Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka July 12
Pina 108
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Molebedi wa tirelo o tlhalosa dithulaganyo tsa tshimo e e sa abiwang. Tlotla ka lekwalo la May 31, 2004, le le buang ka tshimo e e sa abiwang, le ka dikgatiso tse di tsamaisiwang, matlha, lefelo le le tlileng go berekiwa, marobalo le dithulaganyo tsa loeto lwa go ya koo. A bangwe ba ka tsaya bobulatsela jo bo thusang? Diphuthego tse di sa yeng kwa tshimong e e sa abiwang di tshwanetse go tlotla ka dithulaganyo tsa go bereka tshimo e e berekiwang sewelo. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 4, dira gore go nne le pontsho ya kafa go ka tsamaisiwang ka gone Tora ya Tebelo ya July 15 le Tsogang! ya August 8. Mo pontshong e nngwe, bontsha go tsamaisiwa makasine mo mmileng mo mothong yo o sa bueng puo ya gago sentle.
18 mets: “Etsa Tshiamiso ya ga Jehofa.”a Fa nako e letla, kopa bareetsi gore ba akgele ka dikwalo tse di umakilweng.
15 mets: Baebele, Buka e e Nang le Dipolelelopele Tse di ka Ikanngwang. Puo le motlotlo le bareetsi o o tswang mo boroutšhareng jwa Buka ya Batho Botlhe, tsebe 27-9. Gantsi fa re le mo bodireding jwa rona re kopana le batho ba ba kgatlhegelang isagwe. Baebele e re neela tshedimosetso e re ka e ikanyang e e kaga isagwe e e itumedisang e batho ba ba kutlo ba tla nnang le yone. Ela tlhoko bongwe jwa boporofeti jwa Baebele jo bo re tlhomamisetsang gore re tshepe dipolelelopele tse di mo Baebeleng tse di kaga isagwe. Kopa gore mmoledi mongwe a dire pontsho e khutshwane ya kafa ditiragalo tse di mo Baebeleng di ka dirisiwang ka gone go thusa motho yo o kgatlhegang gore a tshepe Baebele.
Pina 16 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka July 19
Pina 83
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Tlotla ka botlhokwa jwa go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go bala Baebele letsatsi le letsatsi le fa ditiro tse dingwe di ka kgoreletsa thulaganyo ya rona. Akaretsa dikakgelo tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 2000 mo go tsebe 32.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
20 mets: “Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele—Karolo 1.” Puo e e neelwang ke molebedi wa tirelo. Dira gore bareetsi ba akgele ka tshedimosetso e e mo bukeng ya Baboledi, mo go tsebe 572-4, ba bontsha kafa go tshwara dithuto tsa Baebele go dirwang ka gone mo motlheng wa segompieno. Dira gore bareetsi ba tlhagafalele go utlwa motseletsele wa ditlhogo tse di latelang. Sengwe sa ditlhogo tse go tla tlotliwang ka tsone ke kafa o ka baakanyetsang ka gone go tshwara thuto, kafa o ka thusang moithuti ka gone go baakanyetsa, gore lo tla ithuta dintlha di le kae, kafa o ka dirisang ditemana ka tsela e e nang le matswela ka gone, kafa o ka arabang dipotso tsa moithuti ka gone, kafa o ka mo tlhalosetsang ka gone ka kgang ya go simolola ka thapelo le kafa o ka thusang moithuti ka gone gore a tle mo phuthegong. Kgothaletsa botlhe gore ba dirise dikakantsho tseno le gore ba boloke ditlhogo tsa metseletsele eno gore ba tle ba di dirise mo isagweng.
Pina 10 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka July 26
Pina 216
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Pego ya diakhaonto. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo ya July. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 4, dira pontsho ya kafa go ka tsamaisiwang ka gone Tora ya Tebelo ya August 1 le Tsogang! ya August 8. Mo go nngwe le nngwe ya tsone, tlhalosa tsela e e farologaneng e o ka thusang ka yone batho ba ba kgoreletsang puisano ba ba reng, “Ke eng lo re etela gantsi jaana?”—Bona buka ya Go Fetolana tsebe 20.
8 mets: Lebokoso la Dipotso. E neelwe ke mogolwane. Bala o bo o tlotle ka setlhogo sotlhe.
25 mets: “Kafa re ka Rerang ka Gone mo Tshimong ya Kgwebo.”b Bolela gore ke dithulaganyo dife tsa go rera mo tshimong ya kgwebo tse di dirilweng mo phuthegong ya lona. Mo serapeng 4-5, dira dipontsho tse pedi tse di khutshwane kgotsa o dirise puisano nngwe e e tshwanelang lefelo la lona. Fa nako e letla, kopa bareetsi gore ba bolele maitemogelo a a agang a ba nnileng le one fa ba bereka tshimo ya kgwebo.
Pina 173 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka August 2
Pina 60
8 mets: Dikitsiso tsa phuthego.
22 mets: A o Ntsha Mabaka? Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi tsebe 254, dirapa 1-2. Fa re tlhalosa e bile re dirisa dikwalo mo tirelong ya tshimo le mo seraleng, tsela e re rutang ka yone e tla nna le matswela fa re ntsha mabaka go na le fela gore re gatelele gore selo se re se buang se ntse jalo. O dirisa dikai tse di mo bukeng ya Go Fetolana kgotsa tse di mo dikgatisong tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona, bontsha gore o ka kgona jang (1) go tlhopha le go tlhalosa dintlha tsa konokono tse di mo temaneng, (2) go ntsha bosupi jo bo tshegetsang ntlha e lo ntseng lo bua ka yone kgotsa jo bo tswang mo temaneng e nngwe e e buang ka se lo tlotlang ka sone, (3) go dirisa setshwantsho go bontsha gore se o ntseng o bua ka sone se a utlwala, le (4) go dirisa dipotso go thusa bareetsi gore ba akanye ka kgang. Gatelela melemo ya go buisana le batho ka go ntsha mabaka.
15 mets: Maitemogelo a mo lefelong la lona. Kopa bareetsi gore ba bolele maitemogelo a a agang a ba nnileng le one ka nako ya fa e ne e le babulatsela ba ba thusang kgotsa fa ba nna le seabe mo ditirong dingwe tsa semoya.
Pina 32 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.