LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/05 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 6/05 ts. 7

Dikitsiso

◼ June: Nnang lo Disitse! July le August: Boroutšhara bope fela jwa ditsebe tse 32, kwantle ga jwa Basupi ba ga Jehofa le Thuto, Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?, Basupi ba ga Jehofa—Ke Bomang? Ba Dumela Eng? le ‘Bona Lefatshe le le Molemo.’ September: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.

◼ Go tshwanetse ga rulaganyediwa gore go nne le buka ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa mo laeboraring ya Holo ya Bogosi. Go na le tshedimosetso e nngwe gape e e amanang le dilaeborari tsa Holo ya Bogosi mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 2003, tsebe 5, le mo setlhogong sa Lebokoso la Dipotso la Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 1997.

◼ Ka ntlha ya go gola ga lelapa la rona la Bethele ya Afrika Borwa mo dingwageng tsa bosheng jaana, re tlhoka ngaka e nngwe gape e e tshwanelegang ya kalafi ka potlako. Le fa gone re ka rata thata batho ba ba sa nyalang ba dingwaga tse di fa gare ga 19 le 35, fa mokaulengwe yo o nyetseng kgotsa mosadi wa gagwe e le ngaka e e tshwanelegang ya kalafi e bile ba se na maikarabelo ape a mangwe, ene le mosadi wa gagwe ba kgothalediwa go akanyetsa kgang eno. Gape, go tlhokega ngaka e e tshwanelegang ya meno ka potlako. Gore o tshwanelegele go tla go direla mo Bethele, o tshwanetse wa bo o ineetse e bile o kolobeditswe bobotlana sebaka sa ngwaga. O tshwanetse wa bo o le motho yo o dirang ka natla yo o ratang dilo tsa semoya, o na le botsogo jo bo siameng mo mmeleng, mo tlhaloganyong le mo maikutlong e bile o le moagi wa mo Afrika Borwa. Fa o setse o fetile dingwaga di le 35 mme o na le ditshwanelego tseno tsotlhe, o ka nna wa tlatsa foromo ya go kopa go tla Bethele o bo o e naya komiti ya tirelo ya phuthego e o kopanelang le yone. Kgotsa o ka nna wa founa kgotsa wa kwalela kwa ofising ya lekala go kopa tshedimosetso e e oketsegileng.

◼ Dikhasete Tse Disha Tse di Gone:

Atamalana le Jehofa—Seesemane

◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Gone:

Noah Walked With God—David Trusted in God—Seesemane, Sefora, Sejapane, Sejeremane, Sentadiana Sepotokisi, Se-Russia, le Se-Spain (Dipuo tseno tsotlhe di mo DVD e le nngwe fela.)

Troublesome Times and Boldly Witnessing—Puo ya Diatla ya Kwa Amerika

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela