LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/02 ts. 4
  • “Ka Metlha Lwelang go Direlana se se Molemo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ka Metlha Lwelang go Direlana se se Molemo”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna Sekao sa Ditiro Tse di Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • “A Merero ya Lona Yotlhe e Diragale ka Lorato”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • “Nnang lo Ntse Lo na Le Boitshwaro jo bo Molemo mo Ditšhabeng”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Nnang Boitshepo mo Boitshwarong Jotlhe Jwa Lona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 10/02 ts. 4

“Ka Metlha Lwelang go Direlana se se Molemo”

1 Go tshela ka tsela ya Bokeresete go akaretsa ‘go lwela go direla batho botlhe se se molemo ka metlha.’ (1 Bathes. 5:15) Fa re le mo dikopanong tsa kgaolo re na le ditshono di le dintsi tsa go direla ba bangwe molemo. Ka dinako tseo, re bonwa ke batho botlhe mme ba ba kopanang le rona ba nna le se ba se akanyang ka rona go ikaegile ka tsela e re ba tshwarang ka yone. Gore re nne re ntse re na le leina le le molemo jaaka Basupi ba ga Jehofa, re tshwanetse go bontsha ka ditiro tsa rona gore re ‘tlotla batho ba mefuta yotlhe.’ (1 Pet. 2:17) Seno se akaretsa go “tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang [rona] fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.” (Bafil. 2:4) Akanya kafa seno se amang thulaganyo ya marobalo ya kopano ka gone.

2 A o setse o dirile dithulaganyo tsa marobalo? Fa e le gore ga o ise o di dire, kopa foromo ya Room Request mo mokwaleding wa phuthego ya lona, e tlatse mme o e mo neye gore a e sekaseke. Go sa kgathalesege gore o batla marobalo a mofuta ofe, o tshwanetse go gakologelwa dilo tse di latelang fa e le gore di a go ama: (1) Nna pelotelele o bo o tlotle batho ba ba dirang mo lefelong le o robalang mo go lone kgotsa motho yo o phepafatsang phaposi ya gago. (2) Latela melao e e malebana le go dirisiwa ga lefelo leo. (3) Tlogelela motho yo o phepafatsang phaposi ya gago kgotsa badiri ba ba phepafatsang lefelo leo madinyana a tebogo.

3 Go Ruta Bana go Dira Molemo: Gantsi bana ba baka mathata fa ba tlogelwa fela ba sa tlhokomelwa sentle ke batsadi kwa mafelong a borobalo. (Dia. 29:15) Ka dinako tse dingwe, batsadi ba ne ba tshwaregile ka ditiro tse dingwe mme ba tlogetse bana ba sa tlhokomelwa mo phaposing, kwa lefelong la go thuma kgotsa mo mafelong a mangwe a dikago tse ba robalang mo go tsone. Bana bangwe ba ne ba tsosa modumo mo e leng gore ba ne ba itaya tsebe le go tshwenya baeng ba bangwe ba Basupi le ba e seng Basupi.

4 Batsadi, go ka nna molemo gore pele ga kopano lo iphe nako le bana ba lona mme lo tlotle le bone ka mofuta wa boitshwaro jwa Bokeresete jo go lebeletsweng gore ba nne le jone ka dinako tsotlhe mo mafelong otlhe. (Baef. 6:4) Ka sekai, ba bontsheng gore lorato lwa mmatota lwa Bokeresete “ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege.” (1 Bakor. 13:5) Bagolo ba ka gatelela mafoko ano ka go tlhomela botlhe sekao se se siameng. Bana, lo ka dira se se molemo ka go utlwa batsadi ba lona, ka go tlotla dithoto tsa hotele le go akanyetsa ba ba lo dikologileng. (Bakol. 3:20) Fa rotlhe re ntse re kgaratlhela go direla botlhe molemo, re ‘kgabisa thuto ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo, mo dilong tsotlhe.’—Tito 2:10.

5 Boitsholo jwa rona jo bo siameng bo ama batho botlhe ka tsela e e siameng mme gape bo ama le ba ba ntseng ba re tshwaya diphoso ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Mo go sengwe le sengwe se re se dirang mo kopanong le mo motseng otlhe wa kopano—e ka ne re tsamaya mo mmileng, re ja kwa resetšhurenteng, re itapolositse kwa re robalang gone kgotsa re dirisa sebaka ka tsela e e molemo go neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang—tsela ya rona ya go bua le ditiro tsa rona tsa Bokeresete di tshwanetse go supa gore re batla go direla ba bangwe molemo.

[Box on page 4]

Tsweetswee Gakologelwa:

■ Nna pelotelele o bo o tlotle badiri ba lefelo le o robalang mo go lone.

■ Latela melao ya lefelo le o robalang mo go lone gore baeng botlhe ba solegelwe molemo.

■ O se ka wa senya ka dijo tsa mo mosong tse lo di newang mahala.

■ Tlhokomela bana ba gago ka tsela e e tshwanetseng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela