Nnang Boitshepo mo Boitshwarong Jotlhe Jwa Lona
1. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re nne boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa rona?
1 Jaaka batlhanka ba Modimo yo o boitshepo Jehofa, re kgaratlhela go nna boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa rona. (1 Pet. 1:15, 16) Seno se bolela gore re leka go tshegetsa melao ya ga Jehofa mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa rona. Monongwaga kopano ya kgaolo e tla re neela tshono e e botlhokwa ya go bontsha gore re boitshepo mo tseleng e re itshwarang ka yone.
2. Re ka itshwara jang ka tsela e e molemo kwa mafelong a re robalang kwa go one?
2 Dithulaganyo Tsa Marobalo: Lephata la marobalo la lefelo le kopano e tla tshwarelwang mo go lone le feditse nako e ntsi le baakanyetsa batlakopanong marobalo a a tshwanetseng. Go sa kgathelesege gore o tla bo o gorogetse mo hoteleng, mo ntlong ya baeng, mo lefelong le go pakiwang dikharabene mo go lone kgotsa mo legaeng la mongwe, tsweetswee kopa fela marobalo a o tla a dirisang. Fa go tlhokega, tlhomamisa gore o ntsha madi a a tlhokegang a peeletso go sa le gale. Mo dihoteleng le mo dintlong dingwe tsa go amogela baeng, ka dinako tse go gorogwang ka tsone le tse go tsamaiwang ka tsone go a bo go tlhanasela, ka jalo go ka nna molemo thata gore re bontshe maungo a moya. Fa go ka direga gore o tshwanelwe ke go phimola kopo ya gago ya marobalo, dira jalo ka potlako. Gakologelwa go leboga dilo tse ba go direlang tsone ka go ntsha madinyana a tebogo.
3. Boitshwaro jwa Basupi ba basha bo kgatlha batho ba bangwe jang?
3 Maitsholo a rona a mantle a ka neela batho bosupi ka tsela e e nang la matswela. Mo ngwageng o o fetileng Mosupi mongwe yo mmotlana o ne a kopa tlelereke ya mo hoteleng pampiri le pene ka maitseo mme a mo leboga. Seno se ne sa ama tlelereke eno maikutlo thata mme o ne a akgela jaana: “Mo malatsing ano ga go tlhole go na le basha ba ba maitseo jaana.” Le fa go ntse jalo, go na le makgetlo a le mmalwa a mo go one go neng ga bonwa bana ba ba sa tlhokomelwang ba thuma, ba tshameka mo dilifiting, ba buela kwa godimo mme ba tabogaka mo diphashiting. Batsadi ga ba a tshwanela go letla bana ba bone ba itsamaela fela ba sa ba kgaleme, ba tshwanetse go ba tlhokomela ba netefatse gore tsela e ba itshwarang ka yone e baka Jehofa.—Dia. 29:15.
4. Re ka bontsha jang gore re akanyetsa batho ba bangwe fa re ja kwa diresetšhurenteng?
4 Kwa Diresetšhurenteng: Weitara nngwe e e neng e bereka gaufi le lefelo la kopano e ne ya akgela jaana: “Basupi ga ba tshwane le batho ba bangwe ba bantsi. Ba tlotla batho ba bangwe.” Go itshwara ka tsela e e siameng go akaretsa gore re se ka ra bua le go tshegela kwa godimo ka tsela e e ka serang batho ba bangwe ba le bone ba tlileng go ja. Gape re tshwanetse go gakologelwa gore mo mafelong a le mantsi go tlwaelegile gore motho a tlogele madinyana a tebogo go ya ka se ba mo diretseng sone. Le e leng fa re ja e bile re nwa re batla go dira dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.—1 Bakor. 10:31.
5. Boitshwaro jo bo molemo mo mabaleng a kopano bo akaretsa eng?
5 Kwa Kopanong: Boitshwaro jwa rona jo bo siameng bo tshwanetse go bonala thata kwa mabaleng a kopano. Tsweetswee reetsa ditaelo tsa batlhokomedi, mo mafelong a go paka dikoloi le mo holong. (Baheb. 13:17) Malapa a tshwanetse go nna mmogo go na le go letla bana ba bone, go akaretsa basha go nna ba le ditlhopha le basha ba bangwe. Didirisiwa tsa go rekota tsa mofuta le fa e ka nna ofe ga di a tshwanela go gokelelwa mo thulaganyong ya kopano ya motlakase kgotsa ya digodisamantswe mme di tshwanetse go dirisiwa fela ka tsela e e ka se kang ya itaya ba bangwe tsebe. Fa e le gore o ikaeletse go tsaya ditshwantsho, ga o a tshwanela go dirisa khamera e e nang le foleshe ka nako ya lenaneo. Di-pager le difouno tsa selula di tshwanetse go dirwa gore di se ka tsa itaya ba bangwe tsebe. Fa o bona kotsi nngwe mo mabaleng a kopano, tsweetswee itsise batlhokomedi kgotsa Lephata la Thuso ya Potlako.
6. Boitshwaro jwa gago bo galaletsa Modimo jang kwa dikopanong?
6 Boitshwaro jwa rona jo bo molemo bo re tlhaola mo bathong ba bangwe mme bo galaletsa Modimo wa rona. (1 Pet. 2:12) Boitshwaro jwa Basupi ba ga Jehofa bo bonwa ke mongwe le mongwe kwa kopanong. Ka jalo, ititeye sehuba gore o tla nna boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa gago.
[Box on page 9]
Bontsha Gore o Itshwara ka Tsela e e Boitshepo
◼ Boloka melao yotlhe ya mo hoteleng
◼ Tlhokomela bana ba gago
◼ Akanyetsa ba bangwe