhokang go baakanngwa, le go re etelela pele kwa “tseleng ya bosakhutleng.”—Jak. 1:21, 25; Pes. 139:23, 24.

3 Reetsa O bo O Tlhatlhanye: Jesu o ne a akgolela Marea go reetsa ka tlhoafalo se a neng a se bua fa a ne a re: “Marea ene o tlhophile karolo e e molemo, mme ga e na go tsewa mo go ene.” (Luke 10:39, 42) Fa le rona re na le boikutlo jo bo tshwanang, ga re kitla re letla dilo tse di senang mosola di re itaya tsebe. Re tla tlhomamisa gore re nna fa fatshe re bo re reetsa ka nako yotlhe ya thulaganyo. Re tla tila go bua kgotsa go tsamayatsamaya go sa tlhokege mme re tla nna kelotlhoko gore re se ka ra itaya ba bangwe tsebe ka difouno tsa selula, di-pager, dikhamera le dikhamera tsa bidio.

4 Fa re ntse re reeditse dipuo, go molemo gore re kwale dintlha tse di tla re thusang go sekaseka ka fa setlhogo seo se tlhalosiwang ka gone. Re tshwanetse go golaganya se re se utlwang le se re setseng re se itse. Seno se tla re thusa go tlhaloganya le go boloka tshedimosetso eo. Fa re boeletsa dintlha tse re di kwadileng, re tshwanetse go dira seno ka maikaelelo a go di dirisa. Mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa jaana: ‘Seno se ama jang kamano ya me le Jehofa? Ke diphetogo dife tse ke tshwanetseng go di dira mo botshelong jwa me? Nka dirisa jang tshedimosetso eno fa ke dirisana le ba bangwe? Nka e dirisa jang mo bodireding?’ Tlotla le ba bangwe ka dintlha tse o di itumeletseng thata. Fa re dira jalo, seno se tla re thusa go boloka dipolelo tsa ga Jehofa ‘mo gare ga dipelo tsa rona.’—Dia. 4:20, 21.

5 A re Diriseng se re Ithutang Sone: Motlakopanong mongwe o ne a bolela jaana morago ga go nna teng kwa kopanong ya kgaolo: “Thulaganyo e ne e ama motho ka namana, e tlhotlheletsa mongwe le mongwe go tlhatlhoba pelo ya gagwe le ba lelapa la gagwe le go re neela thuso e e lorato ya Dikwalo mo go tlhokegang teng. E dirile gore ke lemoge boikarabelo jwa me jwa gore ke thuse phuthego ka tsela e e oketsegileng.” Gongwe bangwe ba rona ba ikutlwile ka tsela eo. Mme ga go a lekana go tswa mo kopanong re ikutlwa fela re kgothaditswe e bile re lapolositswe. Jesu o ne a re: “Fa lo itse dilo tse, lo sego fa lo di dira.” (Joh. 13:17) Re tshwanetse go leka ka natla go dirisa dintlha tse di re amang. (Bafil. 4:9) Eno ke yone fela tsela ya go kgotsofatsa se re se tlhokang semoyeng.

[Box on page 5]

Tlhatlhanya Ka se O se Utlwang:

■ Dilo tseno di ama jang kamano ya me le Jehofa?

■ Di ama jang tsela e ke dirisanang le ba bangwe ka yone?

■ Nka di dirisa jang mo botshelong jwa me le mo bodireding?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela