Balebedi ba ba Etelelang Pele—Molebedi wa Tirelo
1 Molebedi wa tirelo o kgatlhegela thata sengwe le sengwe se se amanang le botswelelopele jwa tiro ya go rera efangele mo tshimong e e abetsweng phuthego. Ka gone o dira karolo ya botlhokwa mo go re thuseng go diragatsa boikarabelo jwa rona jwa go rera dikgang tse di molemo. Jaaka moreri yo o tlhoafetseng, o etelela pele mo go rulaganyeng dilo tsotlhe tse di amanang le tirelo. Jaaka morutisi yo o nang le bokgoni, o thusa baboledi gore ba nne le matswela mo bodireding.—Baef. 4:11, 12.
2 Mogolwane yono o okamela ka tlhamalalo tiro ya batlhanka ba bodiredi ba ba abetsweng go tlhokomela dibuka, dimakasine le ditshimo. O ikarabelela go tlhomamisa gore go na le dibuka tse di lekaneng, dimakasine le diforomo tsa tirelo tse re tla di dirisang kgwedi le kgwedi. Gangwe ka ngwaga o tlhatlhoba faele ya tshimo ya diaterese tsotlhe tsa magae tse re kopilweng gore re se ka ra di etela, mme o abela bakaulengwe ba ba tshwanelegang gore ba etele magae ano.
3 Molebedi wa tirelo ke ene yo o tlhokometseng dikarolo tse di farologaneng tsa go rera, go akaretsa go neela bosupi mo dikgwebong, mo mmileng le ka founo. O tlhagafalela go dira dithulaganyo tse di molemo tsa go kopana go tswela tirelong beke yotlhe, go akaretsa le ka malatsi a boikhutso. O kgatlhegela thata tiro ya dithuto tsa Baebele. O batla ditsela tsa go thusa ba ba sa tsweng ka metlha mo semoyeng kana ba ba tsidifetseng mo bodireding. O amegile thata ka tiro ya babulatsela, e bile o okamela thulaganyo ya Babulatsela ba Thusa ba Bangwe.
4 Jaaka leloko la Komiti ya Tirelo ya Phuthego, molebedi wa tirelo o akantsha ka diphetogo dipe tse di ka dirwang mo ditlhopheng tsa Thuto ya Buka ya Phuthego. Fa a etetse setlhopha sa lona, tlhomamisa gore o nne teng mme o bereke le ene mo tirelong ya tshimo.
5 Botlhe mo phuthegong ba tshwanetse go dirisana mmogo ka go rata le kaelo e e neelwang ke molebedi wa tirelo. Seno se tla re thusa gore re nne le matswela mo tirong ya go dira barutwa mme re itumelele bodiredi jwa rona thata.