LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/03 ts. 3
  • Go Ithuta Buka ya Obamela Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ithuta Buka ya Obamela Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Solegelwa Molemo ke go Ithuta Buka ya Atamalana le Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Dirisa Buka ya Obamela Modimo go Tshwara Dithuto Tsa Baebele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Itumelele go Ithuta Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Thuto ya Buka ya Phuthego—Lebaka La go Bo re E Tlhoka
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 9/03 ts. 3

Go Ithuta Buka ya Obamela Modimo

Buka ya Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri e diretswe go ithutiwa le batho ba ba sa ntseng ba le basha mo boammaaruring fa ba sena go fetsa go bala buka ya Kitso. Go Ithuta buka eno kwa Thutong ya Buka ya Phuthego go tla re tlhomelela gore re kgone go dirisa buka eno sentle mo bodireding, gape go tla re thusa go nonotsha lorato le kanaanelo ya rona mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe. Go ithuta buka ya Obamela Modimo go ka re solegela molemo jang ka botlalo?

Go Tshwara Thuto: E re ka re tla bo re ithuta kgaolo yotlhe beke nngwe le nngwe, balebedi ba thuto ya buka ba tla tshwanelwa ke go dirisa nako ka botlhale. Ba tla tshwanelwa ke gore ba se ka ba senya nako mo dirapeng tsa ntlha go dira gore go nne la nako e ntsi ya go tlotla dintlha tse di thatanyana tse gantsi di tlhagang mo dirapeng tsa bofelo. Go tlotla ka lebokoso la poeletso kwa bokhutlong jwa thuto nngwe le nngwe go tla thusa botlhe ba ba leng gone gore ba se ka ba lebala dintlha tsa konokono.

Dikgaolo tse di ka dirang halofo ya buka eno ya Obamela Modimo, di na le dipotso tse di tsenetseng kwa teng ga tsebe go sekae tse re ka tlhatlhanyang ka tsone le go tlotla ka tsone. Bona sekai sa seno mo ditsebeng 48-9. Fa go balwa dirapa, ga go tlhokege gore dipotso tseo le tsone di balwe. Fa molebedi a tlhopa gore a di tlotle le setlhopha, o tla kopa gore go balwe ditemana tse di umakilweng go bo go tlotlwa ka tsone go ya kafa nako e letlang ka gone.

Go Baakanyetsa Go sa Le Gale: Go baakanyetsa thuto sentle ga se kgang fela ya go thalela dikarabo. Go tlhatlhanya ka thapelo ka ditemana tse di umakilweng go tla re thusa e seng fela gore re kgone go baakanyetsa dikarabo tsa rona mme se se botlhokwa le go feta, go tla re thusa go baakanya le dipelo tsa rona. (Esera 7:10) Rotlhe fela re ka kgona go kgothatsana ka dikarabo tsa rona tse di boleele jo bo lekaneng.—Bar. 1:11, 12.

Go ithuta buka ya Obamela Modimo go tla re thusa go atamalana le Jehofa e bile go tla re tlhomelela sentle gore re kgone go thusa batho ba ba nang le dipelo tse di ikanyegang gore ba kopanele le rona mo go mo obameleng. (Pes. 95:6; Jak. 4:8) E kete thulaganyo e e molemo eno ya semoya e ka re solegela molemo rotlhe fela ka botlalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela