“Reetsa Mme o Amogele Thuto e e Oketsegileng”
1 Buka ya Diane e bua ka botlhale jaaka e kete bo tlhaeletsa bo re: “Reetsang, gonne ke bua ka dilo tse di kwa pelepele, mme ke bula dipounama tsa me kaga thokgamo. Ke na le kgakololo le botlhale jo bo mosola. . . . Ntheetsang; ee, go itumela ba ba bolokang ditsela tsa me. Gonne yo o mponang ruri o tla bona botshelo, mme o nna le kamogelo e e tswang kwa go Jehofa.” (Dia. 8:6, 14, 32, 35) Mafoko ano a tlhalosa sentle thuto e re letetseng go e amogela kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Barutisi ba Lefoko la Modimo.”
2 Go sekasekilwe dilo tse di tlhokwang ke bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe, mme thulaganyo ya kopano eno e rulaganyeditswe go bua ka ditlhoko tseo. Thuto ya semoya le dikakantsho tse di mosola tse re tlileng go di newa di ka re thusa go itumela fa re di dirisa, di ka re thusa go boloka botsalano jo bo molemo le Jehofa le go nna mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Ruri re na le lebaka le le utlwalang la go ‘reetsa mme re amogele thuto e e oketsegileng.’—Dia. 1:5.
3 Pele ga Thulaganyo: Gore re solegelwe molemo ka botlalo ke se se tla bong se buiwa, re tshwanetse ra bo re le mo mannong a rona le go nna le mogopolo o o tshwanetseng fa thulaganyo e simolola. Seno se tlhoka gore motho a rulaganye dilo sentle. Selo se se botlhokwa thata ke go simolola go sa le gale. Robala sentle ka nako bosigo pele ga kopano. Tsoga go sa le gale mo mosong go naya mongwe le mongwe yo o tsamayang le ene nako e e lekaneng ya go ipaakanya le go ja. Goroga go sa le gale kwa lefelong la kopano gore o kgone go bona manno le go tlhokomela dilo dingwe tse di botlhokwa pele thulaganyo e simolola. Dikgoro di tla bulwa ka 7:00 a.m., mme thulaganyo e tla simolola ka 9:00 a.m. letsatsi lengwe le lengwe.
4 E re ka lebaka la konokono la go kokoana ga rona e le go baka Jehofa “gare ga boidiidi jo bo phuthegileng,” thulaganyo nngwe le nngwe e tshwanetse go simololwa ka tsela e e tlotlomatsang Modimo wa rona. (Pes. 26:12) Ka ntlha ya seno, rotlhe re kgothalediwa go tsaya manno a rona pele go rolwa pina e e simololang. Seno se dumalana le kgakololo ya Dikwalo e e reng: “A dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.” (1 Bakor. 14:40) Seno se bolelang mo go mongwe le mongwe wa rona? Fa o bona modulasetulo a ntse mo seraleng ka nako ya mmino o o lediwang pele ga thulaganyo, tsaya manno a gago ka bonako. Seno se tla dira gore o kgone go nna le seabe ka pelo yotlhe mo pineng e e simololang thulaganyo nngwe le nngwe, o baka Jehofa.—Pes. 149:1.
5 Fa Thulaganyo e Ntse e Tsweletse: Esera “o ne a etleeditse pelo ya gagwe go lopa kgakololo mo molaong wa ga Jehofa le go o dira.” (Esera 7:10) Re ka etleetsa dipelo tsa rona jang gore di amogele thuto e Jehofa a e re nayang? Fa o ntse o sekaseka ditlhogo tsa dipuo tse di farologaneng tse di kwadilweng mo thulaganyong, ipotse jaana, ‘Ke eng se Jehofa a mpolelelang sone ka thulaganyo eno? Nka dirisa tshedimosetso eno jang gore e solegele nna le ba lelapa la me molemo?’ (Isa. 30:21; Baef. 5:17) Nna o ipotsa dipotso tseno mo thulaganyong yotlhe ya kopano. Kwala dintlha tse o batlang go di dirisa. Iphe nako ya go tlotla ka tsone kwa bofelong jwa thulaganyo ya letsatsi lengwe le lengwe. Seno se tla go thusa go boloka tshedimosetso eo le go e dirisa.
6 Go tlhoma mogopolo ka diura di le dintsinyana e ka nna kgwetlho ka dinako tse dingwe. Ke eng se se ka re thusang go lwa le bothata jwa go eta mogopolo? Dirisa maatla a leitlho ka tsela e e siameng. Gantsi selo se re se lebileng se re pateletsa go tlhoma mogopolo mo go sone. (Math. 6:22) Ka jalo, o se ka wa itetla go nna o gadima kwa le kwa fa o utlwa modumonyana kana sengwe se tshikinyega gone. Tlhoma matlho a gago mo sebuing. Tsamaisana le sebui mo Baebeleng ya gago fa se bala temana, mme o nne o e butse fa a tlhalosa temana eo.
7 Lorato lwa Bokeresete lo tla re tlhotlheletsa gore re se iteye ba bangwe tsebe fa thulaganyo e ntse e tsweletse. (1 Bakor. 13:5) Eno ke “nako ya go didimala” le go reetsa. (Mor. 3:7) Ka jalo, kgaotsa go nna o bua le ba bangwe go sa tlhokege le go nna o tsamayatsamaya. Fokotsa go ya thata kwa ntlwaneng ka go rulaganya go sa le gale. O se ka wa ja kana wa nwa pele ga nako e e beilweng, ntle le fa go tlhokega gore o dire jalo ka ntlha ya mabaka mangwe a a masisi a botsogo. Ba ba tlang ka difouno tsa bone tsa selula, di-pager, dikhamera tsa bidio, le dikhamera tse di tlwaelegileng ga ba a tshwanela go di dirisa ka tsela e e tla itayang ba bangwe tsebe. Batsadi ba tshwanetse go rulaganya gore lelapa lotlhe—go akaretsa le basha ba dingwaga tsa bolesome—le nne mmogo gore ba kgone go tlhokomela bana ba bone sentle.—Dia. 29:15.
8 Ngogola, mogolwane mongwe yo o sa bolong go nna gone kwa dikopanong tse dikgolo ka masome a le mantsi a dingwaga o ne a akgela jaana: “Ke akanya gore kopano eno e ne e tlhomologile ka ntlha ya lebaka le lengwe. Mo e batlileng e nna mongwe le mongwe mo bareetsing o ne a kwala dintlha, go akaretsa le bana ba bannye. E ne e le selo se se itumedisang thata go se bona. Dibaebele di ne di dirisiwa ka tsela e e tshwanetseng fa sebui se ne se kopa gore go bulwe ditemana tse di rileng.” Ke selo se sentle thata go reetsa ka kelotlhoko jalo. Ga go solegele rona le batlakopanong ka rona molemo fela mme mo godimo ga dilo tsotlhe go galaletsa Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo, Jehofa Modimo.—Isa. 30:20.