E Rulagantswe “ka Mokgwa o Montle le ka Thulaganyo”
1 Gore kopano ya kgaolo e atlege, go tshwanetse ga dirwa maiteko a magolo a a kopanetsweng. Lephata la botsamaisi la kopano le rulaganya lefelo le le tshwanetseng le kopano e tla tshwarelwang kwa go lone mmogo le marobalo. Batho ka bongwe le ditlhopha tsa malapa ba itirela dithulaganyo tsa bone tsa dipalangwa le tsa marobalo. Mme diphuthego di rulaganya baithaopi ba tsone go thusa maphata a le mantsi a a tlhokegang gore kopano e tsamaye sentle. Mokgele wa rona ke go dira gore “dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.”—1 Bakor. 14:40.
2 Fa lo ntse lo rulaganyetsa go thusa mo dithulaganyong tsa kopano eno ya kgaolo, gakologelwang gore go tlhokega dikgwedi—ka dinako tse dingwe dingwaga—go rulaganya dilo. Bakaulengwe ba le bantsintsi ba dirisa nako e ntsi ba rulaganya dilo. Seno se akaretsa go hira mafelo, go kokoanya didirisiwa le go batla babereki. Go rulaganya dilo go sa le gale jaana go felela ka gore rotlhe re segofadiwe semoyeng. Re ka dira eng go thusa?
3 Ema Dithulaganyo Tsa Marobalo Nokeng: Go botlhokwa gore rotlhe re eme dithulaganyo tsa kopano nokeng. Seno se botlhokwa thata fa re dira dithulaganyo tsa rona tsa marobalo. Mo kopanong nngwe le nngwe, go tlhokega marobalo a batlakopanong ba le bantsi thata. Bontsi jwa bakaulengwe ba rona ga ba na madi mme ba tlhoka go robala mo mafelong a a sa jeng madi a mantsi. Go dirilwe maiteko a magolo thata a go batla mafelo a a molemo go a gaisa otlhe a marobalo. Re tshwanetse go akanyetsa ka lorato dilo tse ba bangwe ba di tlhokang mme ‘re tlhokomele, e seng go kgatlhegela dilo tse di amanang le rona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.’—Bafil. 2:4.
4 Go ngaparela ga rona ditaelo tsa kopano tse di malebana le go batla marobalo go felela ka gore botlhe ba ba amegang ba solegelwe molemo. Go di itlhokomolosa go baka mathata a a sa tlhokegeng. Jang? Fa re latela dikakantsho tseno, dihotele le dihosetele di tla itse go sa le gale gore go tla baeng ba le kae. Seno se ba thusa ka dithulaganyo tsa bone. Fa bontsi jwa rona re phimola dikopo tse re di dirileng kana re itirela dithulaganyo tse dingwe, seno se bakela batsamaisi ba mafelo ano mathata mme gape se ama le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba neng ba ka tswa ba batla marobalo mo mafelong ao. A bo go le botoka thata jang ne gore re boloke lefoko la rona, re dire gore ‘Ee wa rona e nne Ee’!—Math. 5:37.
5 Akanya ka Diphelelo Tseno Tse di Molemo: Fa kopano nngwe e sena go fela, manejara wa lefelo lengwe la go kampa o ne a akgela jaana: “Ke lemogile gore Basupi ba ga Jehofa ba ikanyega thata mo go sengwe le sengwe se ba se dirang. Mo bekeng e e fetileng go ne go na le ba le 40 ba bone mo lefelong la me la go kampa, mme ga ba a baka mathata ape. Go farologana le batho ba bangwe, ke bone fela ba ba tlang go mpolelela fa go na le motho yo mongwe yo o neng a sa baakanyediwa marobalo yo o nnang mo kolotsaneng ya bone kana mo tenteng. Go ya kafa ke bonang dilo ka teng, ke baeng ba ba molemo go gaisa botlhe ba motho a ka nnang le bone.” A bo go tla nna molemo thata jang ne fa batho botlhe ba re hirileng mafelo a bonno mo go bone ba ka nna le boikutlo jo bo tshwanang le jono! A bo seno se tla naya bosupi jo bo molemo jang ne!
6 Manejara mongwe wa kgaolo wa hotele nngwe o kile a bua jaana: “Ga ke ise ke ko ke tsamaye ke amogele setlhopha se segolo jalo sa batho ba ba latelang ditumelo tsa bone thata jaana jaaka Basupi ba ga Jehofa. Re solofela gore lo tla boa gape.” Mafoko ano a bontsha gore boitshwaro jwa rona jo bontle ga bo lapolose rona fela mme gape bo lapolosa le batho ba le bantsi mo lefatsheng ba ba re etseng tlhoko.
7 Ditsela Tsa Konokono Tsa go Bontsha Tirisanommogo: Go na le dilo tse di motlhofo tse re ka di dirang go ema dithulaganyo tsa kopano nokeng fa re batla marobalo. (1) O se ka wa batla diphaposi tse dintsi go feta tse o rulaganyetsang go di dirisa. (2) Romela madi a a lekaneng a go beeletsa phaposi ya gago. (3) O se ka wa senya ka dijo tsa mo mosong tse di diretsweng baeng. (4) Gakologelwa gore beng ba lefelo la marobalo ba lebeletse ka tshwanelo gore re ikobele melao ya bone.
8 E re ka re le batlhanka ba ga Jehofa Modimo, re na le tshono ya go bontsha botho jwa gagwe mo go sengwe le sengwe se re se dirang. Seno se akaretsa go dira dithulaganyo tsa dikopano tse dikgolo le go nna gone kwa go tsone koo leina la Modimo le amegang gone. Gakologelwa gore ke “Modimo, e seng wa tlhakatlhakano, mme ke wa kagiso.” (1 Bakor. 14:33) Ka jalo, a re tlhomamiseng gore batho botlhe ba ba re etseng tlhoko ba lemoga nonofo eno ka Jehofa ka se ba se bonang mo go rona—e leng boitshwaro jwa rona fa re ntse re rulaganyetsa Kopano ya Kgaolo ya “Barutisi ba Lefoko la Modimo” le go nna gone kwa go yone. E kete batho botlhe ba ba re etseng tlhoko ba ba dipelo di ikanyegang ba ka lemoga gore boidiidi jo bo phuthegileng jwa batho ba ga Jehofa bo dira dilo “ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.”—Pes. 68:26.