LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/00 ts. 9
  • “A Merero ya Lona Yotlhe e Diragale ka Lorato”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “A Merero ya Lona Yotlhe e Diragale ka Lorato”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kopano ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ya 2006 ya “Kgololo e Atametse!”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • “Ka Metlha Lwelang go Direlana se se Molemo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • E Rulagantswe “ka Mokgwa o Montle le ka Thulaganyo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Kopano ya Kgaolo ya 1997 ya “Tumelo mo Lefokong la Modimo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 10/00 ts. 9

“A Merero ya Lona Yotlhe e Diragale ka Lorato”

1 “Batho ba lona ruri ba a itumedisa; ba maitseo thata e bile ba a tlotla.” Kakgelo eo e builwe ke biro ya kopano le ya baeng kwa toropong nngwe ya United States kwa go neng go tshwaretswe nngwe ya dikopano tsa rona tsa kgaolo teng. Go a re kgothatsa go amogela kakgolo e e ntseng jalo ya kafa re itshwarang ka teng mo bathong. Seno se bontsha gore re dira gore ‘merero ya rona yotlhe e diragale ka lorato.’ (1 Bakor. 16:14) Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le dilo dingwe tse di tshwenyang, tse fa go sa tlotliwe ka tsone, di ka senyang leina le lentle la batho ba Modimo.

2 Go Batla Marobalo: Mo toropong nngwe le nngwe e go tshwarelwang kopano mo go yone, go nna le Lephata la Marobalo le le rerisanyang le ba dihotele, dihosetele le batho ba ba farologaneng ka ditlhwatlhwa tse mongwe le mongwe a ka di kgonang gore a tle a kgone go nna teng kwa kopanong. Ba bangwe e bile ba robala kwa Diholong Tsa Bogosi. Bakaulengwe ba rona ba dirisa nako e ntsi e bile ba dira maiteko a magolo go re baakanyetsa. Ka jalo re tshwanetse go anaanela marobalo a re a newang.

3 Tsweetswee gakologelwang gore fa hotele e naya baeng ba yone dijo mo mosong, di tshwanetse go tsewa fela jalo—e le dijo tsa mo mosong tsa ba ba nnang teng koo. Dijo tseno ga di a direlwa gore re di tseye mme re di je kgantelenyana kgotsa re di je le ditsala tsa rona kwa kopanong.

4 Go Direla Botlhe Molemo: Maitseo a mantle le boitshwaro jo bo siameng di tlhotlhelediwa ke go rata Jehofa le baagelani ba rona. (Math. 22:37-39; Jak. 3:13) Baebele e re kgothaletsa gore re rate batho botlhe e bile re ba akanyetse. (Bagal. 6:10) Molaomotheo ono ruri o a dira fa re nna kwa dihoteleng. Fa re sa batle go nna le tirisanommogo e ntle, seno se senya leina la rona le le ntle, se dira gore go nne thata gore re fokolediwe ditlhwatlhwa, e bile go dira gore bakaulengwe ba se ka ba utlwana.

5 Basupi ba itsege ka bophepa jwa bone jwa maemo a a kwa godimo thata. Komiti nngwe ya kopano e ne ya bega gore, “Kwa hoseteleng nngwe, monna yo o neng a okametse o ne a sa dirisane sentle le rona kwa tshimologong. Maikutlo a gagwe a ne a fetoga ka bonya ka bonya fa a ne a bona boitshwaro jwa bakaulengwe le bokgaitsadi. Mo mosong o ne a tla le setlhopha sa batho ba tlile go phepafatsa hosetele, a lebeletse gore o tla e fitlhela e le leswe e bile e tletse matlakala, jaaka ditlhopha tse dingwe di e tlogela jalo. O ne a gakgamala tota fa a fitlhela gore bakaulengwe ba ne ba tlogetse lefelo le le phepa, e bile dilo di beilwe sentle. O ne a re: ‘Ga ke ise nke ke bone batho ba ba ntseng jaana. Tsweetswee ke kopa gore lo dire kitsiso kwa kopanong ya lona lo ba lebogele go bo e le batho ba ba molemo jaana.’” E kete rotlhe re ka tlhomamisa gore re boloka maemo a a kwa godimo a bophepa kwa lefelong la kopano le kwa marobalong a rona.

6 Mokwaledi wa phuthego nngwe le nngwe o tshwanetse go otara diforomo tsa go kopa marobalo go tswa kwa Mokgatlhong, fa e le gore ga a ise a dire jalo. Diforomo tseno di tshwanetse go tladiwa ke mmoledi mme di busediwe kwa mokwaleding, yo a tla di romelang kwa kopano e e kailweng. Lekwalo le le yang Go Diphuthego Tsotlhe la July 31, 2000 le na le dintlha tse di amanang le kgang eno ka botlalo.

7 Re lebile pele go nna teng kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Badiri ba Lefoko la Modimo.” A o ipaakantse ka botlalo, go akaretsa go baakanya marobalo le tsa mosepele? E kete boitshwaro jwa rona kwa marobalong a rona le kwa motseng wa kopano bo ka bontsha boammaaruri jo bo mo dipelong tsa rona le gore re rata Mmopi wa rona.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela