Nna Sekao sa Ditiro Tse di Molemo
1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna kelotlhoko thata ka boitshwaro jwa rona fa re le kwa kopanong?
1 Fa re kopana re le bantsi kwa dikopanong tsa ditšhabatšhaba kgotsa tsa kgaolo, tsela e re itshwarang ka yone le e re tshwarang ba bangwe ka yone e lemogiwa thata ke batho ba bangwe. Ka jalo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ela tlhoko thata kgakololo eno ya Baebele: “Nna [o] itekanetse sentle mo mogopolong, mo dilong tsotlhe o ipontsha o le sekao sa ditiro tse di molemo.” (Tito 2:6, 7) Re tlhoka go iteka thata gore re ‘tlhokomele, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang rona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.’ (Bafil. 2:4) A re sekasekeng dilo dingwe tse re ka dirisang kgothatso eno mo go tsone kwa Kopanong ya rona e e tlang ya “Nayang Modimo Kgalalelo.”
2. Re tshwanetse go gopola eng malebana le dithulaganyo tsa marobalo?
2 Dithulaganyo Tsa Marobalo: Lephata la Marobalo le feditse dikgwedi di le mmalwa le rulaganya marobalo a a lekaneng. Nako e e molemo thata ya gore re dire ditiro tse di molemo ke fa re dira dithulaganyo tsa marobalo. Go sa kgathalesege gore o tla bo o gorogetse mo hoteleng, mo ntlong ya baeng, mo lefelong le go pakiwang dikharabene mo go lone kgotsa mo legaeng la mongwe, tsweetswee kopa fela marobalo a o ikaeletseng go a dirisa. Fa go tlhokega, tlhomamisa gore o ntsha madi a a tlhokegang a peeletso go sa le gale. Ka dinako tse go gorogwang ka tsone le tse go tsamaiwang ka tsone tse go a bong go tlhanasela ka tsone, go ka nna molemo thata gore re bontshe maungo a moya wa Modimo.—Bagal. 5:22, 23.
3. Re ka ‘dira se se molemo mo go botlhe’ jang fa re le kwa mafelong a re robalang kwa go one?
3 Tsela e re kgatlhegelang ba bangwe ka yone e tshwanetse ya bonala le mo tseleng e re dirisang ka yone thulaganyo epe ya dijo tsa mo mosong tse di newang mahala. Ga go a tshwanela gore re tseye dijo tse di beetsweng baeng re tsamaye ka tsone kwa lefelong la kopano. Go ka anaanelwa thata fa re ka nna kelotlhoko go latela melao ya hotele le go bontsha go anaanela badiri ba teng ka go ba fa madinyana a a tlwaelegileng a tebogo. Fa re dira jalo re ‘dira se se molemo mo go botlhe’ mme re naya ba bangwe bosupi jo bo molemo.—Bagal. 6:10.
4, 5. Bana ba ka baka Jehofa jang, mme batsadi ba na le boikarabelo bofe?
4 Batsadi le Bana: Mo lefatsheng leno le le tletseng bana ba ba se nang maitseo, bana ba rona ba tlhomologile ka gonne ba farologane le bone mme seno se tlisetsa Jehofa le phuthego ya gagwe pako. Le fa go ntse jalo, go ile ga nna le mathata fa bana ba ne ba sa tlhokomelwe sentle. (Dia. 29:15) Batsadi ga ba a tshwanela go tlogela bana ba bone ba sa tlhokomelwa fa ba le kwa mafelong a ba robetseng kwa go one, go akaretsa kwa letamong la go thuma, mo mafelong a boitlosobodutu kgotsa kwa lefelong la kopano.
5 Batsadi bangwe ba fitlhetse go thusa gore e re pele ga kopano ba tlotle le bana ba bone ka tsela e go lebeletsweng gore ba itshware ka yone. (Baef. 6:4) Ba thusa bana ba bone go tlhaloganya gore lorato lwa mmatota lwa Bokeresete “ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang” le gone “ga lo ipatlele melemo ya lone fela.” (1 Bakor. 13:5) Kopano ke nako e e seegetsweng kwa thoko gore re rutiwe ke Jehofa, mme bana mmogo le bagolo ba ka bontsha gore ba tlotla thulaganyo eno ka tsela e ba itshwarang ka yone kwa lefelong la kopano le kwa mafelong a mangwe.—Isa. 54:13.
6. Boitshwaro jwa rona jo bo molemo bo ka ama batho ba bangwe jang?
6 Boitshwaro jwa rona jo bo molemo bo ka dira go le gontsi go fedisa dikgopolo tse di sa siamang tse batho ba nang le tsone ka rona mme jwa dira gore batho ba kgatlhegele kobamelo ya boammaaruri. (Math. 5:16; 1 Pet. 2:12) E kete botlhe ba re kopanang le bone kwa kopanong ya rona ba ka amogela bosupi jo bo molemo ka ntlha ya tsela e re itshwarang ka yone le e re ba tshwarang ka yone. Ka tsela eno re tla ‘ipontsha re le sekao sa ditiro tse di molemo’ mme re galaletse Jehofa.—Tito 2:7.
[Box on page 4]
Akanyetsa ba Bangwe
▪ Kopa fela marobalo a o ikaeletseng go a dirisa
▪ Nna pelotelele ka dinako tse go gorogwang le tse go tsamaiwang ka tsone
▪ O se ka wa paka dijo tse hotele e di baakanyeditseng baeng mo mosong fa o ya kopanong
▪ Tlhokomela bana ba gago sentle
▪ Tlogela madinyana a tebogo fa go siame go dira jalo