Reetsa Ditaelo Tse di Boitshepo ka Kelotlhoko
1 Ga se sengwe le sengwe se se buiwang ke motho se se tshwanetseng go elwa tlhoko ka tsela e e kgethegileng. Mme fa Modimo a bua, go na le lebaka la botlhokwa la go bo re tshwanetse go reetsa. (Dute. 28:1, 2) Re a leboga gore bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba kwadile “ditae[lo] tse di boitshepo tsa Modimo” gore di re solegele molemo. (Bar. 3:2 ) Kopano e e tlang ya kgaolo e tla re naya sebaka se se molemo sa gore re utlwe ditaelo tseno fa di balwa le fa di tlhalosiwa. O ka reetsa jang ka kelotlhoko thata?
2 Goroga go sa Ntse Go na Le Nako Moso Mongwe le Mongwe: Akanya fela gore Baiseraele ba ne ba itumela jang fa ba ne ba bolelelwa gore ba ye go kopana le Jehofa kwa Thabeng ya Sinai gore ba utlwe Molao wa gagwe! (Ekes. 19:10, 11, 16-19) Fa o na le boikutlo jo bo tshwanang ka go amogela tao e e tswang kwa go Jehofa kwa kopanong ya kgaolo, o tla rulaganyetsa gore o goroge pele ga nako letsatsi le letsatsi. Re ka se ka ra kgona go reetsa thulaganyo yotlhe fa re tsena morago ga nako mme re itaya ba bangwe tsebe fa re ntse re leka go batla ditulo. Dikgoro di tla bulwa ka 7:00 a.m. kwa lefelong la kopano mme thulaganyo e simolola ka 9:00 a.m. letsatsi le letsatsi.
3 Le bangwe ba ba gorogang pele ga nako ga ba nne mo ditulong tsa bone pele ga thulaganyo e simolola. Ke ka ntlha yang fa seno se direga? Ba ema go fitlhela modulasetulo a bolela pina e e bulang, pele ga ba ka emisa go tlotla le ditsala tsa bone mme ba ye kwa ditulong tsa bone. Re tshwanetse go tlhokomela gore metsotso e se kae pele ga pina e e bulang karolo nngwe le nngwe ya thulaganyo, modulasetulo o tla bo a ntse kwa seraleng fa go ntse go lediwa mmino wa Bogosi o o lediwang pele ga thulaganyo e simolola. Seno ke tsela ya go re bolelela gore jaanong ke nako ya go nna fatshe! E tla re fa pina e bidiwa, re bo re ipaakanyeditse go opelela Jehofa dipako.
4 Reetsang lo le Lelapa le le Kopaneng: Fa ditaelo tse di boitshepo di ne di balelwa Baiseraele ba ba neng ba phuthegile, malapa, go akaretsa le “ba bannye,” ba ne ba tshwanetse go reetsa le gore ba ithute. (Dute. 31:12) Kwa dikopanong tsa rona, bana ga ba a tshwanela go “tlogelelwa fela.” (Dia. 29:15, NW) Batsadi, rulaganyetsang gore lelapa lotlhe le nne mmogo—go kopanyeletsa basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome. Batsadi ba bangwe ba ema go fitlha go opelwa pina e e bulang e be e le gone ba isang bana ba bone kwa ntlwaneng. Le fa go ntse jalo, seno ga se kitla se ruta bana botlhokwa jwa dipina le dithapelo mo kobamelong ya rona. Go botoka thata gore fa go kgonega go iwe matlwaneng pele ga karolo nngwe le nngwe ya thulaganyo e simolola!
5 Fa re ikhutsa mo go lekaneng bosigo bongwe le bongwe e bile re sa je thata motshegare, seno se tla re thusa gore re reetse. Tlhoma mogopolo mo go se sebui se se buang. Se letle mogopolo wa gago gore o kgarakgatshege. Bula Baebele fa go balwa dikwalo. Kwala dintlha tse dikhutshwane. Fa go ntse go beilwe puo nngwe le nngwe, mo mogopolong wa gago boeletsa se sebui se se buang, mme o akanyetse gore o tlile go dirisa tshedimosetso eo jang. Kwa bokhutlong jwa letsatsi, tlotlang ka thulaganyo lo le lelapa. Mongwe le mongwe wa lona o itumeletse dintlha dife? Lelapa la lona le ka dirisa jang tshedimosetso eno ka tsela e e molemo?
6 Bontsha Gore o Tlotla Lefoko la Modimo: Dikopano di re fa sebaka se se molemo sa go bua le ditsala tsa rona le go itumelela bokopano jo bo agang. Fa re goroga pele ga nako, re tla nna le nako ya go tlotla pele ga thulaganyo e simologa. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba bua thulaganyo e ntse e tsweletse, ba akanya ka tsela e e phoso gore seno ga se iteye tsebe fa ba le mo holong e kgolo. Le fa dipokano di tshwaretswe mo lefelong le legolo, ke nako ya go reetsa, fela jaaka fa re le kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Go dirisiwa ga difounu tsa selula, di-pager, dikhamera tsa bidio, le dikhamera tsa ditshwantsho, ga go a tshwanela go itaya ba bangwe tsebe fa thulaganyo e tsweletse.
7 Fa Moshe a ne a amogela Molao o o tswang kwa go Jehofa, “o ne a se ka a ja senkgwe lefa e le go nwa metsi.” (Ekes. 34:28) Ka tsela e e tshwanang, go tla bo go sa tshwanela gore re je kgotsa re nwe fa dikarolo tsa thulaganyo ya kopano di ntse di tsweletse. Kwantle ga fa go na le mabaka a a masisi a tsa botsogo a a go tlamang, leta go fitlha ‘nako e e tlhometsweng’ seno.—Mor. 3:1, NW.
8 Kwa dikopanong tse dingwe, go sa ntse go na le bothata jwa gore bakaulengwe ba bantsi le bokgaitsadi, le bana ba ba botlana ba nnele go dikologa mo diphashiting le go tsamaya mo mabaleng fa thulaganyo e ntse e tsweletse. Batlhokomedi ba tla laelwa gore ba kope ba ba dirang jalo gore ba boele kwa mannong a bone. Baithaopi ba ba dirang mo maphateng a a farologaneng ba tshwanetse go nna le bareetsi ka bonako fela fa tiro ya bone e sena go wediwa. Kwantle ga fa baithaopi ba abetswe go dira tiro nngwe e e botlhokwa fa thulaganyo e tsweletse, ba tshwanetse gore ba bo ba ntse mo mannong a bone, ba reeditse thulaganyo. Ga ba a tshwanela go iketla kwa maphateng ao ba sa dire sepe, ba etelana fa thulaganyo yone e tsweletse. Batsadi ga ba a tshwanela go letlelela bana ba bone ba babotlana gore ba tsamayetsamaye fa thulaganyo e ntse e tsweletse ba sela matlakala. Batlhokomedi ba tla kopa ba ba dirang jalo ka bonolo gore ba boele kwa batsading ba bone.
9 Ga re batle gore le ka motlha re ‘kabale ditsebe’ fa re reeditse Lefoko la Modimo. (Baheb. 5:11) Ka jalo, a re ikemisetseng go bontsha tlotlo e e tshwanetseng ka go reetsa ka kelotlhoko fa ditaelo tse di boitshepo tse di tswang kwa go Jehofa di tlhalosiwa kwa kopanong ya rona e e tlang ya kgaolo.