Tsweetswee Boela ka Bonako
Kwa go bomang? Kwa go ba ba kopileng gore re ba tlisetse dibuka kgotsa ba ba kopang gore re ba isetse dimakasine ka metlha kgotsa kwa go ba ba ka ratang gore Mosupi a ba etele kwa magaeng a bone. Dikopo tseno di tswa kwa bathong ba ba ikgolaganyang le ofisi ya lekala ka go kwala lekwalo kgotsa ka go founa kgotsa ka go dirisa Internet. Fa batho ba bontsha ka tsela e e ntseng jalo gore ba a kgatlhega, ofisi ya lekala e itsise diphuthego tsa mafelo a ba nnang mo go one ka go dirisa foromo ya S-43, e leng pampitshana e e nang le setlhogo se se reng “Tsweetswee Boela.” Fa bagolwane ba amogela foromo ya S-43, ba tshwanetse go e fetisetsa ka bonako mo mmoleding yo o se kitlang a ipona tsapa go ya go thusa motho yono yo o kgatlhegang. Fa mmoledi a sa kgone go fitlhela motho yoo kwa gae, a ka nna a leka go ikgolaganya le ene ka founo kgotsa go mo kwalela lekwalonyana a bo a le baya mo le se kitlang le bonwa ke batho gone. Fa o kopiwa go etela motho yo o kgatlhegang, tsweetswee leka ka natla gore o ikgolaganye le ene ka bonako.