Thulaganyo e Ntšha ya go Boeletsa Dintlha Tsa Kopano
Fa lefatshe la ga Satane le ntse le nna maswe le go feta, Jehofa o re nonotsha “gore re gane boikepo le dikeletso tsa selefatshe mme re tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo le tshiamo le boineelo jwa bomodimo mo gare ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo.” (Tito 2:12) Nngwe ya dilo tse a re direlang tsone ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” ke dikopano tse re nnang le tsone ngwaga le ngwaga tsa potologo le tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe. (Math. 24:45) Dikokoano tseno tsa semoya di re nonotsha tota!
E le go re thusa go gakologelwa le go dirisa dintlha tse re di utlwileng, mo ngwageng wa tirelo wa 2005 go tla dirisiwa thulaganyo e ntšha ya go boeletsa dintlha tsa dikopano tseno. Tsebe 5-6 ya tsenyeletso eno e na le ditlhogo tse di re neelang maoko a se go tla tlotliwang ka sone mo thulaganyong ya kopano mmogo le dipotso tsa poeletso tsa thulaganyo nngwe le nngwe ya kopano. Diphuthego di tla sekaseka tshedimosetso eno mo Pokanong ya Tirelo pele ba ya kopanong le morago fela ga kopano ya bone. Seno se tla rulaganngwa jang?
Gore bareetsi ba lebelele pele go utlwa thulaganyo ya kopano, beke e le nngwe kana di le pedi pele phuthego e ya kopanong ya potologo, go tla nna le puo ya metsotso e le lesome kwa Pokanong ya Tirelo e e theilweng mo setlhogong se se reng “Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo.” Sebui se tla thusa bareetsi gore ba ele tlhoko dipotso tsa poeletso le go kgothaletsa botlhe gore ba kwale dintlha e le go baakanyetsa poeletso e e tla tshwarwang dibekenyana morago ga kopano.
Dibeke di le mmalwa fela morago ga kopano go tla nna le poeletso ya metsotso e le 15 ya thulaganyo ya letsatsi la ntlha la kopano mo Pokanong ya Tirelo. Mo bekeng e e latelang, go tla dirisiwa gape metsotso e le 15 go boeletsa thulaganyo ya letsatsi la bobedi la kopano. Go tla dirisiwa dipotso tsa poeletso tse di leng mo tsenyeletsong eno go tshwara metlotlo eo. Poeletso eo e tshwanetse go bontsha kafa tshedimosetso eo e solegetseng bareetsi molemo ka gone. Bagolwane ba ka nna ba rulaganya gore dipuo tse dingwe tsa Pokano ya Tirelo di khutswafadiwe kgotsa di se ka tsa nna gone kgotsa di tshwarwe mo nakong e e tlang e le gore go nne le poeletso eno.
Go tla dirwa fela jalo le ka thulaganyo ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe, pharologano e tla nna fela gore mo go yone go tla nna le puo e le nngwe fela ya metsotso e le 15 go boeletsa thulaganyo yotlhe. Rotlhe re tla batla go boloka tsenyeletso eno mme re e dirise ka tsela e e tla dirang gore kaelo e Jehofa a re nayang yone e re solegele molemo ka botlalo.—Isa. 48:17, 18.