Go Tsamaisa Dikgatiso mo Tshimong ya Dipuo Tse di Farologaneng
1. Ke ka ntlha yang fa go tlhokega gore diphuthego di le dintsi di nne le dikgatiso ka puo e sele?
1 Mo mafelong a le mantsi, tshimo e setse e na le batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe. Bontsi jwa bone ba ithuta ka bonako e bile ba tlhaloganya botoka fa ba rutiwa ka puo ya ga bone. Go na le dithulaganyo dife tse di ka thusang gore batho ba ba kgatlhegelang molaetsa ba newe dikgatiso tsa Baebele ka puo e ba e tlhaloganyang sentle?
2. Go tlhokega tirisanommogo efe fa diphuthego tse pedi kgotsa go feta di bereka tshimo e le nngwe fela mme di dirisa dipuo tse di farologaneng?
2 Dikgatiso di ka Tsamaisiwa mo Maemong Afe? Fa diphuthego tse pedi kgotsa go feta di bereka tshimo e le nngwe fela mme di dirisa dipuo tse di farologaneng, ditlhopha tsa bagolwane tsa diphuthego tseno di tla dirisana mmogo le balebedi ba tsone ba tirelo go dira thulaganyo e e tla amogelwang ke tsone tsotlhe gore batho ba puo nngwe le nngwe ba neelwe bosupi ka botlalo. Fa o rera ka ntlo le ntlo, ka tsela e e seng ya tlwaelo kgotsa mo mafelong a botlhe, tsamaisa dikgatiso ka dipuo tse di buiwang ke batho ba lefelo leo.
3. Phuthego e ka otara dikgatiso tsa puo e sele leng?
3 Dikgatiso di ka Otariwa Leng? Go ka dirwang fa e le gore go na le setlhopha se se rileng sa batho ba ba buang puo e sele mo lefelong lengwe mme go se na phuthego e e dirisang puo eo? Fa go ntse jalo, diphuthego di ka otara dikgatiso tse di dirisiwang thata mo tshimong tse di leng teng ka puo eo, tse di jaaka dipampitshana, boroutšhara jwa Re Direng le jwa Tsala ya Modimo le buka ya Kitso. Baboledi ba ka tsamaisa dikgatiso tseno nako le nako fa ba kopana le batho ba ba kgonang go bala puo eo.
4. Dikgatiso tsa puo e phuthego e se nang yone mo setokong di ka otariwa jang?
4 Dikgatiso di ka Otariwa Jang? Fa e le gore phuthego ga e na dikgatiso tse di balwang ke mongwe yo o kgatlhegang mo setokong sa yone, e ka dira eng gore e nne le dikgatiso tsa puo eo? Mmoledi o tshwanetse a buisana le motlhanka wa dibuka go bona gore ke dikgatiso dife tse di leng gone ka puo eo gore di tsenngwe mo otareng e e latelang ya dibuka tsa phuthego.
5. Ke eng se se ka dirwang fa e le gore dikgatiso di tlhokwa pele otara ya phuthego e ka tla?
5 Fa e le gore di tlhokega ka bonako, mmoledi a ka botsa mongwe wa Komiti ya Tirelo ya Phuthego gore a otara ya tsone e ka romelwa pele ga otara e e latelang ya dibuka tsa phuthego e romelwa. Fa seno se dumetswe, mookamedi wa dibuka kgotsa mongwe yo o tlhophilweng ke ene a ka romela otara ka bonako kwa ofising ya lekala, ka poso kgotsa ka mogala. Dikgatiso tseno di tla romelwa kwa atereseng e e tlwaelegileng e dibuka tsa phuthego di romelwang kwa go yone kgotsa kwa atereseng nngwe ya nakwana, fa go batliwa jalo.
6. Mokgele wa rona ke ofe fa re ntse re tsamaisa dikgatiso tsa Bokeresete?
6 E kete re ka dirisa dikgatiso tsa Bokeresete sentle go thusa “batho ba mefuta yotlhe,” le fa ba ka tswa ba bua puo efe, ‘gore ba tle mo kitsong e e leng yone ya boammaaruri mme ba bolokwe.’—1 Tim. 2:3, 4.