Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo tlhatlhobong e e sa kwalweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka December 26, 2005. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya November 7 go ya go December 26, 2005. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso gore o bone dikarabo.—Bona Sekolo sa Bodiredi, ts. 36-7.]
BOKGONI JWA GO BUA
1. Re ka dira eng go tlhomamisa gore re naya ba bangwe kgakololo “ka lorato”? (File. 9) [be-TN ts. 266]
2. Re ka “rotloetsa ka thuto e e itekanetseng” ka ditsela dife? (Tito 1:9) [be-TN ts. 267 ser. 1-2]
3. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go dira gore dipuo tsa rona di kgothatse, mme re ka dira seno jang? [be-TN ts. 268 ser. 1-3, lebokose]
4. Ka go etsa Moshe, go thusa ba bangwe go gakologelwa se Jehofa a se diretseng batho ba gagwe go ka ba kgothatsa jang? (Dute. 3:28; 31:1-8) [be-TN ts. 268 ser. 5–ts. 269 ser. 2]
5. Ke ka ntlha yang fa go bua ka tsela e e bontshang gore re rata se Jehofa a se dirang gone jaanong le ka se a tla se dirang mo isagweng go ka kgothatsang bareetsi ba rona? [be-TN ts. 270-1]
PUO NO. 1
6. Septuagint ke eng, mme ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba e kgatlhegela? [si-TN ts. 307 ser. 12–ts. 310 ser. 14]
7. Bakwadi ba Masora e ne e le bomang, mme ba ne ba nna le seabe sefe se se botlhokwa mo go ranoleng Baebele? [si-TN ts. 310 ser. 18; ts. 311 ser. 20-1]
8. Go ne ga dirisiwa thanolo efe go ranola karolo ya Sehebera ya New World Translation ka Seesemane mme ke ka ntlha yang fa go ka twe thanolo eno ke ya maemo a a kwa godimo le e e ikanngwang? [si-TN ts. 312 ser. 28, 30]
9. Bakeresete ba pele ba ne ba bontsha jang gore ba eletsa thata go anamisa Lefoko la Modimo? [si-TN ts. 315 ser. 1-5]
10. Go ithuta mekwalo e e leng gone le ditemana tsa Dikwalo Tse di Boitshepo go senola eng ka Baebele? [si-TN ts. 320 ser. 32]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. A lebaka la go bo Dafide a ne a sa letlelelwa go aga tempele le bontsha gore Jehofa o ne a sa rate dintwa tse di neng di lolwe ke Dafide? (1 Ditir. 22:6-10)
12. Mo thapelong ya ga Solomone ya go kgakola tempele, o ne a dumela jang gore Jehofa ga a reetse fela dilo tse batlhanka ba gagwe ba di tlhokang jaaka setlhopha mme gape o itse boemo jwa mongwe le mongwe yo o mmoifang? (2 Ditir. 6:29, 30)
13. “Madimona a a bopegileng jaaka dipodi” a go buiwang ka one mo go 2 Ditiragalo 11:15 ke eng?
14. E re ka puso ya ga Baasha e simolotse “mo ngwageng wa boraro wa ga Asa” mme ya nna ka lobaka lwa dingwaga di le 24 fela, re ka dumalanya jang kgang ya gore Baasha o ne a “tsogologela Juda” mo “ngwageng wa bomasome a mararo le borataro wa puso ya ga Asa”? (1 Dikg. 15:33; 2 Ditir. 16:1)
15. Ditiragalo wa Bobedi 20:22, 23 e tlhalosa sentle jang se se tla tlogang se diragalela lefatshe la ga Satane?