LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/00 ts. 5-8
  • Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo Ya 2001

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo Ya 2001
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Ditlhogwana
  • Ditaelo
  • THULAGANYO
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 10/00 ts. 5-8

Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo Ya 2001

Ditaelo

Ka 2001 go tla nna le dithulaganyo tse di latelang fa go tshwarwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.

DIBUKA TSA THUTO: Dikabelo di tla bo di tswa mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo [bi12-TN], Tora ya Tebelo [w-TN], “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile lo Mosola” [si-TN], le Go Fetolana ka Dikwalo [rs-TN].

Sekolo se tshwanetse go simolola KA NAKO ka pina, thapelo le dikakgelo tse dikhutshwane tsa go amogela ba ba leng gone. Ga go tlhokege gore molebedi wa sekolo a sobokanye dipuo tse di tlileng go neelwa mo thulaganyong. Fa a itsise puo nngwe le nngwe, o tla umaka setlhogo se go tla tlotliwang ka sone. Tswelela jaana:

PUO NO. 1: Metsotso e le 15. Puo eno e tshwanetse go neelwa ke mogolwane kana motlhanka wa bodiredi mme e tla bo e tsewa mo makasineng wa Tora ya Tebelo, kana mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile lo Mosola.” Fa puo eno e tsewa mo makasineng wa Tora ya Tebelo, e tshwanetse ya neelwa e le puo ya tao ya metsotso e le 15 go sa bodiwe dipotso; fa e tsewa mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe,” e tshwanetse go neelwa e le puo ya tao ya metsotso e le 10 go ya go 12, morago ga moo go bo go bodiwa dipotso tse di tsewang mo bukeng eno ka metsotso e le 3 go ya go e le 5. Boikaelelo ga e a tshwanela gore e nne go neela puo yotlhe fela mme e nne go supa ka fa tshedimosetso e go tlotliwang ka yone e leng mosola ka gone, e tshwanetse go tlhalosa se se tla thusang phuthego thata. Go tshwanetse ga dirisiwa setlhogo se se bontshitsweng.

Bakaulengwe ba ba abetsweng puo eno ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba neela puo mo nakong e e beilweng. Ba ka nna ba neelwa kgakololo kwa thoko fa go tlhokega kana fa sebui se kopile gore se neelwe kgakololo.

DINTLHAKGOLO TSA MMALO WA BAEBELE: Metsotso e le 6. E tshwanetse go neelwa ke mogolwane kana motlhanka wa bodiredi yo o ka dirisang tshedimosetso eo gore e tshwanele phuthego sentle. Ga e tlhoke setlhogo. Puo eno ga e a tshwanela go nna tshobokanyo fela ya mmalo o o abetsweng. O ka nna wa akaretsa tlhaloso ya gore ke eng se se mo dikgaolong tsotlhe tse di abetsweng ka metsotswana e le 30 go ya go e le 60. Le fa go ntse jalo, boikaelelo jo bogolo ke go thusa bareetsi gore ba lemoge lebaka la go bo tshedimosetso eno e le botlhokwa mo go rona le ka moo e leng botlhokwa ka gone mo go rona. Morago ga moo, molebedi wa sekolo o tla phatlalatsa baithuti go ya kwa diphaposing tsa bone tse di farologaneng.

PUO NO. 2: Metsotso e le 5. Ke mmalo wa Baebele o o abetsweng gore o neelwe ke mokaulengwe, e ka tswa e le mo sekolong se segolo le mo ditlhopheng tse dingwe tsa sone tse dinnye. Gantsi dikabelo tsa mmalo di dikhutshwane ka tsela e e lekaneng go letla moithuti gore a dire ditlhaloso tse dikhutshwane fa a simolola le fa a konela. A ka nna a akaretsa tshedimosetso e e supang ditiragalo tse di amanang le se se balwang, gore se amana jang le boporofeti kana le dithuto tsa motheo, le ka fa melaometheo ya se se balwang e ka dirisiwang ka gone. O tshwanetse go bala ditemana tsotlhe tse a di abetsweng a sa kgaotse gope. Gone mme, moithuti a ka nna a umaka ditemana tse mmalo o tswelelang mo go tsone fa e le gore ditemana tseo ga di latelane.

PUO NO. 3: Metsotso e le 5. Puo eno e tla abelwa kgaitsadi. Setlhogo sa puo eno se tla tsewa mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo. Seting e ka nna ya bosupi jo e seng jwa tlwaelo, go dira loeto lwa go boela, kana thuto ya legae ya Baebele, mme batsayakarolo ba ka nna ba bo ba ntse fa fatshe kana ba eme. Molebedi wa sekolo o tla rata thata go bona tsela e moithuti a tlhalosang setlhogo se a se abetsweng ka yone le tsela e a thusang mong wa ntlo go akanya ka dikwalo ka yone. Moithuti yo o abetsweng puo eno o tshwanetse a bo a itse go bala. Molebedi wa sekolo o tla rulaganya gore go nne le mothusi a le mongwe mme le fa go ntse jalo go ka nna ga dirisiwa bathusi ba ba oketsegileng. Se se tshwanetseng go newa tlhokomelo thata ga se seting ka boyone mme ke tsela e Baebele e dirisiwang ka botswerere ka teng.

PUO NO. 4: Metsotso e le 5. Setlhogo sa puo eno se tla tsewa mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo. Puo No. 4 e ka neelwa mokaulengwe kana kgaitsadi. Fa e abetswe mokaulengwe, e tshwanetse go nna puo e e neelwang a lebile bareetsi botlhe. Fa e abetswe kgaitsadi, e tshwanetse ya neelwa jaaka go supilwe mo karolong ya Puo No. 3. 

THULAGANYO YA MMALO WA BAEBELE: Mongwe le mongwe mo phuthegong o kgothalediwa go latela thulaganyo ya mmalo wa Baebele wa beke le beke, o o lekanang le go bala tsebe e le nngwe ka letsatsi.

ELA TLHOKO: Go bona tshedimosetso le ditaelo tse dingwe malebana le kgakololo, nako, ditlhatlhobo tse di kwalwang le go baakanyetsa dikabelo, tsweetswee bona tsebe 5 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1996.

THULAGANYO

Jan. 1 Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 13-16

Pina No. 62

No. 1: Go Itshwarela go Bula Tsela ya Poloko (w99-TN 1/1 dits. 30-1)

No. 2: 2 Dikgosi 14:1-14

No. 3: Go Senya Mpa—Ke ka Ntlha Yang fa go Idiwa? (rs-TN dits. 177-8 ser. 7)

No. 4: Go Arabela Mongwe Fa a Re: ‘Ke na Le Tshwanelo ya go Itirela Ditshwetso mo Dikgannyeng Tse di Amang Mmele wa Me’ (rs-TN ts. 179 ser. 1)

Jan. 8 Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 17-20

Pina No. 116

No. 1: Kgakololo e e Amogelwang Motlhofo (w99-TN 1/15 dits. 21-4)

No. 2: 2 Dikgosi 18:1-16

No. 3: Adame le Efa—A ke Batho ba ba Kileng ba Tshela? (rs-TN ts. 25-6 ser. 5)

No. 4: Go Arabela Mongwe Fa a Re: ‘Boleo Jwa ga Adame E ne E le Thato ya Modimo, Leano la Modimo’ (rs-TN ts. 27 dir. 1-2)

Jan. 15 Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 21-25

Pina No. 61

No. 1: 2 Dikgosi—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 74 dir. 33-6)

No. 2: 2 Dikgosi 21:1-16

No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa Kobamelo ya Bagologolwane e sa Thuse Sepe? (rs-TN dits. 216-18 ser. 3)

No. 4: Lebaka La go Bo Kobamelo ya Bagologolwane e sa Itumedise Jehofa Modimo (rs-TN ts. 218 ser. 4–ts. 219 ser. 1)

Jan. 22 Mmalo wa Baebele: 1 Ditiragalo 1-5

Pina No. 16

No. 1: Ketapele ya 1 Ditiragalo (si-TN dits. 75-6 dir. 1-7)

No. 2: 1 Ditiragalo 1:1-27

No. 3: Baganetsakeresete ke Bomang? (rs-TN dits. 294-5)

No. 4: Go Tlhaola Batenegi (rs-TN dits. 122-4 ser. 1)

Jan. 29 Mmalo wa Baebele: 1 Ditiragalo 6-10

Pina No. 73

No. 1: Tsela ya go Bontsha Boikokobetso Jwa Mmatota (w99-TN 2/1 dits. 6-7)

No. 2: 1 Ditiragalo 9:1-21

No. 3: Re Tshwanetse go Nna le Boikutlo Bofe ka Batenegi? (rs-TN ts. 124 ser.2–ts.125 ser. 1)

No. 4: Keresete Ga a Ka a Aga Kereke mo go Petere (rs-TN dits. 359-61 ser. 4)

Feb. 5 Mmalo wa Baebele: 1 Ditiragalo 11-16

Pina No. 65

No. 1: Nna Motho yo o Kgothatsang (w99-TN 2/15 dits. 26-9)

No. 2: 1 Ditiragalo 11:1-19

No. 3: Dilotlolo Tse di Neng Tsa Dirisiwa ke Petere ke Dife? (rs-TN ts.361 ser. 5–ts. 364 ser. 3)

No. 4: “Batlhatlhami ba Baaposetoloi” ga se Bakeresete ba Boammaaruri (rs-TN ts. 364 ser 4-ts. 367 ser. 1)

Feb. 12 Mmalo wa Baebele: 1 Ditiragalo 17-23

Pina No. 122

No. 1: Ikgatlheng ka Kgobalalo ya Mogopolo (w99-TN 3/1 dits. 30-1)

No. 2: 1 Ditiragalo 18:1-17

No. 3: Haramagedona e Tlile go Lwelwa Kae? (rs-TN dits. 184-6 ser. 2)

No. 4: Go Tla Senngwa Bomang le Eng ka Haramagedona? (rs-TN ts. 186 ser. 3–ts. 187 ser. 1)

Feb. 19 Mmalo wa Baebele: 1 Ditiragalo 24-29

Pina No. 119

No. 1: 1 Ditiragalo—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 78-9 dir. 22-5)

No. 2: 1 Ditiragalo 29:1-13

No. 3: Ke Bomang ba ba Tla Falolang Haramagedona? (rs-TN ts. 187 dir. 2-7)

No. 4: Haramagedona—Ga se Go Senngwa ga Lorato Lwa Modimo (rs-TN ts. 188 dir. 1-3)

Feb. 26 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 1-5

Pina No. 168

No. 1: Ketapele ya 2 Ditiragalo (si-TN dits. 79-80 dir. 1-6)

No. 2: 2 Ditiragalo 1:1-17

No. 3: Motho A ka Se Eme a Itlhaotse ka Haramagedona (rs-TN ts. 188 dir. 4-7)

No. 4: Merafe e Tlhotlhelediwa ke Mang go ya Seemong sa Haramagedona? (rs-TN ts. 188 dir. 8-9)

Mar. 5 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 6-9

Pina No. 103

No. 1: Se Fekeediwe ke Tlhobaelo (w99-TN 3/15 dits. 21-3)

No. 2: 2 Ditiragalo 8:1-16

No. 3: Go Lemoga Babelona Yo o Mo go Tshenolo (rs-TN ts. 28 dir. 1-2)

No. 4: Babelona wa Bogologolo O ne A Itsiwe ka Eng? (rs-TN ts. 28 ser. 3–ts. 30 ser. 3)

Mar. 12 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 10-15

Pina No. 59

No. 1: Ke Mang yo o Bopang Tsela e o Akanyang ka Yone? (w99-TN 4/1 dits. 20-2)

No. 2: 2 Ditiragalo 10:1-16

No. 3: Lebaka La go Bo Ditumelo Tse di Reng ke Tsa Bokeresete e le Karolo ya Babelona o Mogolo (rs-TN ts. 31 dir. 1-3)

No. 4: Lebaka La go Bo go Potlakile go Tswa mo Babelona o Mogolo (rs-TN ts. 31 ser. 4–ts. 32 ser. 3)

Mar. 19 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 16-20

Pina No. 69

No. 1: Dibela Pelo ya Gago mo Moyeng wa Kobamelo ya ga Baale (w99-TN 4/1 dits. 28-31)

No. 2: 2 Ditiragalo 16:1-14

No. 3: Se Kolobetso e Leng Sone le Lebaka La go Bo Badumedi ba Kolobediwa (rs-TN ts. 219-20 ser. 1)

No. 4: Kolobetso ya Bakeresete—Ga se Ya go Kgatsha, Ga se Ya Masea (rs-TN ts. 220 dir. 2-7)

Mar. 26 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 21-25

Pina No. 212

No. 1: O se Ka wa Ikgogona go Itshupa O na Le Tebogo (w99-TN 4/15 dits. 15-17)

No. 2: 2 Ditiragalo 22:1-12

No. 3: Kolobetso ya Metsi ga e Itshwarele Maleo (rs-TN ts. 220 ser. 8–ts. 221 ser. 3)

No. 4: Ke Bomang ba ba Kolobediwang ka Moya o o Boitshepo? (rs-TN ts. 221 ser. 4–ts. 222 ser. 6)

Apr. 2 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 26-29

Pina No. 49

No. 1: A Modimo o Dira ka Ditsela Tse di “Sokameng”? (w99-TN 5/1 dits. 28-9)

No. 2: 2 Ditiragalo 28:1-15

No. 3: Kolobetso ya Molelo ga e Tshwane le Kolobetso ya Moya o o Boitshepo (rs-TN ts. 223 ser. 1-5)

No. 4: Mabaka a go Sekaseka Baebele (rs-TN dits. 62-4 ser. 2)

Apr. 9 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 30-33

Pina No. 1

No. 1: Batho ba ka Baka Jehofa Modimo Jang? (w99-TN 5/15 dits. 21-4)

No. 2: 2 Ditiragalo 33:1-13

No. 3: Sesupo se se Tswang mo go Isaia le Jeremia sa Gore Baebele e Tlhotlheleditswe (rs-TN ts. 64 ser. 3–ts. 65 ser. 2)

No. 4: Go Diragadiwa ga Boporofeti Jwa ga Jesu go Supa Gore Baebele e Tlhotlheleditswe (rs-TN ts. 65 ser. 3–ts. 66 ser. 1)

Apr. 16 Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 34-36

Pina No. 144

No. 1: 2 Ditiragalo—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 84 dir. 34-6)

No. 2: 2 Ditiragalo 36:1-16

No. 3: Baebele e a Utlwala mo go Tsa Saense (rs-TN ts. 66 ser. 2–ts. 68 ser. 3)

No. 4: aGo Araba Batho ba ba Ganetsang Baebele (rs-TN ts. 68 ser. 4–ts. 69 ser. 1)

Apr. 23 Mmalo wa Baebele: Esera 1-6

Pina No. 90

No. 1: Ketapele ya Esera le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 85 dir. 1-7; ts. 87 dir. 14-18)

No. 2: Esera 4:1-16

No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa Bakeresete ba sa Keteke Malatsi a Botsalo? (rs-TN dits. 240-2 ser. 2)

No. 4: Ke ka Ntlha Yang fa Bakeresete ba Ithiba mo Mading? (rs-TN dits. 249-50 ser. 4)

Apr. 30 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Mmalo wa Baebele: Esera 7-10

Pina No. 203

May 7 Mmalo wa Baebele: Nehemia 1-5

Pina No. 56

No. 1: Ketapele ya Nehemia (si-TN ts. 88 dir. 1-5)

No. 2: Nehemia 1:1-11

No. 3: Ke Eng fa Bakeresete ba sa Amogele Ditshelo Tsa Madi? (rs-TN ts. 251 ser. 1–ts. 252 ser. 1)

No. 4: bGo Arabela Dikganetsano Tse di Malebana le Ditshelo Tsa Madi (rs-TN ts. 252 ser. 2–ts. 254 ser. 2)

May 14 Mmalo wa Baebele: Nehemia 6-9

Pina No. 155

No. 1: Phuthego ya Bokeresete ke Thuso e e Nonotshang (w99-TN 5/15 dits. 25-8)

No. 2: Nehemia 9:1-15

No. 3: Go Tsalwa Sesha go Bolelang? (rs-TN dits. 423-4 ser. 6)

No. 4: Poloko Ga e A Ikaega ka “Go Tsalwa Sesha” (rs-TN ts. 424 ser. 7–ts. 425 ser. 5)

May 21 Mmalo wa Baebele: Nehemia 10-13

Pina No. 46

No. 1: Nehemia—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 90-1 dir. 16-19)

No. 2: Nehemia 12:27-43

No. 3: cGo Arabela Dikgopolo Tse di Malebana le go Tsalwa Sesha (rs-TN ts. 426 ser. 2–ts. 427 ser. 1)

No. 4: Go Ipolela go Baruti—Ke ka Ntlha Yang Fa go Sa Tswe mo Dikwalong? (rs-TN dits. 96-7 ser. 7)

May 28 Mmalo wa Baebele: Esethere 1-4

Pina No. 38

No. 1: Ketapele ya Esethere (si-TN dits. 91-2 dir. 1-6)

No. 2: Esethere 1:1-15

No. 3: Go Ipolela fa o Leofetse Modimo le Motho (rs-TN ts. 98 ser. 5–ts. 99 ser. 6)

No. 4: Ke ka Ntlha Yang fa Maleo a a Masisi a Tshwanetse go Bolelelwa Bagolwane? (rs-TN ts. 99 dir. 7-11)

June 4 Mmalo wa Baebele: Esethere 5-10

Pina No. 37

No. 1: Esethere—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 94 dir. 16-18)

No. 2: Esethere 5:1-14

No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa go Utlwala go Dumela mo Popong? (rs-TN dits. 334-6 ser. 2)

No. 4: Go Tlhaloganya Pego ya Baebele ka Popo (rs-TN ts. 336 ser. 3–ts. 338 ser. 4)

June 11 Mmalo wa Baebele: Jobe 1-7

Pina No. 84

No. 1: Ketapele ya Jobe (si-TN dits. 95-6 dir. 1-6)

No. 2: Jobe 1:6-22

No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa go Sisimoga Sefapaano Go se Ka fa Dikwalong? (rs-TN ts. 354 ser. 4–ts. 355 ser. 5)

No. 4: Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Swa? (rs-TN dits. 242-3 ser. 8)

June 18 Mmalo wa Baebele: Jobe 8-14

Pina No. 192

No. 1: Saulo—Sejana se se Kgethetsweng Morena (w99-TN 5/15 dits. 29-31)

No. 2: Jobe 8:1-22

No. 3: Baswi ba Kae, Mme Boemo Jwa Bone ke Bofe? (rs-TN ts. 244 ser. 1–ts. 246 ser. 2)

No. 4: Ke ka Ntlha Yang fa Basupi ba ga Jehofa ba sa Tlhakanele mo Dingwaong Tsa Khutsafalo? (rs-TN ts. 246 ser. 3–ts. 247 ser. 4)

June 25 Mmalo wa Baebele: Jobe 15-21

Pina No. 81

No. 1: Modimo ga a Bonya ka Tsholofetso ya Gagwe (w99-TN 6/1 dits. 4-7)

No. 2: Jobe 17:1-16

No. 3: dGo Arabela Dikgopolo Tse di Phoso Tse di Malebana le Loso (rs-TN ts. 247 ser. 5–ts. 248 ser. 2)

No. 4: Ditoro: Tse di Tlhotlheleditsweng le Tse Dingwe (rs-TN dits. 152-3 ser. 5)

July 2 Mmalo wa Baebele: Jobe 22-29

Pina No. 173

No. 1: A o Tshwanetse wa Tokafatsa Tsela e o Lebang Dilo ka Yone? (w99-TN 6/15 dits. 10-13)

No. 2: Jobe 27:1-23

No. 3: Diokobatsi—Fa di Ilediwa Bakeresete (rs-TN dits. 141-2 ser. 3)

No. 4: Ke ka Ntlha Yang fa Bakeresete ba Tila Marijuana (rs-TN ts. 143 ser. 1–ts. 144 ser. 1)

July 9 Mmalo wa Baebele: Jobe 30-35

Pina No. 108

No. 1: Lebaka La go Bo o Ka Ikanya Boporofeti Jwa Baebele (w99-TN 7/15 dits. 4-8)

No. 2: Jobe 31:1-22

No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa Bakeresete ba Tila Motsoko? (rs-TN ts. 144 ser. 2–ts. 146 ser. 1)

No. 4: Re ka Fenya Jang Mekgwa e e Bosula? (rs-TN ts. 146 dir. 2-5)

July 16 Mmalo wa Baebele: Jobe 36-42

Pina No. 160

No. 1: Jobe—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 100 dir. 39-43)

No. 2: Jobe 36:1-22

No. 3: Ditšhaba Di ka Se Senye Boikaelelo Jwa Modimo ka Lefatshe (rs-TN dits. 208-9 ser. 1)

No. 4: A Jehofa o Tla Senya Lefatshe ka Molelo? (rs-TN ts. 209 ser. 2–ts. 210 ser. 3)

July 23 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 1-10

Pina No. 5

No. 1: Ketapele ya Dipesalema—Karolo 1 (si-TN ts. 101 dir. 1-5)

No. 2: Pesalema 3:1–4:8

No. 3: Maloko a Jerusalema o Mosha A ka Se Boele mo Lefatsheng fa Baikepi ba Sena go Senngwa (rs-TN ts. 210 ser. 4–ts. 211 ser. 1)

No. 4: A Boikaelelo Jwa Modimo Jwa Kwa Tshimologong ka Lefatshe bo Fetogile? (rs-TN ts. 211 ser. 2–ts. 212 ser. 4)

July 30 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 11-18

Pina No. 48

No. 1: Ketapele ya Dipesalema—Karolo 2 (si-TN ts. 102 dir. 6-11)

No. 2: Pesalema 11:1–13:6

No. 3: Re ka Kgothatsa ba ba Lwalang Jang? (rs-TN ts. 213 dir. 1-4)

No. 4: Tsela ya go Kgothatsa Batho ba ba Swetsweng (rs-TN ts. 213 ser. 5–ts. 214 ser. 3)

Aug. 6 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 19-26

Pina No. 117

No. 1: Puisano e e Molemo—Selotlolo sa Lenyalo le le Itumetseng (w99-TN 7/15 dits. 21-3)

No. 2: Pesalema 20:1–21:13

No. 3: Go Kgothatsa Batho ba ba Bogisediwang go Dira Thato ya Modimo (rs-TN ts. 214 dir. 4-9)

No. 4: O ka Kgothatsa Jang ba ba Feletsweng ke Tshepo ka Ntlha ya Tshiamololo? (rs-TN ts. 215 dir. 1-4)

Aug. 13 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 27-34

Pina No. 130

No. 1: Filipo—Moefangele yo o Tlhoafetseng (w99-TN 7/15 dits. 24-5)

No. 2: Pesalema 28:1–29:11

No. 3: O ka Kgothatsa Jang Batho ba ba Gateletsweng ke Mathata a Itsholelo? (rs-TN ts. 215 ser 5–ts. 216 ser. 2)

No. 4: Go Kgothatsa Batho ba ba Kgobegileng Marapo ka Ntlha ya Ditlhaelo (rs-TN ts. 216 dir. 3-6)

Aug. 20 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 35-39

Pina No. 18

No. 1: Go Gatelelwa ke Balekane—A go Ka go Solegela Molemo? (w99-TN 8/1 dits. 22-5)

No. 2: Pesalema 38:1-22

No. 3: Thutotlhagelelo—Mathata a Saense (rs-TN dits. 402-4 ser. 1)

No. 4: Thutotlhagelelo, Rekoto ya Dilo Tsa Bogologolo, le Mabaka a a Utlwalang (rs-TN ts. 404 ser. 2–ts. 407 ser. 3)

Aug. 27 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Mmalo wa Baebele: Dipesalema 40-47

Pina No. 91

Sept. 3 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 48-55

Pina No. 36

No. 1: Tila go Kgopisiwa ke Bogale (w99-TN 8/15 dits. 8-9)

No. 2: Pesalema 49:1-20

No. 3: eGo Arabela Dikganetsano Tsa Batho ba ba Dumelang mo Thutotlhagelelong (rs-TN ts. 407 ser. 4–ts. 410 ser. 1)

No. 4: Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba le Bantsi Ba se Na Tumelo? (rs-TN dits. 435-6 ser. 2)

Sept. 10 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 56-65

Pina No. 44

No. 1: A ke Diabolo Yo o Re Lwatsang? (w99-TN 9/1 dits. 4-7)

No. 2: Pesalema 59:1-17

No. 3: Motho o ka Bapala Tumelo Jang? (rs-TN ts. 436 ser. 3–ts. 437 ser. 3)

No. 4: Go Dumela mo Tebelelong ya Tsamaiso e Ntšha e e Tshiamo go Supelwa ke Ditiro (rs-TN ts. 437 ser. 5–ts. 438 ser. 2)

Sept. 17 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 66-71

Pina No. 210

No. 1: Tlhopha “Karolo e e Molemo” (w99-TN 9/1 dits. 30-1)

No. 2: Pesalema 69:1-19

No. 3: Baporofeti ba Maaka ba ka Lemogiwa Jang? (rs-TN dits. 42-3 ser. 6)

No. 4: Ga se Ka Dinako Tsotlhe Baporofeti ba Boammaaruri ba Neng ba Tlhaloganya Gore Dilo Tse di Boleletsweng Pele Di ne Di Tla Diragala Jang le Gone Leng (rs-TN ts. 43 ser. 7–ts. 44 ser. 6)

Sept. 24 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 72-77

Pina No. 217

No. 1: Ke Eng fa o Tshwanetse go Boloka Ditsholofetso Tsa Gago? (w99-TN 9/15 dits. 8-11)

No. 2: Pesalema 73:1-24

No. 3: Dipolelo Tsa Moporofeti wa Boammaaruri di Etleetsa Kobamelo ya Boammaaruri (rs-TN ts. 44 ser. 7– ts. 45 ser. 1)

No. 4: Baporofeti ba Boammaaruri ba Itsiwe ka Maungo a Bone (rs-TN ts. 45 ser. 2–ts. 46 ser. 3)

Oct. 1 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 78-81

Pina No. 88

No. 1: Bapala Botlhale Mme o Amogele Kotlhao (w99-TN 9/15 dits. 12-15)

No. 2: Pesalema 78:1-22

No. 3: Go Arabela Batho Ba ba Re Bitsang Baporofeti ba Maaka (rs-TN ts. 47 dir. 1-3)

No. 4: Modimo ga a Laolela Motho Mongwe le Mongwe Go sa Le Gale Gore o Tlile go Swa Leng (rs-TN ts. 416 dir. 1-3)

Oct. 8 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 82-89

Pina No. 221

No. 1: Timotheo—“Ngwana wa Mmatota mo Tumelong” (w99-TN 9/15 dits. 29-31)

No. 2: Pesalema 88:1-18

No. 3: Ga se Sengwe le Sengwe se se Diragalang se e Leng Thato ya Modimo (rs-TN ts. 416 ser. 4–ts. 417 ser. 8)

No. 4: Modimo ga a Itse Sengwe le Sengwe Go sa Le Gale e Bile ga a Laolele Sengwe le Sengwe Go sa Le Gale (rs-TN ts. 418 dir. 1-3)

Oct. 15 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 90-98

Pina No. 134

No. 1: Go Nonotshediwa go Gana go Dira Se se Sa Siamang (w99-TN 10/1 dits. 28-31)

No. 2: Pesalema 90:1-17

No. 3: Bokgoni Jwa Modimo Jwa go Itse Ditiragalo Go sa Le Gale Le go Di Laolela Go sa Le Gale (rs-TN ts. 419 dir. 1-4)

No. 4: Lebaka La go Bo Modimo A ne A sa Itse Go sa Le Gale se se Neng se Tla Diragalela Adame (rs-TN ts. 419 ser. 5–ts. 420 ser. 2)

Oct. 22 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 99-105

Pina No. 89

No. 1: Go Ithuta Tsela e e Gaisang ya Lorato (w99-TN 10/15 dits. 8-11)

No. 2: Pesalema 103:1-22

No. 3: Modimo O ne A se Ka a Laolela Jakobe, Esau, Kana Judase Go sa Le Gale (rs-TN ts. 420 ser. 3–ts. 421 ser. 1)

No. 4: Phuthego ya Bokeresete E ne Ya Laolelwa Go sa Le Gale ka Tsela Efe? (rs-TN ts. 421 ser. 2-3)

Oct. 29 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 106-109

Pina No. 214

No. 1: “Jehofa o Aba Botlhale” (w99-TN 11/15 dits. 24-7)

No. 2: Pesalema 107:1-19

No. 3: Dikwalo di Bolela Eng ka Tepodinaledi? (rs-TN ts. 422 ser. 1–ts. 423 ser. 1)

No. 4: Ke Mabaka Afe a a Utlwalang a go Dumela mo Modimong? (rs-TN dits. 287-8 ser. 6)

Nov. 5 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 110-118

Pina No. 14

No. 1: Apokalipisi—A e Tshwanetse go Boifiwa Kana go Solofelwa? (w99-TN 12/1 dits. 5-8)

No. 2: Pesalema 112:1–113:9

No. 3: Boikepo le Pogo ga di Supe Gore Ga go Na Modimo (rs-TN ts. 288 ser. 7–ts. 289 ser. 1)

No. 4: Modimo ke Motho wa Mmatota yo o Nang le Maikutlo (rs-TN ts. 289 ser. 2–ts. 290 ser. 4)

Nov. 12 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 119

Pina No. 35

No. 1: O se Ka wa Letla Gore Nonofo ya Gago e Nne Bokoa Jwa Gago (w99-TN 12/1 dits. 26-9)

No. 2: Pesalema 119:1-24

No. 3: Modimo Ga a Na Tshimologo (rs-TN ts. 290 dir. 5-8)

No. 4: Go Botlhokwa go Dirisa Leina la Modimo go Bona Poloko (rs-TN ts. 291 dir. 1-4)

Nov. 19 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 120-137

Pina No. 175

No. 1: Dipesalema—Lebaka La go Bo e Le Mosola—Karolo 1 (si -TN dits. 104-5 dir. 23-7)

No. 2: Pesalema 120:1–122:9

No. 3: A Ditumelo Tsotlhe di Siame? (rs-TN ts. 291 dir. 5-8)

No. 4: Jesu ke “Modimo” wa Mofuta Ofe? (rs-TN ts. 292 dir. 1-2)

Nov. 26 Mmalo wa Baebele: Dipesalema 138-150

Pina No. 135

No. 1: Dipesalema—Lebaka La go Bo e Le Mosola—Karolo 2 (si-TN dits. 105-6 dir. 28-32)

No. 2: Pesalema 139:1-24

No. 3: fGo Arabela Dikganetso Tsa Batho Ba ba Sa Dumeleng mo Modimong (rs-TN ts. 292 ser. 3–ts. 293 ser. 3)

No. 4: Lebaka La go Bo Batho ba sa Kgone go Tlhoma Goromente yo o Nang le Tshiamiso (rs-TN dits. 173-4 ser. 3)

Dec. 3 Mmalo wa Baebele: Diane 1-7

Pina No. 132

No. 1: Ketapele ya Diane—Karolo 1 (si-TN dits. 106-7 dir. 1-5)

No. 2: Diane 4:1-27

No. 3: Lebaka La go Bo Maiteko a Batho a go Lere Kgololo A ka Se ka A Atlega (rs-TN ts. 174 ser. 4–ts. 175 ser. 2)

No. 4: Ke Bogosi Jwa Modimo Fela Jo bo Ka Rarabololang Dilo Tse Batho ba di Tlhokang (rs-TN ts. 175 ser. 3–ts. 176 ser. 1)

Dec. 10 Mmalo wa Baebele: Diane 8-13

Pina No. 51

No. 1: Ketapele ya Diane—Karolo 2 (si-TN dits. 107-8 dir. 6-11)

No. 2: Diane 13:1-25

No. 3: Boporofeti Jwa Baebele bo Itshupile bo Ikanyega Gotlhelele (rs-TN ts. 176 ser. 2-ts. 177 ser. 1)

No. 4: Phodiso ya Dikgakgamatso Gompieno ga e Dirwe ka Moya wa Modimo (rs-TN dits. 318-9 ser. 3)

Dec. 17 Mmalo wa Baebele: Diane 14-19

Pina No. 111

No. 1: Diane—Lebaka La go Bo e Le Mosola—Karolo 1 (si-TN dits. 109-10 dir. 19-28)

No. 2: Diane 16:1-25

No. 3: Pharologanyo fa Gare ga Diphodiso Tsa ga Jesu le Tsa Baaposetoloi ba Gagwe le Tsa Gompieno (rs-TN ts. 319 ser. 4–ts. 320 ser. 2)

No. 4: Tsela e Bakeresete ba Boammaaruri ba Tlhaolwang ka Yone Gompieno (rs-TN ts. 320 ser. 3–ts. 321 ser. 1)

Dec. 24 Mmalo wa Baebele: Diane 20-25

Pina No. 9

No. 1: Diane—Lebaka La go Bo e Le Mosola—Karolo 2 (si-TN dits. 110-11 dir. 29-38)

No. 2: Diane 20:1-30

No. 3: Lebaka La go Bo Dineo Tsa go Fodisa Di ne Di Neetswe mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga (rs-TN ts. 321 ser. 2–ts. 322 ser. 2)

No. 4: Batho Botlhe Ba na Le Tsholofelo Efe ya Mmatota? (rs-TN ts. 322 dir. 3-5)

Dec. 31 Tlhatlhobo e Kwalwang. Mmalo wa Baebele: Diane 26-31

Pina No. 180

[Footnotes]

a Fa nako e letla, sekaseka dikarabo tsa dikganetso, dikganetsano, le tse dingwe tse di ka thusang thata mo tshimong ya lona.

b Fa nako e letla, sekaseka dikarabo tsa dikganetso, dikganetsano, le tse dingwe tse di ka thusang thata mo tshimong ya lona.

c Fa nako e letla, sekaseka dikarabo tsa dikganetso, dikganetsano, le tse dingwe tse di ka thusang thata mo tshimong ya lona.

d Fa nako e letla, sekaseka dikarabo tsa dikganetso, dikganetsano, le tse dingwe tse di ka thusang thata mo tshimong ya lona.

e Fa nako e letla, sekaseka dikarabo tsa dikganetso, dikganetsano, le tse dingwe tse di ka thusang thata mo tshimong ya lona.

f Fa nako e letla, sekaseka dikarabo tsa dikganetso, dikganetsano, le tse dingwe tse di ka thusang thata mo tshimong ya lona.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela