Bontsha Batho Gore O a Ba Kgatlhegela—Ka go Baakanyetsa
1 Go baakanyetsa bodiredi sentle go re thusa go bontsha batho gore re a ba kgatlhegela. Ka tsela efe? Fa re baakanyeditse sentle, ga re tshwenyege thata ka puisano ya rona mme seno se dira gore re reetse mong wa ntlo. Mo godimo ga moo, go re thusa gore re se ka ra tshoga mme re bue go tswa pelong. Le fa go le jalo, re ka baakanyetsa jang puisano e e nang le matswela?
2 Dirisa Puisano e e Tshwanelang: Tlhopha mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2005 nngwe ya dipuisano tse di akantshitsweng e e tshwanelang lefelo la lona, mme o leke go bona gore o ka e baya jang ka mafoko a gago. Dira gore e tshwanele tshimo ya lona. Ka sekai, fa e le gore gantsi o kopana le batho ba bodumedi bongwe kgotsa ba lotso longwe, akanyetsa gore ke eng se se ka ba kgatlhang. Go dira gore puisano ya gago e tshwanele batho ba o buang le bone go bontsha gore o ba kgatlhegela ka bopeloephepa.—1 Bakor. 9:22.
3 Fa o simolola go dirisa puisano, nna o ntse o e tokafatsa. E re ka mafoko a a simololang a le botlhokwa thata, ela tlhoko gore batho ba arabela jang fa o simolola motlotlo. A ba kgatlhiwa ke setlhogo se o buang ka sone? A dipotso tse o ba botsang tsone di dira gore ba tsiboge ka tsela nngwe? Fa go sa nna jalo, dira diphetogo go fitlhela o bona mokgwa o o nang le matswela.
4 Dilo Tse Di ka Go Thusang go Gakologelwa: Ba le bantsi ba fitlhela go le boima go gakologelwa se ba neng ba batla go se bua fa ba le mo kgorong ya mong wa ntlo. Fa o fitlhela go le jalo, a o lekile go ikatisa o neela motho yo mongwe bosupi o buela kwa godimo? Seno se ka go thusa gore o gakologelwe dintlha tsa gago sentle mme o di bue ka tsela e e sa raraanang, e e rulaganeng. Gape go ka dira gore o siamele go lebana le ditsela tse di sa tshwaneng tse beng ba matlo ba arabelang ka tsone.
5 Selo se sengwe se se ka go thusang go gakologelwa ke go kwala dintlhanyana tse dikhutshwane mo pampiring o bo o e lebelela pele ga o atamela kgoro. Bangwe ba fitlhela gore pampiri eno e ba ikgopotsang dintlha ka yone e ba thusa gore ba ritibale le gore ba kgone go tlotla le batho sentle. Ka ditsela tseno, go baakanyetsa sentle go ka re thusa go bontsha batho ba bangwe gore re a ba kgatlhegela e bile go ka tokafatsa tsela e re bolelelang batho ba bangwe dikgang tse di molemo ka yone.