LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/92 ts. 3
  • Letlole la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letlole la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tsamaisa Dikgatiso mo Tshimong ya Dipuo Tse di Farologaneng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • A O Tsaya Dibuka tsa Rona di le Botlhokwa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Balebedi ba ba Etelelang Pele—Molebedi wa Tirelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Dirisa ka Botlhale Dikgatiso Tsa Rona Tse di Theilweng mo Baebeleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 7/92 ts. 3

Letlole la Dipotso

◼ Molebedi wa tirelo a ka okamela jang tiro ya batlhanka ba bodihedi bao ba berekang mo mafapheng a dibuka le a dimakasine?

Dilo tseo molebedi wa tirelo a di kgatlhegelang ga di felele fela ka go etela ditlhopha tsa thuto ya buka kgwedi le kgwedi le go rulaganyetsa dipokano tsa ka metlha tsa tirelo ya tshimo. Mogolwane yono yo o tlhoafetseng o kgatlhegela thata sengwe le sengwe seo se ka amang go gatela pele ga tiro ya go rera mo tshimong eo e abetsweng phuthego.

O tla tlhomamisa gore kgwedi nngwe le nngwe go nne le palo e e lekaneng ya dibuka tseo di tsamaisiwang mo tshimong mmogo le dikamasine le gore di lebega sentle thata. Ka ntlha ya seno o okamela ditiro di le dintsi tseo di dirwang ke batlhanka ba bodihedi bao ba abetsweng go bereka mo mafapheng a dibuka le a dimakasine.

Molebedi wa tirelo o baya tsebe ka kelotlhoko go utlwa dikitsiso tseo di amanang le matsholo a go tsamaisa dibuka ao a santseng a tla ka nako eo dikitsiso tseno di tlhagang ka yone go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Ene mmogo le mokaulengwe yoo o tlhokomelang dibuka ba dirisana mmogo thata go tlhomamisa gore go tla nna le dibuka tse di lekaneng go ka dirisiwa, mme lefa go ntse jalo ba tshwanetse ba tlhomamisa gore ba seka ba otora di le dintsi thata go feta tekano. Fa e le gore kgatiso nngwe e tla bo e dirisiwa ka lekgetlo la ntlha mo tshimong kana e le gore e tlile go ithutiwa mo phuthegong mo bogautshwaneng, go tshwanetse ga akanngwa ka dilo tseno fa go dirwa otoro kwa Mokgatlhong. Fa e le gore buka eo e setse e kile ya tsamaisiwa pele, pego ya tirelo ya tshimo ya phuthego ya letsholo la nako e e fetileng e tla bontsha gore a palo ya tseo di santseng di le gone e lekane. Gone ke boammaaruri gore go tshwanetse ga akanngwa ka dilo tse di ntseng jaaka gore go na le baboledi ba le kae bao ba tla direlang jaaka babulatsela ba ba thusang mo kgweding eo mmogo le kgolo e e nnileng teng mo palong ya baboledi le mo palong ya babulatsela ba ka metlha fa esale ka nako eo buka eo e neng e tsamaisiwa ka yone mo nakong e e fetileng. Dibuka di tshwanetse tsa kgonwa go bonwa pele ga dipokano di tsena le morago ga di sena go tswa. Dibokoso tseo di tsentseng dibuka di tshwanetse tsa bewa ka tshwanelo mo lefelong le le phepa, le le seng bongola le go pakiwa ka tsela eo eleng gore ga di kitla di senyega ka tsela epe.

Molebedi wa tirelo gape o tla dirisana mmogo le mokaulengwe yoo a tlhokomelang lefapha la dimakasine. Nako le nako, molebedi wa tirelo le mokaulengwe yoo a tlhokomelang dimakasine ba tshwanetse ba bapisa palo ya dimakasine tseo di kopiwang kgwedi le kgwedi le palo ya dimakasine tseo tota di tsamaisiwang mo bodiheding. Go ka nna ga diragala gore baboledi bangwe ba tshwanelwe ke gore ba fokotse palo ya dimakasine tse di mo otorong ya bone ka namana fa e le gore ka metlha di a koelegana kwa magabone. Ga go a tshwanelwa ga senngwa dimakasine.

Molebedi wa tirelo a ntse a akantse ka tsone dintlha tseno tsa motheo, o tshwanetse a tlhatlhoba palo ya dibuka tseo di tsamaisiwang mo tshimong tseo phuthego e di otorang mo foromong ya Literature Order (S-AB-14) a dira jalo ka namana. E tla re morago ga moo a bo a isa foromo eno go mokwaledi wa phuthego, yoo a tla tlhatlhobang foromo eno yotlhe ka kelotlhoko, a tlhokomela segolobogolo palo ya dilwana tseo sekoloto sa tsone se laolwang tseo di otorilweng mo go yone.

Gone ke boammaaruri gore go tlhokega gore go dirwe selekanyo se se rileng sa tiro ya go berekana le dipampiri gore go tlhokomelwe mafapha a dibuka le dimakasine ka tshwanelo. Fa bakaulengwe ba ba abetsweng seno ba na le dipotso tse di leng malebana le kafa ba ka dirisang diforomo ka gone mmogo le go boloka direkoto, mokwaledi o tla itumelela go thusa mo karolong eno ya tiro ya bone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela