Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka February 13
Pina 121
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go bontsha gore makasine wa Tora ya Tebelo ya February 15 le Tsogang! ya February di ka tsamaisiwa jang. Mo go nngwe ya dipontsho, bontsha mmoledi a neela bosupi mo lefelong la batho botlhe.
10 mets: A o Tsamaisana le Phuthego ya ga Jehofa? Puo e e theilweng mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, tsebe 7-10.
25 mets: “Bolelela ba Bangwe ka ‘Lesedi la Lefatshe.’”a E neelwe ke molebedi wa tirelo. Umaka maina a ba ba ikwadisitseng go nna babulatsela ba ba thusang. Itsise gore go dirilwe dithulaganyo dife tse di oketsegileng tsa tirelo ya tshimo. Akaretsa dintlha tse di kaga thulaganyo ya bobulatsela jo bo thusang mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 2005, tsebe 5.
Pina 224 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka February 20
Pina 89
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.
15 mets: “Bula Ditshono Tsa go Rera.”b Kopa mmoledi mongwe yo o lebaneng le maemo a a boima go akgela gore o kgonne jang go bula ditsela tsa go neela bosupi.
20 mets: “Thuso e e Motlhofo go Bonwa.”c E neelwe ke mogolwane. Akaretsa dikakgelo tse dikhutshwane tse di tswang mo setlhogong sa Lebokoso la Dipotso mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 1998 le November 2000.
Pina 1 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka February 27
Pina 20
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore moneelo wa lona o amogetswe. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa February. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go bontsha gore makasine wa Tora ya Tebelo ya March 1 le Tsogang! ya March di ka tsamaisiwa jang.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
20 mets: “Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Gone ka Botlhale Jwa Bomodimo.” Puo e e neelwang ke mogolwane, go ka nna molemo fa e le tlhogo ya lelapa, e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 1, 2005, tsebe 23-6. Bontsha kafa dintlha tseno di ka dirisiwang ka teng mo lefelong la lona, o leboga batsadi ka maiteko a magolo a ba a dirang a go dirisa dikaelo tse di mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng tse di kaga go thapisa bana ba bone.
Pina 148 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka March 6
Pina 51
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Ka gonne go le motlhofo go tsaya dipampitshana e bile di le dintle, di ka thusa thata mo go simololeng motlotlo fa re le mo bodireding jwa ntlo le ntlo, fa re rera mo mafelong a botlhe le fa re neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo. Bontsha kafa o ka simololang motlotlo ka gone o dirisa nngwe ya dipampitshana tse dintsi tse di leng gone kwa khaontareng ya dibuka. Umaka nngwe ya ditemana tse di nopotsweng mo pampitshaneng.
15 mets: “Bontsha Batho Gore O a Ba Kgatlhegela—Ka go Baakanyetsa.”d Dira gore go nne le pontsho e khutshwane e mo go yone baboledi ba babedi ba ipaakanyetsang go tsamaisa buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. Ba tlhopha puisano nngwe mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2005 mme ba tlotla kafa ba ka e bayang ka gone ka mafoko a bone le go dira gore e tshwanele tshimo ya lefelo la bone. Pontsho e konela fa ba tloga ba simolola go boeletsa puisano eno mmogo ba buela kwa godimo.
20 mets: “Dirisa Dibidio Tse di Rutang.”e Fa o ntse o tlotla ka bidio nngwe le nngwe e e umakilweng mo setlhogong seno, bontsha khabara ya yone mme o bale dintlha tse dikhutshwane tse di tlhalosang se se mo bidiong eo. Kopa bareetsi go bolela maitemogelo a ba nnileng le one fa ba dirisa dibidio tseno mo bodireding jwa bone.—Bona 1997 Yearbook, ts. 54, le 1995 Yearbook, ts. 50-1.
Pina 68 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
e Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.