A Ngwana wa Gago O ne A ka Kgona go Dira Tshwetso e e Bontshang Gore o Godile Sentle mo Tlhaloganyong?
1. Basha bangwe ba Basupi ba ile ba dira tshwetso efe e e amanang le go dirisiwa ga madi? Umaka sekai.
1 Ke tshwetso efe eo? Ke tshwetso e e amanang le kgang ya go tshelwa madi. Jaaka go bontshitswe mo setlhogong se se reng “Tsamaya Jaaka Yo o Kaelwang ke Jehofa” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 15, 1991, bana ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwanelwa ke go dira tshwetso e e nonofileng e e bontshang gore go ikobela molao wa Modimo o o amanang le madi go botlhokwa fela thata mo go bone jaaka go ntse mo batsading ba bone. A go ka direga gore ngwana wa gago le ene a tshwanelwe ke go dira tshwetso e e ntseng jalo?
2. Kgotlatshekelo nngwe e ile ya dira tshwetso efe ya semolao mo ngwaneng yo o neng a gana go tshelwa madi, mme batsadi ba Bakeresete le bana ba bone ba ithuta eng mo go seno?
2 Molao wa Reng? Kwa United States, Kgotlatshekelokgolo ya kwa Illinois e ne ya atlhola kgetsi ya ngwana mongwe yo o neng a dira tshwetso e e bontshang go gola sentle mo tlhaloganyong. Ngwana yono o ne a dirile tshwetso ya gore ga a batle go tshelwa madi. Fa Kgotlatshekelo eno e ne e sekaseka kgetsi ya kgaitsadi yono yo o nang le dingwaga di le 17, e ne ya laela jaana: “Fa e le gore go tla nna le bosupi jo bo utlwalang sentle le jo bo tlhatswang pelo jwa gore ngwana yono o godile sentle mo tlhaloganyong le gore o tlhaloganya sentle mathata a a ka nnang a nna teng ka ntlha ya kgato e a e tsayang [e bile] o dira tshwetso jaaka motho yo mogolo, he tsela e a tlholang a dira ditshwetso ka yone, ke yone e e tla thusang kgotlatshekelo gore e mo neye tshwanelo ya go dumela kgotsa go gana kalafi e a e newang.” Le mo Afrika Borwa, tshwetso e ngwana a e dirang e a amogelwa fa fela e bontsha gore o godile sentle mo tlhaloganyong. Ka jalo, fa dingaka le badiredibagolo bangwe ba batla go bona gore a ngwana o godile sentle mo tlhaloganyong mo a ka itirelang tshwetso ka boene, ba ka nna ba mmotsolotsa go utlwa fela gore o tlhalosa mabaka a go gana madi ka tsela efe. Mosha o tshwanetse go bo a tlhaloganya sentle gore bolwetse jwa gagwe bo masisi go le kana kang le mathata a a ka nnang a nna teng ka ntlha ya go batla kalafi e sele, e bile o tshwanetse go bo a kgona go tlhalosa tumelo ya gagwe ka tsela e e utlwalang sentle malebana le molao wa Modimo ka madi.
3. Ke dipotso dife tse batsadi ba tshwanetseng go di akanyetsa ka masisi, mme ka ntlha yang?
3 Ngwana wa Gago O ne A Tla Araba Jang? A bana ba gago ba kgona go itlhalosa sentle mo kgannyeng eno? A ba dumela ka dipelo tsa bone tsotlhe gore molao wa Modimo ke one o o reng ba ‘ithibe mo mading’? (Dit. 15:29; 21:25) A ba kgona go tlhalosa tumelo ya bone ba dirisa Dikwalo? Fa dingaka di ba bolelela gore botshelo jwa bone bo mo kotsing, a ba ka kgona go tshegetsa tshwetso e e nonofileng ya bone ka bopelokgale ya go gana go tshelwa madi le fa batsadi ba bone ba seyo? E re ka “[rotlhe re] diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele,” o ka thusa bana ba gago jang gore ba kgone go lebana le maemo a a sa lebelelwang mo isagweng a a ka nnang a leka bothokgami jwa bone?—Mor. 9:11; Baef. 6:4.
4, 5. (a) Batsadi ba na le boikarabelo bofe, mme ba ka bo diragatsa jang? (b) Go na le didirisiwa dife tse di ka thusang batsadi?
4 Batsadi, Lo ka Dira Eng? Lo na le boikarabelo jwa go ruta bana ba lona gore Modimo o leba madi jang. (2 Tim. 3:14, 15) Buka ya Go Fetolana e tlhalosa kgang eno sentle mo tsebeng ya 249-52. Ithute yone ka kelotlhoko le lelapa la gago. Go thusa bana ba gago gore ba nne le bokgoni jwa go tlhalosa se ba se dumelang le mabaka a go bo ba dumela seo, dirisa setlhogo se se reng “Fa Mongwe A re—” se se mo tsebeng ya 252-54. (1 Pet. 3:15) Dikgatiso tse dingwe tse di tla re thusang go ithuta ka kgang e e amanang le madi ke boroutšhara jwa setlhogo se se reng Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang? le Tora ya Tebelo ya June 15, 2004, ditsebe 14-24. Mo godimo ga moo, bidio ya setlhogo se se reng Transfusion-Alternative Health Care—Meeting Patient Needs and Rights le e e reng No Blood—Medicine Meets the Challenge, tse gone jaanong di tswang ka DVD ya setlhogo se se reng Transfusion Alternatives—Documentary Series, di na le tshedimosetso e e tlhatswang pelo e e buang ka ditsela tse di molemo tsa go alafiwa le go arwa kwantle ga go tshelwa madi. A o ile wa leba dibidio tseno le go tlotla ka tsone le ba lelapa la gago bosheng jaana?
5 Thusa bana ba gago gore ba “iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone” malebana le madi. Fa o ba thusa go dira jalo, ba tla kgona go dira tshwetso e e bontshang gore ba godile sentle mo tlhaloganyong, tshwetso e e tla segofadiwang ke Jehofa.—Bar. 12:2.