Tsamayang Jaaka Batho ba ba Botlhale
1 Fa Jesu a ne a laletsa banna ba banè ba e neng e le batshwari ba ditlhapi go nna balatedi ba gagwe, ga ba a ka ba okaoka go dira tshwetso go na le moo, “ka yone nako eo . . . ba mo sala morago.” (Math. 4:18-22) Fa Saulo wa Tareso a ne a sokologa mme morago matlho a gagwe a boa a bona gape, le ene ga a ka a senya nako go na le moo “ka yone nako eo a simolola go rera Jesu.” (Dit. 9:20) Nako ga e emele ope; fa e fetile, e fetetse ruri. Ke gone ka moo go leng botlhokwa gore re ‘tsamaye jaaka batho ba ba botlhale’ malebana le tsela e re dirisang nako ya rona ka yone.—Baef. 5:15, 16.
2 Tiragalo E e Sa Bonelwang Pele: Ditshono tse re nang le tsone gompieno tsa go direla Jehofa re ka nna ra se ka ra tlhola re nna le tsone ka moso. (Jak. 4:14) Rotlhe re amiwa ke “tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Mor. 9:11) Mo godimo ga moo rotlhe re a tsofala, mme mo tsamaisong eno ya dilo re ka se kgone go tila “malatsi a masetlapelo” a a tsamaisanang le bogodi le a a re kgoreletsang mo go direleng Jehofa. (Mor. 12:1) Ka gone, ga go botlhale gore motho a okaoke go ineela mo Modimong kgotsa a batle go leta maemo a nna ka tsela e ene a batlang ka yone pele ga a ka oketsa bodiredi jwa gagwe. (Luke 9:59-62) Aborahame o ne a nna le kagiso mo botsofeng jwa gagwe, mme a swa a “godile e bile a kgotsofetse” ka gonne a dirisitse botshelo jwa gagwe ka botlhale, a ineetse ka botlalo mo go Jehofa.—Gen. 25:8.
3 Nako e Khutshwafetse: Gape re batla go dirisa nako ya rona ka botlhale ka gonne “nako e e setseng e khutshwafetse.” (1 Bak. 7:29-31) Go ise go ye kae tsamaiso eno e e kgologolo ya dilo e tla khutla. Ditshono tsa go nna le seabe mo tirong e kgolo ya go phutha batho ba sekadinku mo nakong eno ya “thobo ya lefatshe” di tla fela. (Tshen. 14:15) Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra letla ditlhobaelo le dikgoreletsi tsa botshelo go re amoga nako e re neng re tshwanetse go e dirisetsa bodiredi. (Luke 21:34, 35) A bo go tla bo go itumedisa jang ne go leba kwa morago re itse gore re ile ra nna le seabe ka botlalo mo thobong!
4 Re tshwanetse ka metlha yotlhe go nna re ntshitse matlho dinameng e le gore re se ka ra fetwa ke ditshiamelo tse di itumedisang tsa tirelo tse re ka nnang le tsone. A re ititeyeng sehuba go dira gotlhe mo re ka go kgonang go direla Jehofa “fa fela go sa ntse go ka bidiwa ‘Gompieno.’” (Baheb. 3:13) Ka go dira jalo re tla itshupa re le botlhale tota, ka gonne “yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Joh. 2:17.