LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/02 ts. 1
  • Thusa Molebedi wa Gago wa Thuto ya Buka ya Phuthego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thusa Molebedi wa Gago wa Thuto ya Buka ya Phuthego
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Balebedi ba Thuto ya Buka ya Phuthego ba Bontshang go Kgatlhegela ba Bangwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Thuso ya ka Nako Eo E Tlhokwang ka Yone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Thuto ya Buka ya Phuthego—Lebaka La go Bo re E Tlhoka
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Karolo 5—Loeto Lwa Molebedi wa Tirelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 11/02 ts. 1

Thusa Molebedi wa Gago wa Thuto ya Buka ya Phuthego

1 Rotlhe re solegelwa molemo thata ke Thuto ya Buka ya Phuthego. Mo kgweding e e fetileng re ile ra sekaseka tsela e molebedi wa Thuto ya Buka ya Phuthego a dirang maikarabelo a gagwe ka yone. Mme re ka dirang go mo thusa gore rona ka borona le batho ba bangwe re solegelwe molemo?

2 Nna Gone Beke le Beke: Go botlhokwa gore o nne teng ka metlha ka gonne palo ya setlhopha sa thuto ya buka e potlana. Ipeele mokgele wa go nna gone beke nngwe le nngwe. Gape o ka thusa ka go se fitlhe thari, e re ka seno se tla thusa molebedi go simolola pokano sentle ka nako.—1 Bakor. 14:40.

3 Dikakgelo Tse di Agang: Tsela e nngwe e o ka thusang ka yone ke ka go baakanyetsa sentle le ka go akgela ka tsela e e agang. Dikakgelo tse di remeletseng mo ntlheng e le nngwe ke tsone tse di molemo, mme seno se kgothaletsa ba bangwe gore le bone ba akgele. Tila go batla go akaretsa dintlha tsotlhe tse di mo serapeng. Fa ntlha nngwe e e ithutiwang e go ama pelo, dira gore thuto e nne e e itumedisang ka go akgela ka ntlha eo.—1 Pet. 4:10.

4 Fa e le gore o na le tshiamelo ya go balela setlhopha dirapa, dira boikarabelo joo ka botswerere. Fa o bala ka tsela e e molemo o tla dira gore thuto e nne e e itumedisang.—1 Tim. 4:13.

5 Go Rera le Setlhopha: Bontsi jwa dipokano tsa tirelo ya tshimo di tshwarelwa mo mafelong a go tshwarelwang thuto ya buka mo go one, mme fa o tshegetsa dithulaganyo tseno o tla thusa molebedi fa a ntse a etelela pele mo tirong ya go rera. Tlhomamisa gore o nna le seabe ka metlha mo tirelong ya tshimo. Tsaya dithulaganyo tseno e le ditshono tsa go atamalana thata le bakaulengwe ba gago le go ba kgothatsa.

6 Dipego Tsa Tirelo ya Tshimo: Tsela e nngwe e o ka thusang molebedi ka yone ke ka go tlisa pego ya tirelo ya tshimo ka bonako kwa bofelong jwa kgwedi nngwe le nngwe. Isa pego ya gago ka tlhamalalo kwa go ene. Mokwaledi o tla phutha dipego tsa tirelo ya tshimo go tswa mo balebeding ba dithuto tsa buka.

7 Tirisanommogo ya gago le molebedi wa Thuto ya Buka ya Phuthego e tla anaanelwa thata. Mo godimo ga moo, o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla ‘nna le moya o o o bontshang.’—Bafil. 4:23.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela